LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/01 ts. 8
  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
km 12/01 ts. 8

Se re Ka se Buang ka Dimakasine

Tora ya Tebelo Dec. 15

“Mo nakong eno ya ngwaga, batho ba le bantsi ba akanya ka Jesu Keresete, le fa ba ka tswa ba dumela mo go ene kana nnyaa. Bangwe ba bolela gore e ne e se motho wa mmatota. Wena o bona jang? [Fa a sena go araba, bala Mathaio 16:15, 16.] Ke tlhomamisegile gore o tla itumelela go bala setlhogo seno se se buang ka ‘Jesu wa Mmatota’ go bona kafa a go amang ka teng gompieno le kafa a tlileng go go ama ka teng mo isagweng.”

Tora ya Tebelo Jan. 1

“A o kile wa ipotsa gore ke eng fa batho bangwe ba lebega ba tshela monate mme ba bangwe bone ba tshela bokete? A o ne o itse gore Baebele e bua sengwe ka kgang eno? [Bala Jobe 34:19.] Makasine ono o tlhalosa kafa Modimo a ikaeletseng go fedisa ka teng bothata jwa go tlhaola batho ka maemo.”

Tsogang! Jan. 8

“A ga o dumele gore re tlhoka motswedi o o sireletsegileng, o o ikanyegang wa dijo gore botshelo e nne jo bo sireletsegileng? [Mo letle gore a arabe.] Bona gore Modimo o ne a solofetsa batho ba gagwe eng mo metlheng ya bogologolo ya Baebele. [Bala Lefitiko 26:4, 5.] Tsogang! e tlotla ka mathata a a leng teng gompieno a a amanang le dijo tsa rona. Gape e bua le ka nako e ka yone Modimo a tla sireletsang batho mo lefatsheng lotlhe.”

“Rotlhe re a itse ka masetlapelo ano a a tshikhintseng lefatshe. Fa e sa le ka nako eo, batho ba ile ba tlhoka go gomodiwa le go thusiwa ka tsela e kgolo thata fela. Gareng ga dilo tse dingwe, setlhogo seno se tlhalosa se Basupi ba ga Jehofa ba ntseng ba se dira go thusa bafalodi, badiri ba maemo a tshoganyetso le batho ba ba swetsweng ke baratiwa ba bone.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela