LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/02 ts. 3-4
  • “Huma Ditiro Tse di Molemo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Huma Ditiro Tse di Molemo”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Rera Lefoko la Modimo ka Botlalo”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Tlhoafalela se se Molemo!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • ‘Naya Bosupi ka Botlalo Jwa Dikgang Tse di Molemo’
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • ‘Dira se se Molemo mo go Botlhe’
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 3/02 ts. 3-4

“Huma Ditiro Tse di Molemo”

1 Moaposetoloi Paulo o ne a dira thata le Timotheo le Tito mo dingwageng tsa bofelo tsa bodiredi jwa gagwe jo a neng a bo dira ka tlhagafalo. O ne a kwalela mongwe le mongwe wa bone mafoko a a tshwanang a a kgothatsang. O ne a bolelela Tito gore “ba ba dumetseng Modimo” ba tshwanetse gore ba “boloke megopolo ya bone e tshwareletse mo ditirong tse di molemo.” (Tito 3:8) O ne a bolelela Timotheo gore ba ba solofelang mo Modimong ba tshwanetse go “huma ditiro tse di molemo.” (1 Tim. 6:17, 18) Eno ke kgakololo e e molemo thata mo go rona rotlhe! Le fa go ntse jalo, ke eng se se tla re tlhotlheletsang go dira ditiro tse di molemo mo matshelong a rona? Mme ke ditiro dife tse re ka di dirang mo malatsing a a larileng kwa pele?

2 Selo sengwe se se dirang gore re hume ditiro tse di molemo ke go dumela mo go Jehofa le go mo rata le gore re bo re na le tsholofelo e e molemo thata e a re neileng yone. (1 Tim. 6:19; Tito 2:11) Segolobogolo mo nakong eno ya ngwaga, re gakololwa gore Jehofa o rometse Morwawe e bong Jesu mo lefatsheng gore a tlhatswe Rraagwe leina le go bulela batho botlhe ba ba tshwanelegang tsela e e isang botshelong. (Math. 20:28; Joh. 3:16) Seno se tla dirwa gore se bonale sentle kwa moketeng wa Segopotso sa loso lwa ga Keresete ka March 28. Ka ntlha ya tsholofelo e re nang le yone ya go bona botshelo jo bo sa khutleng, a ga re tlhotlheletsege go dira sotlhe se re ka se kgonang go “huma ditiro tse di molemo”? Ruri go ntse jalo! Re ka dira ditiro dife gone jaanong?

3 Ditiro Tse di Molemo Tse Re ka Di Dirang ka March le mo Dikgweding Tse di Tlang: Ga go pelaelo gore re tlile go nna gone kwa Segopotsong—e leng tiragalo e e botlhokwa thata mo ngwageng ya Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. (Luke 22:19) Mme re batla go ipelela tiragalo eno le batho ba bangwe ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone. Leba pego ya tirelo mo go 2002 Yearbook, mme o tla bona gore ngogola mo dinageng di le dintsi go dikologa lefatshe, palo ya batho ba ba neng ba le gone kwa Segopotsong e ne e feta palo ya baboledi gararo, ganè, ga tlhano kana go feta. Ga go pelaelo gore botlhe mo diphuthegong ba ne ba tshwanelwa ke go dira boiteko jo bogolo go aba ditaletso tsa Segopotso thata mo tshimong yotlhe ya bone. Ka jalo, re batla go dirisa nako e ntsi ka mo re ka kgonang ka teng go tloga jaanong go fitlha ka March 28 go laletsa batho go tla kwa Segopotsong, re ba thuse go itse ka tsholofelo ya poloko.

4 Maemo a bosa a sa ntse a le mantle thata ka April. Re ka dirisa seemo seno ka tsela efe e e molemo mo go ‘humeng ditiro tse di molemo’? Ka go tswelela pele re nna le seabe se segolo mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo, re ‘tlhoafaletse ditiro tse di molemo.’ (Tito 2:14; Math. 24:14) Fa e le gore ga wa kgona go nna mmulatsela yo o thusang ka March, a o ka nna ene ka April le/kana ka May? Fa e le gore o ntse o bula tsela ka March, a o ka kgona go tswelela pele o ntse o bula tsela?

5 Bangwe ba ba dirang tiro ya boitshediso ba lemoga gore ba ka kgona go dirisa ura e le nngwe kana go feta mo tirelong fa ba le mo tseleng go ya kwa mmerekong, ba neela bosupi mo mmileng kana ba etela batho ba ba dirang mo dikgwebong tse di bulwang phakela. Ba bangwe ba rulaganya go dirisa karolo ya nako ya bone ya dijo tsa motshegare go neela bosupi. Bangwe ba lemogile gore ba ka kgona go tshwara thuto ya Baebele ka nako eo le modiri mmogo le bone. Bokgaitsadi ba le bantsi ba e leng bommalapa ba ile ba kgona go ipeela nako kwa thoko gore ba e dirise mo bodireding jwa tshimo fa bana ba bone ba le kwa sekolong. Ka go tsoga go sa le gale ka malatsi mangwe go dira ditiro tsa bone tsa ka metlha tsa legae, ba nna le nako e e oketsegileng mo letsatsing ya go nna le seabe mo tirong ya go rera le go ruta.—Baef. 5:15, 16.

6 Le fa o sa kgone go nna mmulatsela yo o thusang, gongwe o ka kgona go itirela thulaganyo ya go nna le seabe se segolwane mo bodireding, o dira sotlhe se o ka se kgonang gore o “lwele go dira molemo, go huma ditiro tse di molemo, go aba ka bopelontle, go iketleeletsa go abelana” le ba bangwe boammaaruri.—1 Tim. 6:18.

7 Gakologelwa Tiro e e Molemo ya go Dira Barutwa: Ngwaga le ngwaga go na le batho ba ba kgatlhegang ba ba tlang Segopotsong. A go na le bangwe mo phuthegong ba ba ka kgonang go tlhokomela batho ba ba nnang gone mme ba sa ithute le ope gone jaanong? A ba ka kgona go etelwa ka boikaelelo jwa go ba thusa go gatela pele semoyeng? Go ka direga gore bangwe ba batho bano ba ba tlileng Segopotsong ba tsalana le Basupi. Ba bangwe e ka tswa e le batho ba ba kileng ba ithuta mo nakong e e fetileng mme ba tlhoka go kgothadiwa fela gore ba simolole go ithuta gape le go nna gone mo dipokanong ka metlha. A bo re tla ipela thata jang ne fa re ba bona ba fetoga go nna batlhanka mmogo le rona ba ba tlhagafetseng ba ga Jehofa!

8 Fa re oketsa seabe sa rona mo bodireding mo kgweding ya March le mo go tse dingwe tse di tlang, go ka direga thata gore re bone batho ba ba oketsegileng ba ba kgatlhegang ba re ka ba etelang gape. Leka go ba tlogela ka potso. Go tswa foo o bo o ba solofetsa gore o tla araba potso eo mo loetong lo lo tlang. Fa re dira jalo, re tla bo re bula tsela ya gore re boe gape. Go ka nna molemo thata fa re ka boa ka bonako. Fa re sa kgona go simolola thuto mo loetong lwa ntlha, re batla go leka go e simolola mo go lone loeto lo lo latelang fa go kgonega.

9 Fa re naya bosupi mo mebileng, re tshwanetse go kgothalela go leka go simolola metlotlo le batho. Baboledi ba le bantsi ba ile ba amogela maina, diaterese le dinomoro tsa thelefouno mo bathong ba ba kgatlhegang ba ba ileng ba kopana le bone fa ba ntse ba le mo tirong ya mmila. Fa motho yo o kopaneng le ene a sa nne mo tshimong ya lona, kopa foromo ya Please Follow Up (S-43) kwa Holong ya Bogosi, e tlatse, mme o e neye mokwaledi wa phuthego, yo o tla e fetisetsang kwa phuthegong e motho yono a nnang mo tshimong ya yone. Fa mokwaledi a sa kgone go dira jalo, o tla e romela kwa ofising ya lekala gore e e romele kwa go tshwanetseng. Ka tsela eno, kgatlhego ya motho yono e ka kgona go tsosolosiwa.

10 Fa motho yono a ka go naya dinomoro tsa thelefouno mme a sa go neye aterese, he dira loeto lwa go boela ka go mo founela. Baakanyetsa go sa le gale se o batlang go se tlotla le ene. Tshwara buka ya gago ya Go Fetolana gore o nne o lebe mo go yone nako le nako. Bangwe ba atlega fela thata ka go ithuta le batho ka thelefouno, go akaretsa le ba ba ileng ba fitlhela go le thata go ba fitlhela kwa magaeng a bone. Kgaitsadi mongwe o ne a simolola go kopa dinomoro tsa thelefouno mo basading bangwe ba ba kgatlhegang ba a neng a kopana le bone mo bodireding jwa ntlo le ntlo, mme ka jalo o ile a kgona go simolola dithuto tse pedi tsa Baebele.

11 Dirisana Mmogo le Bagolwane go Thusa ba ba Tsidifetseng: Bagolwane ba kgatlhegela thata go naya batho bano tlhokomelo e e lorato. Bontsi jwa batho bano, ba ile ba simolola go tla kwa dipokanong tsa phuthego ka bogabone fela. Ba lemoga gore ba tlhoka go nna ba kopanela le phuthego ya ga Jehofa gore ba bone pabalasego ya semoya e e tlhalosiwang mo go Pesalema 91. Bangwe ba bone ba setse ba siametse go simolola tirelo ya tshimo gape. Fa ba bangwe ba ba tsidifetseng ba ka nna gone kwa Segopotsong mo kgweding eno, ba ka nna ba amogela go tshwarelwa thuto ya Baebele. Fa go ka nna jalo, bagolwane ba tla rulaganya gore mongwe a ithute le batho bano ba ba batlang thuso. Fa o ka kopiwa gore o thuse ka tsela eno, tirisanommogo ya gago e tla anaanelwa fela thata.—Bar. 15:1, 2.

12 Nna o “Tshwareletse mo Ditirong Tse di Molemo”: Ba le bantsi ba ba ileng ba nna babulatsela ba ba thusang ka kgwedi e le nngwe kana go feta ba ile ba lemoga gore tiro ya bone ya tshimo e ile ya oketsega le mo dikgweding tse di latelang. Ba ile ba kopana le batho ba ba kgatlhegang ba ba neng ba ikutlwa gore ba tshwanetse go boela kwa go bone gape. Seno se ne sa ba tlhotlheletsa go dira boiteko jo bo oketsegileng jwa go ya kwa tirelong ya tshimo ka makgetlho a le mantsinyana gore ba kopane gape le batho bano ba ba kgatlhegang. Bangwe ba ne ba simolola dithuto, mme seno se ne sa ba thusa go nna le seabe se segolwane thata mo bodireding.

13 Go sa ntse go le jalo, bangwe ba ile ba bona boipelo jo bogolo thata ka go nna le seabe se se oketsegileng mo tirong ya go rera le go dira barutwa mo ba ileng ba tlhotlheletsega go sekaseka dilo tsa botlhokwa tse di tshwanetseng go tla pele mo matshelong a bone. Ka ntlha ya moo, bangwe ba ile ba kgona go fokotsa nako e ba e dirisang mo tirong ya bone ya boitshediso ba bo ba nna babulatsela ba ba thusang ba ba sa kgaotseng. Ba bangwe ba ile ba kgona go tsenela tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha. Ba ne ba kgona go baya tsholofelo ya bone ka botlalo mo Modimong e seng mo dilong tsa lefatshe leno. Ba ne ba lemoga gore “go aba ka bopelontle, go iketleeletsa go abelana,” go ba lereditse masego a magolo a ga Jehofa ga bo ga nonotsha le tsholofelo ya bone ya go ipelela “botshelo jwa mmatota.” (1 Tim. 6:18, 19) Mme gape, fa ba le bantsi ba tsenela tirelo ya bobulatsela, phuthego yotlhe e solegelwa molemo. Babulatsela ba rata go bua ka maitemogelo a bone le go laletsa ba bangwe go nna le seabe le bone mo bodireding, mme seno se dira gore phuthego e rate dilo tsa semoya ka tsela e kgolwanyane.

14 E kete rotlhe re ka “huma ditiro tse di molemo” mo pakeng eno ya Segopotso le mo go tse dingwe tse di tlang ka go oketsa seabe sa rona mo bodireding jwa Bokeresete. A re bontsheng gore re leboga se Jehofa a re diretseng sone ka go re naya tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng le lesha la tshiamo.—2 Pet. 3:13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela