“Lefoko le le Builweng ka Nako e e Tshwanetseng”
1 A o bona e le kgwetlho go bolelela ba bangwe molaetsa wa botshelo? A o utlwa e kete o tshwanetse go bua sengwe se segolo thata gore o kgatlhe bareetsi ba gago? Jesu o ne a bolela barutwa ba gagwe jaana fa a ne a ba roma: “Fa lo ntse lo tsamaya, lo rere, lo re, ‘Bogosi jwa magodimo bo atametse.’” (Math. 10:7) Molaetsa ono o ne o sa raraana e bile go le motlhofo go ka o bolelela ba bangwe. Go ntse fela jalo le gompieno.
2 Gantsi go tlhokega mafoko a sekae fela go simolola motlotlo. Fa Filipo a ne a kopana le moopahadiwa wa Moithiopia, o ne a mmotsa jaana: “A tota o itse se o se balang?” (Dit. 8:30) A bo go ne ga felela ka motlotlo o o nang le matswela jang ne wa “lefoko le le builweng ka nako e e tshwanetseng”!—Dia. 25:11, NW.
3 O ka dirisa mokgwa o o tshwanang mo bodireding jwa gago. Jang? Ka go nna kelotlhoko le go tlhopha mafoko a a tshwanelang maemo. Botsa potso, mme o reetse karabo.
4 Dipotso Dingwe Tse di ka Bodiwang: O ka nna wa leka dingwe tsa dipotso tseno gore o simolole motlotlo:
◼ “A o dirisa Thapelo ya Morena (kana, Rraarona) mo kobamelong ya gago?” (Math. 6:9, 10) Boeletsa karolo nngwe ya yone, mme go tswa foo o bo re: “Batho ba bangwe ba a tle ba botse gore, ‘Leina la Modimo ke mang le Jesu a neng a re le tshwanetse go itshepisiwa (kana, go tlotlwa)?’ Ba bangwe ba botsa gore, ‘Bogosi jo Jesu a neng a re bo tshwanetse go rapelelwa ke bofe?’ A o bone dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tseno?”
◼ “A o kile wa ipotsa jaana: ‘Bokao jwa botshelo ke eng?’” Mmontshe gore bo amana le kitso ya Modimo.—Mor. 12:13; Joh. 17:3.
◼ “A o akanya gore loso lo tla nyelediwa?” Dirisa Isaia 25:8 le Tshenolo 21:4 go mo naya karabo e motho a ka e ikanyang.
◼ “A go na le tharabololo e e sa raraanang ya dikhuduego tse di mo lefatsheng?” Mmontshe gore Modimo o ruta gore o ‘rate moagelani wa gago.’—Math. 22:39.
◼ “A ka letsatsi lengwe masetlapelo a lobopo a tla nyeletsa lefatshe la rona?” Mmolelele ka tsholofetso ya Baebele ya gore lefatshe le ntse ka bosakhutleng.—Pes. 104:5.
5 Bolela dikgang tse di molemo ka mokgwa o o sa raraanang, o o tlhamaletseng le ka tsela e e pelontle. Jehofa o tla segofatsa maiteko a gago a go bolelela ba bangwe “lefoko” la boammaaruri.