LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/02 ts. 3
  • ‘Dira se se Molemo mo go Botlhe’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Dira se se Molemo mo go Botlhe’
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tlhoafalela se se Molemo!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • “Rera Lefoko la Modimo ka Botlalo”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • April—Nako ya go ‘Dira ka Natla le go Iteka Thata’
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • “Huma Ditiro Tse di Molemo”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 4/02 ts. 3

‘Dira se se Molemo mo go Botlhe’

1 “Rera Lefoko la Modimo ka Botlalo” le “Huma Ditiro Tse di Molemo” e ne e le ditlhogo tse di dirisitsweng mo ditsenyeletsong tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi tsa February le March 2002. (Bakol. 1:25; 1 Tim. 6:18) Mo ditokololong tseno re ne ra kgothalediwa go dira ka natla go thusa batho ba ba kgatlhegang go tla Segopotsong, go thusa ba ba tsidifetseng gore ba nne le seabe gape mo ditirong tsa phuthego le go thusa bana ba rona le batho ba ba tshwanelegang ba re ithutang Baebele le bone gore ba simolole go bolela dikgang tse di molemo. Ga go pelaelo gore re ne ra atlega fa re ne re iteka ka natla. Jaanong “fa fela re sa ntse re na le nako e e go dumelelang, a re [tsweleleng pele go dira] se se molemo mo go botlhe.”—Bagal. 6:10.

2 Ba Laletse Gore ba Tle Gape: Mo dinageng tse di okametsweng ke lekala la Afrika Borwa, batho ba ba fetang dikete di le lekgolo ba e seng baboledi ba dikgang tse di molemo ba nna gone kwa Segopotsong ngwaga le ngwaga. E re ka go nna gone ga bone mo Segopotsong go bontsha gore ba na le kgatlhegonyana e e rileng, re tshwanetse go dira eng go tlhotlheletsa ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng” gore e nne “badumedi”? (Dit. 13:48) Ba kgothaletse go nna gone gape kwa dipokanong tsa phuthego ka bonako jo bo ka kgonegang.

3 Ke eng fa o sa laletse motho yo o kgatlhegang gore a nne gone kwa Thutong ya Buka ya Phuthego gore a tle go ipelela motlotlo o o kgatlhang wa boporofeti jwa ga Isaia? Fa o tsalana kana o tlwaelane le motho yono mme o tlile go neela puo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, o ka nna wa mo laletsa gore a tle go go reetsa fa o neela puo ya gago. Nna o mmolelele ditlhogo tsa dipuo tsa phatlalatsa tse di tlileng go neelwa mo dibekeng tse di tlang. (Go tshwanetse ga bo go beilwe thulaganyo e e mo nakong mo lomating lwa dikitsiso.) Dirisa sebaka sengwe le sengwe go tsosa keletso ya go obamela Jehofa mo mothong yono. Mme fa a ise a simolole go ithuta Baebele le mongwe mo phuthegong, o ka mmolelela ka bopelonomi gore o rata go ithuta le ene.

4 Nna o Kgothatse ba ba Tsidifetseng: Ba le mmalwa ba batho ba ba nnang gone kwa Segopotsong ba setse ba ineetse mo go Jehofa. Le fa go ntse jalo, ka nako nngwe ba ne ba kgaotsa go rera dikgang tse di molemo ka tlhagafalo. Mme le fa go ntse jalo, Paulo o ne a re kgothaletsa go ‘dira se se molemo . . . segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.’ (Bagal. 6:10) Ka gone, batho ba ba tsidifetseng e tshwanetse go nna bone ba ntlha ba re tshwanetseng go amega ka bone.

5 Gongwe bangwe ba setse ba amogetse kgothatso ya bagolwane le ya ba bangwe mo phuthegong ya gore ba nne le seabe gape mo bodireding. Fa e le gore bagolwane ba go abetse go dira le mmoledi mongwe yo o tsosolositsweng, itse gore tsela e o ratang Jehofa le bodiredi jwa tshimo ka yone e tla dira gore motho yono a kgone go itshepa. Mmontshe gore o dira jang mo dikarolong tse di farologaneng tsa bodiredi gore a di ipelele, a tshwarelele mo tirong ya go rera mme a bone masego a ga Jehofa.

6 Dira Gore Baboledi ba Basha ba Simolole Sentle: Fa mosadi mongwe yo o neng a sa tswa go kgatlhega a lemoga gore o bone phuthego ya boammaaruri ya Modimo, o ne a batla go simolola mo tirelong ya tshimo ka yone nako eo. E ne ya re fa a sena go utlwa gore go tlhokega eng mo go ene, o ne a re: “A re simololeng gone jaanong.” Fa mongwe yo o ntseng o ithuta Baebele le ene a setse a letleletswe go simolola go nna le seabe mo tirelong ya tshimo, mo thuse go bona botlhokwa jwa go “simolola ka yone nako eo,” mme seno se tla dira gore mmoledi yono yo mosha a simolole tirelo ya gagwe sentle. Mo thuse gore a nne le thulaganyo ya ka metlha ya go baakanyetsa bodiredi jwa tshimo le go nna le seabe mo go jone ka metlha beke nngwe le nngwe.

7 Fa e le gore ke ngwana wa gago yo o sa tswang go nna mmoledi yo o sa kolobediwang, dira le ene gore a kgone go gatela pele go ya ka dingwaga le bokgoni jwa gagwe. Ka thusonyana e o mo nayang yone, a ka go gakgamatsa fa o bona tsela e a kgonang go tlotla le motho yo mongwe ka yone, go bala Baebele le go tsamaisa buka. Fa a kopane le motho yo o kgatlhegang mo tirelong ya tshimo, mo thapise gore a dire loeto lwa go boela le go tlhokomela motho yono yo o kgatlhegang.

8 Oketsa Bodiredi Jwa Gago: A maemo a gago a go letla go oketsa seabe sa gago mo tirong ya go rera efangele le e leng mo dikgweding tse di latelang morago ga paka ya Segopotso? A o ka kgona go oketsa nako e o tlholang o e dirisa mo tirelong ka ura kana di le pedi beke nngwe le nngwe? A o nna o lebeletse pele go bona mo khalendareng gore o ka kgona go tsaya bobulatsela jo bo thusang leng gape? Kana a o ka kgona go rulaganya tsela e o dirang dilo ka yone gore o kgone go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng? Boiteko jotlhe jo re bo dirang mo bodireding bo ka nna jwa thusa motho yo mongwe go amogela boammaaruri! (Dit. 8:26-39) Fa re ntse re lebile pele kwa malatsing a a tlang, a “ka metlha [re lweleng] go direlana se se molemo le go direla ba bangwe botlhe se se molemo le bone.”—1 Bathes. 5:15.

[Box on page 3]

Tswelela Pele o Thuse:

□✔ Batho ba ba tlang Segopotsong

□✔ Baboledi ba ba tsosolositsweng

□✔ Baboledi ba basha ba ba sa kolobediwang

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela