Tlhoafalo e e Tlhotlheletsang Batho ba le Bantsi
Moaposetoloi Paulo o ne a akgola Bakorintha ka gonne go tlhoafalela ga bone tiro e e molemo go ile ga ‘tlhotlheletsa bontsi’ jwa Bakeresetekabone. (2 Bakor. 9:2) Gantsi, motho ka namana, lelapa, setlhopha sa thuto ya buka, kana phuthego yotlhe e ka amiwa ka tsela e e tshwanang ke tlhoafalo e ba nang le yone mo tirong ya efangele. Fano go latela ditsela tse o ka nnang wa kgona go bontsha tlhoafalo ka tsone mo bodireding.
◼ Beela boMatlhatso ba gago kwa thoko go nna Malatsi a go tsamaisa Dimakasine.
◼ Nna le seabe mo tirelong ya tshimo ka boSontaga.
◼ Nna le seabe mo go neeleng bosupi maitseboa.
◼ Nna le seabe mo malatsing ape a a kgethegileng a go neela bosupi a a rulagantsweng.
◼ Dirisa malatsi a boikhutso a o sa yeng tirong kana sekolong ka one mo tirelong.
◼ Tshegetsa bodiredi fa molebedi wa potologo a lo etetse.
◼ Nna mmulatsela yo o thusang ka kgwedi e le nngwe kana di le mmalwa mo ngwageng.
◼ Fa go kgonega fetola maemo a gago gore o nne mmulatsela wa ka metlha.
Bona 2000 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 17-19.