LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/96 ts. 2
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Go Buisana ka Makwalo
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tsela E o Ka Kwalang Lekwalo ka Yone
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Kwalela Batho Makwalo
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 11/96 ts. 2

Lebokoso la Dipotso

◼ Ke eng se re tshwanetseng go se gakologelwa fa re kwalela beng ba matlo ba re sa kgonang go ba fitlhela kwa gae makwalo?

Ka ntlha ya mabaka a a farologaneng, re fitlhela go le thata go fitlhela batho kwa matlong a bone fa re ba etela. Baboledi bangwe ba fitlhetse gore go kwala makwalo ke tsela e nngwe e e thusang ya go ba fitlhelela. Lefa seno se ka nna le matswela a a molemo, go tlhokega gore re tlhatlhobe dikgakololo dingwe tse di ka re thusang go tila mathata mangwe:

O se ka wa dirisa aterese ya Mokgatlho. Seno se bontsha ka mo go sa tshwanelang gore lekwalo leo le tswa kwa diofising tsa rona, se baka mathata a a sa tlhokegeng e bile ka dinako tse dingwe se bake ditshenyegelo tse dintsi.

Tlhomamisa gore o kwadile aterese e e siameng le gore o tsentse setempe sa madi a a lekaneng.

O se ka wa kwala gore le ya kwa go “Moagi”; dirisa leina la motho yoo ka tlhamalalo.

O se ke wa tlogela makwalo fa mojako fa go sena ope mo tlung.

Go molemo go kwala makwalo a makhutshwane. Tsenya pampitshana kana makasine go na le go leka go kwala molaetsa o mo teleletelele.

Makwalo a a kwadilweng ka motšhini a balega motlhofo mme a kgatlhegelwa thata.

Makwalo ga a balwe e le maeto a go boela ntle le fa o kile wa neela motho yono bosupi mo nakong e e fetileng.

Fa o kwalela motho yo o kileng a bontsha kgatlhego, o tshwanetse go mo naya aterese kana nomoro ya gago ya founo gore a kgone go ikgolaganya le wena. Tlhalosa thulaganyo ya rona ya go ithuta Baebele.

Mo laletse kwa dipokanong tsa phuthego ya lona. Mo neye aterese le dinako tsa dipokano.

Fa o setse o sa tlhole o dira tshimo eo, o se ka wa tlhola o kwalela batho ba o sa ba fitlhelang mo gae makwalo; mmoledi yo o dirang tshimo eo ka nako eo ke ene yo o ikarabelelang go e bereka.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela