LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/04 ts. 8
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
km 12/04 ts. 8

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo Dec. 15

“Mo nakong eno ya ngwaga, batho go dikologa lefatshe ba gopola go tsalwa ga ga Jesu ka ditsela tse di farologaneng. A o ne o itse gore Baebele e amanya botsalo jwa ga Jesu le kagiso ya go ya go ile? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo o bo o bala Isaia 9:6, 7.] Makasine ono o tlhalosa gore kagiso eo e tla fitlhelelwa jang.”

Tora ya Tebelo Jan. 1

“Dikereke di le dintsi di ruta gore batho ba tshwanetse go rata baagelani ba bone. [Bala Mathaio 22:39.] Ka jalo, o akanya gore ke ka ntlha yang fa bodumedi bo amega mo dintweng di le dintsi jaana mo lefatsheng? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono wa Tora ya Tebelo o sekaseka potso e e reng, A bodumedi bo ka kgona go kopanya batho?”

Tsogang! Jan. 8

“A o lemogile gore gone jaanong go bonala batho ba gatelela thata tsela e batho ba lebegang ka yone? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlotla ka dikotsi dingwe tsa go tshwenyega thata ka go nna montle. E gatelela gape mosola wa bontle jo e leng jone jo bo leng botlhokwa.” Bala 1 Petere 3:3, 4.

“O ne o ka araba jang potso eno? [Bala potso e e mo tsebeng e e kafa ntle. Morago ga moo o bo o mo letla gore a arabe.] Dikungwa tsa lefatshe di ntse di fokotsega ka lobelo lo lo boitshegang. Le fa go ntse jalo, utlwa tsholofetso eno e e kgothatsang. [Bala Pesalema 104:5.] Makasine ono wa Tsogang! o tlhalosa kafa go ise go ye kae polanete ya rona e tla boang e intšhafatsa ka gone.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela