Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Dec. 15
“Mo setlheng sa malatsi a boikhutso, batho ba le bantsi ba leka go nna pelonomi le go nna kutlwelobotlhoko. A o akanya gore lefatshe le ne le ka nna botoka fa batho ba ne ba ka nna kutlwelobotlhoko ngwaga otlhe? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala 1 Petere 3:8.] Makasine ono o tlhalosa botlhokwa jwa go nna kutlwelobotlhoko e bile o tlhalosa ditsela dingwe tse di molemo tse re ka e bontshang ka tsone.”
Tsogang! Dec.
“A o akanya gore baratiwa ba rona ba ba tlhokafetseng ba tla boa ba tshela gape? [Mo letle gore a arabe.] Baebele ya re go na le tsela ya go tswa mo losong. [Bala Pesalema 68:20.] Makasine ono o tlhalosa lebaka la go bo re sa tshwanela go boifa gore loso lo ka fedisa botshelo jwa rona go ya go ile.”
Tora ya Tebelo Jan. 1
“Batho ba le bantsi ba rapelela gore Bogosi jwa Modimo bo tle. Ka sekai, ela tlhoko thapelo eno e e tumileng e Jesu a neng a e ruta balatedi ba gagwe. [Bala Mathaio 6:9, 10.] O akanya gore Bogosi jono ke eng, mme gone bo tla tla leng? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa se Baebele e se buang ka kgang eno.”
Tsogang! Jan.
“Mo hisitoring yotlhe basadi ba ile ba kgethololwa le go sotlwa. O akanya gore ke ka ntlha yang fa ba ile ba tshwarwa ka tsela eo? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko kafa Baebele e laelang banna go tshwara basadi ba bone ka teng. [Bala 1 Petere 3:7.] Makasine ono o bontsha go tswa mo Baebeleng kafa Modimo le Keresete ba lebang basadi ka teng.”