LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be ts. 71-ts. 73 ser. 3
  • Go Buisana ka Makwalo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Buisana ka Makwalo
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Neela Bosupi ka Lekwalo
  • Ntlha ya Botlhokwa Malebana le Kafa le Lebegang ka Gone
  • Mokgwa o o Siameng wa go Kwala
  • Tsela E o Ka Kwalang Lekwalo ka Yone
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Kwalela Batho Makwalo
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be ts. 71-ts. 73 ser. 3

Go Buisana ka Makwalo

MAKWALO a tokafaditse matshelo a dimilione tsa batho le tsela e ba itshwarang ka yone. Bontsi jwa dibuka tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di simolotse e le makwalo. Le rona gompieno re kwala makwalo go nonotsha badumedi ba ba sa ntseng ba le basha, re ikgolaganye le ditsala, re kgothatse bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba sa tswang go nna le maikarabelo a a kgethegileng, re nonotshe ba ba nang le mathata le go fetisa tshedimosetso e e tlhokegang gore go tlhokomelwe ditiro dingwe tsa phuthego.—1 Bathes. 1:1-7; 5:27; 2 Pet. 3:1, 2.

Go kwala lekwalo gape ke tsela e nngwe e e nang le matswela ya go neela bosupi. Mo mafelong mangwe, batho ba le bantsi ba nna mo difoleteng tsa tshireletso e e gagametseng thata kgotsa mo magaeng a dihotele tse di sa kgoneng go berekwa motlhofo. Bangwe ba senya nako e ntsi ba seyo mo gae, ka jalo ga re kgone go kopana le bone fa re neela bosupi ka ntlo le ntlo. Ba bangwe ba nna kwa mafelong a a kwa thoko a a kgakala le batho.

Ka dinako tse dingwe bolwetse, maemo a a sa siamang a bosa kgotsa molao o o gagametseng wa puso wa go thibela batho go tswela kwa ntle ka dinako tse di rileng, di ka dira gore o nne fela o le kwa gae. A o ka kwala lekwalo gore o neele mongwe wa losika kgotsa mongwe yo o neng wa bua le ene o ne o sa rulaganyetsa, bosupi jo bo oketsegileng? A mongwe wa diithuti tsa gago tsa Baebele o fudugile? A ka nna a bo a tlhoka fela lekwalo le le tswang kwa go wena gore a tswelele pele a kgatlhegela dilo tsa semoya. Kgotsa gongwe o ka naya bangwe ba ba sa tswang go nyalana, ba ba sa tswang go nna batsadi, kgotsa ba ba swetsweng ke baratiwa ba bone tshedimosetso nngwe e ba e tlhokang ya Dikwalo.

Go Neela Bosupi ka Lekwalo

Fa o kwala lekwalo gore o neele mongwe yo o iseng o ke o kopane le ene bosupi, simolola ka go ikitsise pele. O ka nna wa tlhalosa gore o na le seabe mo tirong ya go ithaopa ya boditšhabatšhaba. Fa go bonala go siame gore o dire jalo, mo tlhalosetse gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Mo itsise lebaka la go bo o mo kwaletse lekwalo mme o sa ya go bua le ene ka namana. Kwala jaaka e kete o bua le ene lo lebane difatlhego. Go ntse go le jalo, tumalanong le kaelo e e reng “itshupeng lo le botlhajana jaaka dinoga mme le fa go ntse jalo lo le ba ba se nang molato jaaka maphoi,” nna kelotlhoko thata gore o tshwanetse go senola tshedimosetso e e kana kang kaga gago.—Math. 10:16.

Mo lekwalong leno kwala se o neng o tla se bua fa o ka bo o mo etetse. O ka nna wa dirisa ketapele e e mo bukeng ya Go Fetolana gongwe o e fetola go sekae kgotsa wa dirisa tsela ya go neela bosupi ka Dikwalo e e mo kgatisong ya bosheng ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. O ka nna wa botsa potso o bo o kgothaletsa motho yono gore a akanye ka yone. Baboledi bangwe ba tlhalosa fela gore re na le thulaganyo ya mahala ya go araba dipotso tsa Baebele ba bo ba umaka dingwe tsa ditlhogo mo go nngwe ya dibuka tsa rona tsa go ithuta. Lekwalo la sekao le go neelwang bosupi ka lone le mo tsebeng 73. Le ka nna la go naya lesedinyana la gore o ka kwala jang lekwalo, mme go ka nna molemo go kwala sengwe se se batlang se farologane go sekae. Go seng jalo, fa nako e ntse e tsamaya batho ba ka nna ba amogela lekwalo le le lengwe fela gangwe le gape.

Batho bangwe ga ba rate go bala lekwalo le le telele le le tswang kwa mothong yo ba sa mo itseng. Ka jalo go ka nna botlhale go kwala lekwalo le lekhutshwane. Konela lekwalo la gago pele ga mmadi a lapa go le bala. Go ka nna molemo go tsenya taletso e e gatisitsweng ya go tla dipokanong kwa Holong ya Bogosi. O ka nna wa tsenya pampitshana, boroutšhara kgotsa makasine wa Tora ya Tebelo kgotsa Tsogang! o bo o tlhalosa gore a ka kgona go di amogela ka metlha fa a eletsa jalo. Kgotsa o ka nna wa botsa motho yo o tla amogelang lekwalo leno gore a o mo etele kwa gae go tla go tsweletsa kgang e o e tlotlileng le ene.

Ntlha ya Botlhokwa Malebana le Kafa le Lebegang ka Gone

Jaanong, leba lekwalo leno la sekao. Ela tlhoko dintlha tse di latelang: (1) Le lebega le le phepa, le sa tlala ka dilo tse dintsintsi. (2) Le fa motho yo o le amogetseng a ka latlhegelwa ke enfelopo ya lone, o tla bo a sa ntse a na le leina la motho yo o le rometseng le aterese ya gagwe ya poso. (3) Boikaelelo jwa lekwalo leno bo tlhalosiwa ka tsela e e motlhofo le e e tlhamaletseng mo serapeng sa ntlha. (4) Ntlha nngwe le nngwe ya konokono e tlhalosiwa mo serapeng sa yone. (5) Ka ntlha ya boikaelelo jwa lone, lekwalo leno ga se la botsalano go le kalo e bile ga le a gagamala thata.

Mo lekwalong la semmuso, jaaka le mokwaledi wa phuthego a le kwalelang ofisi ya lekala, go tla kwalwa leina la phuthego, le leina la mokwaledi mmogo le aterese ya gagwe ya poso le letlha. Gape go tla kwalwa le leina le aterese ya motho kgotsa mokgatlho o o kwalelwang lekwalo leno. Morago ga moo go latela ditumediso tse di tshwanetseng. Go konela lekwalo leno, mo dipuong dingwe mafoko a a jaaka “Wa gaeno ka boammaaruri” kgotsa “Weno” a kwalwa fa godimo ga mosaeno wa mokwadi. Mosaeno ka boone o tshwanetse go kwalwa ka seatla.

Mo lekwalong lepe fela le o le kwalang, tlhokomela gore mafoko a peletilwe sentle, go dirisitswe puo e e siameng, matshwao a puiso le gore lekwalo le kwadilwe ka tsela e e bothakga. Go dira jalo go tla dira gore lekwalo la gago le molaetsa o le o tshotseng di nne le seriti.

Ka fa ntle ga enfelopo, ka metlha kwala aterese ya kwa lekwalo leno le tswang teng—fa go kgonega e nne aterese ya gago ka namana ya poso. Fa e le gore o akanya gore ga go botlhale go kwala aterese ya gago fa o neela batho ba o sa ba itseng bosupi ka lekwalo, botsa bagolwane gore a ba ka go dumelela gore o dirise aterese ya Holo ya lona ya Bogosi. Le ka motlha o se ka wa dirisa aterese ya Mokgatlho wa Watch Tower, ka gonne seno se tla supa ka tsela e e phoso gore lekwalo la gago le rometswe go tswa kwa diofising tsa Mokgatlho mme seno se ka nna sa baka tlhakatlhakano. Fa go sa kwalwa aterese ya kwa lekwalo la gago le tswang teng mme go tsentswe kgatiso nngwe, seno le sone se tla supa ka tsela e e phoso gore Mokgatlho ke one o rometseng lekwalo leo.

Tlhomamisa gore o kgomaretsa setempe sa madi a a lekaneng, segolo jang fa o tsentse kgatiso nngwe mo teng. Fa setempe e se sa madi a a lekaneng, motho yo o amogetseng lekwalo a ka nna a kopiwa gore a duele madi a a setseng, mme seno se tla dira gore molaetsa wa gago o se ka wa amogelwa. Gakologelwa gore mo dinageng di le dintsi, fa go tsentswe boroutšhara kgotsa makasine mo enfelopong, madi a go posa a nna mantsi go na le fa e le lekwalo fela.

Mokgwa o o Siameng wa go Kwala

Fa o sena go konela lekwalo la gago, sekaseka diteng tsa lone ka go le bala. Le utlwala jang? A le kwadilwe ka tsela e e botsalano le e e botlhale? Fa re dirisana le batho ba bangwe, dingwe tsa dinonofo tse re lekang go di bontsha ke lorato le bopelonomi. (Bagal. 5:22, 23) Fa o akanya gore go na le fa le sa utlwaleng sentle gone kgotsa le utlwala le ka kgoba motho marapo, le fetole.

Lekwalo le kgona go ya kwa mafelong a o sa kgoneng go ya kwa go one. Selo seno ka bosone se dira gore le nne sedirisiwa se se botlhokwa thata mo bodireding. E re ka lekwalo la gago le emela wena le dilo tse o di dumelang, akanya ka se le se buang, kafa le lebegang ka gone le kafa le utlwalang ka gone. Le ka naya motho se se tlhokegang gore a tsene mo tseleng ya botshelo, a nonofe mo go yone kgotsa la mo kgothatsa gore a tsamaye mo go yone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela