Go Kgothatsana ka Tsela e e Kgethegileng
1 Tumelo ya batho ba ga Jehofa e lekwa letsatsi le letsatsi. E re ka Diabolo a itse gore o saletswe ke nako e khutshwane, o dira maiteko a bofelo a go senya bothokgami jwa rona mo go Jehofa. (Tshen. 12:12) Go botlhokwa gore re ‘tsweleleng re bona maatla mo Moreneng le mo thateng ya nonofo ya gagwe’ gore re ‘kgone go itsetsepela mo letsatsing le le boikepo le gore, fa re sena go dira dilo tsotlhe ka botlalo, re eme re nitame.’—Baef. 6:10, 13.
2 Go kopana le badumedi ka rona ke thulaganyo e e tswang kwa go Jehofa e e re thusang go bona maatla. Moaposetoloi Paulo o ne a anaanela seno. O ne a tlhologelelwa go kopana le bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete gore ba ‘kgothatsane’ mme ba ‘nitamisiwe.’ (Bar. 1:11, 12) Go re nonotsha mo go direng thato ya Modimo, Setlhopha se se Laolang se rulaganyeditse ka lorato gore re nne le sebaka sa go solegelwa molemo ke go kgothatsana kwa Kopanong ya Kgaolo e e tlang ya “Baboledi ba ba Tlhoafetseng ba Bogosi.”
3 Nna Teng Gore o Solegelwe Molemo: Ipeele mokgele wa gore o tla nna teng malatsi otlhe a le mararo. Re ‘solegelwa molemo’ ka go goroga pele ga pina ya ntlha le go nna go fitlha re bua re re “Amen” go tswa pelong fa go konelwa ka thapelo. (Isa. 48:17, 18) Ba le bantsi ba tla tshwanelwa ke go rulaganya thulaganyo ya bone ya tiro go sa le gale gore ba tle ba nne le nako ya go nna teng malatsi otlhe a le mararo. Ke boammaaruri gore go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go kopa mothapi wa gago go go rebola, mme Jehofa o re tlhomamisetsa gore o tla re thusa go dira thato ya gagwe. (1 Joh. 5:14, 15) Fa e le gore ga re ise re dire dithulaganyo tse di tlhomameng tsa sepalangwa le marobalo, eno ke nako ya go dira jalo, re se ka ra tlogelela dilo motsotso wa bofelo. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla segofatsa maiteko a rona a go nna teng malatsi otlhe a le mararo.—Dia. 10:22.
4 Nna o Lebeletse Pele go Kgothadiwa: A e kile ya re o tswa kopanong ya kgaolo o bo o re: “Kopano eno e ne e di gaisa tsotlhe!” Ke ka ntlha yang fa o ne o ikutlwa jalo? Ke ka gonne jaaka batho ba ba sa itekanelang re ka kgobega marapo ka iketlo mme ra iphitlhela re tlhoka go kgothadiwa semoyeng. (Isa. 40:30) Kgaitsadi mongwe o ne a bolela jaana: “Tsamaiso eno e nkgoba marapo mme dikopano tsa kgaolo di dira gore ke boe gape ke tlhome mogopolo mo dilong tsa semoya, di nnaya kgothatso e ke e tlhokang semoyeng. Go bonala kgothatso eo e tla ka nako e ke e tlhokang thata ka yone.” Gongwe le wena o kile wa ikutlwa ka tsela eo.
5 Re amogela kgothatso e re e tlhokang e seng fela ka dipuo le dipotsolotso, mme ka ditsela tse dingwe gape tse di re nonotshang semoyeng. Mokaulengwe mongwe o ne a akgela jaana: “Ke anaanela thata tsela e melaometheo ya Baebele e tlhalosiwang ka phepafalo le ka tsela e e re solegelang molemo. Tota e bile, diterama di mosola thata mo go re bontsheng ka fa re ka solegelwang molemo ka gone ke dikai tsa nako e e fetileng tse di molemo le tse di bosula. Ke nna ke lebile pele go amogela dikgatiso tse disha mme ke itumelela go di bala le fa kopano e setse e fetile.”
6 Dikopano ke thulaganyo e e botlhokwa e e tswang kwa go Jehofa mo ‘dinakong tseno tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.’ (2 Tim. 3:1) Di re thusa go utlwa kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng: “Nnang lo tsogile, emang lo nitame mo tumelong, tswelelang pele jaaka banna, nnang thata.” (1 Bakor. 16:13) Ka jalo, a re ikemisetseng go nna teng mo lenaneong lengwe le lengwe le go ipelela go kgothatsana thata kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Baboledi ba ba Tlhoafetseng ba Bogosi”!
[Box on page 3]
Rulaganyetsa go Nna Teng Malatsi Otlhe a le Mararo
■ Kopa gore ba go rebole kwa tirong.
■ Rulaganya marobalo kwa motseng wa kopano.
■ Rulaganya sepalangwa sa go ya kopanong.