Se re Ka se Buang ka Dimakasine
Tsogang! Dec. 8
“Batho gotlhe ba ipaakanyetsa go keteka Keresemose. A o itse gore Keresemose e simologile jang? [Mo letle gore a arabe.] A o tla gakgamadiwa ke go utlwa gore Jesu ga a tsholwa ka December 25? Ke rata go go balela Jakobe 1:27. [E bale.] A o lemogile gore kobamelo ya rona e tshwanetse go nna phepa e bile e sa leswafala? Setlhogo seno se se reng ‘Se o Tshwanetseng go se Itse ka Keresemose’ se tlotla ka dintlha tse di kgatlhang tsa kafa Keresemose e simologileng ka teng, e bile se re bolelela gore Baebele ya reng ka mekete e e ntseng jalo.”
Tora ya Tebelo Dec. 15
“Mo nakong eno ya ngwaga, batho ba le bantsi ba akanya ka botsalo jwa ga Jesu. A o ne o itse gore go na le dithuto tse di molemo tse re ka di ithutang mo pegong ya Baebele ya botsalo jwa gagwe? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bula mo go tsebe 5, o bo o bala 2 Timotheo 3:16.] Makasine ono wa Tora ya Tebelo o tlhalosa dingwe tsa dithuto tseno.”
Tora ya Tebelo Jan. 1
“Fa batho ba tlhokafalelwa ke mongwe yo ba mo ratang kgotsa ba lwala, gantsi ba ipotsa gore, ‘Ke ka ntlha yang fa Modimo a letla gore seno se diragale?’ Gongwe o kile wa ipotsa potso eo. Baebele e bontsha gore Modimo o utlwela batho ba ba bogang botlhoko. [Bala Isaia 63:9a.] Makasine ono o tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore Modimo o tla fedisa pogo.”
Tsogang! Jan. 8
“A o akanya gore puso e tshwanetse go laola kgololesego ya batho ya go bua? [Mo letle gore a arabe.] Go tweng fa go bua mo go ntseng jalo go amana le go bua le batho ba bangwe ka bodumedi, jaaka re bala fano? [Bala Ditiro 28:30, 31.] Bosheng jaana, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya United States e ne ya bodiwa potso eo. Ke kopa gore o bale ka kgang eno mo makasineng ono wa Tsogang!”