LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/02 ts. 3
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsela E o Ka Kwalang Lekwalo ka Yone
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Go Buisana ka Makwalo
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Masego a go Bontsha go Anaanela Lorato Lwa ga Jehofa—Karolo 2
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 5/02 ts. 3

Lebokoso la Dipotso

◼ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna kelotlhoko fa re neela bosupi ka lekwalo?

Go neela bosupi ka lekwalo ke mokgwa o o itshupileng o na le matswela wa go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo. Le fa go ntse jalo, ditiragalo tsa lefatshe tsa bosheng di dirile gore batho ba tshabe go bula makwalo a ba sa itseng gore a tswa kwa go mang. Gantsi dienfelopo tse go sa itsiweng gore di tswa kwa go bomang kgotsa tse di se nang aterese ya moromedi di a belaelwa, segolobogolo fa di kwadilwe ka seatla e bile di tletse. Beng ba matlo ba ka latlha makwalo a a ntseng jalo ba sa a bula. Re ka dira jang gore seno se se ka sa direga?

Fa go kgonega, lekwalo le enfelopo ya lone di thaepiwe. Enfelopo e kwalwe leina la motho yo lekwalo le yang kwa go ene. O se ka wa e kwala fela “Mong wa Ntlo.” Mo godimo ga moo, ka metlha o kwale aterese ya gago. Fa e le gore ga go botlhale go kwala aterese ya gago, o kwale leina la gago le aterese ya Holo ya Bogosi. O se ka wa romela makwalo a go sa itsiweng kwa a tswang teng. Le ka motlha o se ka wa dirisa aterese ya ofisi ya lekala.—Bona Lebokoso la Dipotso mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 1996.

O ka bona dikakantsho tse di oketsegileng le lekwalo la sekao mo bukeng ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, ditsebe 71-3. Dikakantsho tseno di tla re thusa go dirisa makwalo ka tsela e e nang le matswela gore re fitlhelele ba bangwe ka dikgang tse di molemo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela