A o Dirisa se o Ithutileng Sone Kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Barutisi ba Lefoko la Modimo?”
1 Mongwe le mongwe yo a neng a le teng kwa kopanong ya kgaolo ya 2001/2002 o ne a ka kgona go bona gore batho ba ga Jehofa ba ikaeletse go diragatsa thomo ya bone ya go nna barutisi ba Lefoko la Modimo. (Math. 28:19, 20) Jaaka fa o ne o boela gae, ke dintlha dife tse o di ithutileng tse o neng wa ikemisetsa go di dirisa mo botshelong jwa gago le mo bodireding jwa tshimo?
2 Dikwalo Tse di Tlhotlheleditsweng di Tswela Mosola mo go Ruteng: Setlhogo sa letsatsi la ntlha se ne se gatelela 2 Timotheo 3:16. Puo ya setlhogo e ne ya bontsha gore fa re batla go ‘Tlhomelelwa ka Botlalo go Nna Barutisi ba Lefoko la Modimo,’ re tshwanetse go tseela Lefoko la Modimo kwa godimo, re le tlotle go feta kgopolo kana ngwao le fa e le efe fela ya batho, mme re le dirise ka metlha. Gape re tshwanetse go rapelela moya o o boitshepo letsatsi le letsatsi gore o re thuse mo bodireding jwa rona mme re lwele go tlhagolela loungo lwa one lwa ntlha—e leng lorato. Mme re tshwanetse go dumelela phuthego ya ga Jehofa ya mo lefatsheng gore e re thapisetse go nna badiredi ka dipokano tsotlhe tsa phuthego.
3 Simphosiamo sa Labotlhano se se reng, “Go Ithuta fa re Ntse re Ruta ba Bangwe,” se ne sa tlhalosa gore re tshwanetse go tlhoma sekao mo go (1) ngapareleng melao ya Modimo mo dikarolong tsotlhe tsa boitsholo jwa Bokeresete, (2) go tlhagolela mekgwa e mentle ya go ithuta, le (3) go ganela mekgwa le dilo tse di tlhotlheletsang pelo le mogopolo tse Diabolo a ka di dirisang. Go tswa foo, re ne ra ithuta ditsela tse di mosola tsa go sireletsa malapa a rona mo sebetsong sa ditshwantsho tse di hepisang. Batsadi ba ne ba kgothalediwa go tlhoma sekao se se molemo ka go se lebe le e leng go le gonnye fela ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo le gore ba tlhokomele tsela e bana ba bone ba dirisang Internet ka yone le dilo tse ba di lebang mo thelebisheneng. O setse o simolotse go dirisa dintlha dife tsa thulaganyo ya Labotlhano?
4 Puo ya bofelo ya letsatsi leno e ne ya nonotsha boikaelelo jwa rona jwa go anaanela lesedi la ga Jehofa, go nna gaufi thata le setlhopha sa Modimo sa batlodiwa ba ba ikanyegang, le go nna le seabe mo go direng gore go nne le kagiso mo gare ga batho ba ga Jehofa. A o setse o simolotse go bala kgatiso e ntšha e e golotsweng ya Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II?
5 Re Tshwanelega Sentle go Ruta ba Bangwe: Temana ya setlhogo ya letsatsi la bobedi e ne e le 2 Timotheo 2:2. Jaaka o ne o ntse o reeditse simphosiamo sa Matlhatso mo mosong, a o ne wa ela tlhoko dikakantsho tsa kafa (1) re ka batlang batho ba ba tshwanelegang ka teng, (2) re ka tsosang kgatlhego ya bone ka teng, le (3) kafa re ka ba rutang go boloka dilo tsotlhe tse Keresete a di laetseng ka teng? A o dirisa se o se ithutileng—go bontsha mong wa ntlo bobotlana ntlha e le nngwe go tswa mo Dikwalong le go rulaganyetsa loeto lwa go boela?
6 Thulaganyo ya thapama e ne ya gatelela botlhokwa jwa go etsa Morutisi yo Mogolo, e bong Jesu. Ke ditsela dife tse o bontshang ka tsone gore o leka go tshwana le ene? Go tswa mo go se o se ithutileng mo simphosiamong sa bobedi sa letsatsi leo, o akanya gore o ka dira jang gore o kgone go “Solegelwa Molemo ka Botlalo ke Thuto ya Modimo”? Ke dikakantsho dife tse o di dirisitseng go oketsa selekanyo se o tlhomang mogopolo ka sone ka nako ya fa o ithuta ka namana le fa o le kwa dipokanong tsa phuthego?
7 Ga go na pelaelo gore buka e re e lebeletseng ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo e tlile go re thusa go godisa bokgoni jwa rona jwa go nna dibui le barutisi ba Lefoko la Modimo. Go tlile go tlhomiwa mogopolo thata mo dinonofong tsa go bua tse di neng di bontshiwa ke batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo mo metlheng ya Baebele. Thuto nngwe le nngwe mo bukeng eno e ntšha ya go ithuta e na le mabokoso a a bontshang ka bokhutshwane dilo tse re tshwanetseng go di dira, lebaka la go bo di le botlhokwa le gore re tshwanetse go di dira jang. Go na le ditsela tse di molemo tse o ka ikatisang ka tsone. Bokgaitsadi ba tla nna le diseting di le 29 tse ba ka tlhophang mo go tsone fa ba neela dipuo tsa bone. Fa nako e ntse e tsamaya, go tla dirwa diphetogo tse go neng ga buiwa ka tsone mo tseleng e sekolo se tlileng go tsamaisiwa ka yone. A o na le thulaganyo e e molemo ya ka metlha ya go ithuta le go baakanyetsa gore o solegelwe molemo ka botlalo ke Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo beke nngwe le nngwe?
8 Nnang Barutisi ka Ntlha ya Nako: Bahebera 5:12 e ne ya baakanya megopolo ya bareetsi gore ba bone se ba tlileng go ithuta sone mo thulaganyong ya Sontaga. Simphosiamo sa mo mosong se se reng, “Boporofeti Jwa ga Malaki bo re Baakanyetsa Letsatsi la ga Jehofa,” se ne sa re tlhotlheletsa go direla Modimo ka bojotlhe jwa rona le go tlhoa mefuta yotlhe ya boferefere gore re tle re falole letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa. Terama ya setlhogo se se reng, “Tlotla Bolaodi Jwa ga Jehofa,” e ne ya bontsha ka tsela e e nonofileng kafa boikgogomoso, boikgodiso, lefufa le boikanyegi jo bo sa tshwanelang jwa ga Kora wa bogologolo le ditsala tsa gagwe bo neng jwa dira ka teng gore ba dire dilo tse di neng di bontsha go tsuologela Jehofa ka boene gotlhelele. Puo e e latelang morago ga moo, e ne ya bontsha kafa go leng botlhokwa ka teng gore gompieno re ikobele bolaodi jwa Modimo mo lelapeng le mo phuthegong. Puo ya phatlalatsa e e reng, “Ke Bomang ba ba Rutang Ditšhaba Tsotlhe Boammaaruri?,” e ne ya ntsha bosupi jo bo bontshang gore Basupi ba ga Jehofa ke bone ba ba dirang jalo, go farologana le Labokeresete e e ipolelang fela gore e ruta boammaaruri jwa Baebele.
9 Go bonala sentle gore Jehofa o re ruta go nna barutisi ba ba botoka ba Lefoko la gagwe. A re diriseng se re ithutileng sone, ‘re itlhokometse e bile re tlhokometse le go ruta ga rona, gore re tle re ipoloke re bo re boloke le ba ba re reetsang.’—1 Tim. 4:16.