Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Dec. 15
“Mo nakong eno ya ngwaga, batho ba le bantsi ba akanya ka se baengele ba neng ba se bolela fa Jesu a ne a tsalwa. [Bala Luke 2:14.] A o akanya gore go tla nna le kagiso mo lefatsheng? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa kafa Jesu a tla tlogang a lere ka gone kagiso ya boammaaruri mo lefatsheng.”
Tsogang! Dec.
“Go na le dikgopolo tsa bodumedi tse di sa dumalaneng malebana le go dirisa bojalwa. O akanya gore Modimo o ikutlwa jang ka go bo dirisa? [Mo letle gore a arabe.] Le fa kgakgamatso ya ntlha ya ga Jesu e ne e le ya go fetola metsi go nna beine, gape Baebele e ntsha tlhagiso eno. [Bala Diane 20:1.] Makasine ono o tlhalosa tsela e Baebele e lebang dilo ka tekatekano ka yone ka kgang eno.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 18.
Tora ya Tebelo Jan. 1
“A o akanya gore katlego ya motho e ka lekanngwa ka dikhumo tse a nang le tsone? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo bala 1 Timotheo 6:9, 10.] Le fa Baebele e sa kgale go nna le madi, e bontsha gore katlego ga e a ikaega ka dikhumo. Makasine ono o tlhalosa seo.”
Tsogang! Jan.
“A o akanya gore re tla tsamaya re bona seno se diragala? [Bala Isaia 33:24. Morago ga moo mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa se saense ya tsa kalafi e se fitlhelelang le kafa se Baebele e se solofetsang se tla diragadiwang ka gone.”