Tlogelang go Latelela “Dilo Tse di se Nang Mosola”
1 Tsela e e tlwaelegileng e batho ba buisanang ka yone gompieno ke E-mail. Le fa gone go siame go dirisa E-mail go bolelela ba lelapa le ditsala dilo, ke ‘dilo dife tse di se nang mosola’ tse di ka amanngwang le go dirisa E-mail ka tsela e e feteletseng?—Dia. 12:11.
2 Tlhagiso Mabapi le E-mail: Batho bangwe ba re ba ikutlwa ba golagane sentle le phuthego ya ga Jehofa fa ba amogela tshedimosetso e ntšha ka E-mail. Tshedimosetso eno e ka akaretsa maitemogelo, ditiragalo tsa kwa Bethele, dipego tsa dikotsi tsa masetlapelo kgotsa tsa pogiso, le tshedimosetso ya sephiri e e buiwang kwa Dikolong Tsa Bogosi Tsa Bodiredi. Go lebega ba bangwe ba itlhaganelela go romela melaetsa e e ntseng jalo, ka gonne ba batla go nna ba ntlha go bolelela ditsala tsa bone dikgang tseo.
3 Ka dinako tse dingwe, tshedimosetso le maitemogelo ao di a bo di se boammaaruri kgotsa di feteleditswe. Kgotsa ka gonne batho bangwe ba batla gore kgang eo e kgatlhe batho, ba ile ba fetisa tshedimosetso e e seng yone. Gantsi batho ba ba itlhaganelelang go bua dikgang tse di ntseng jalo ba a bo ba sa itse dintlha tsotlhe. (Dia. 29:20) Ka dinako tse dingwe, le fa kgang e sa dumelesege, e fetisediwa fela mo go ba bangwe gore e ba kgatlhe. Dipego tse di ntseng jalo tse di sa tlhomamang di tshwana fela le “dipolelo tsa maaka,” tse di sa rotloetseng boineelo jwa mmatota jwa bomodimo.—1 Tim. 4:6, 7.
4 Fa o fetisa tshedimosetso e e seng boammaaruri, e tla nna wena o ikarabelelang fa e ka utlwisa batho bangwe botlhoko kgotsa ya ba tlhakanya tlhogo. Fa Dafide a ne a newa pego e e feteleditsweng ya gore bomorwawe botlhe ba ne ba bolailwe, o ne a “gagoganya diaparo” tsa gagwe a utlwile botlhoko thata. Le fa go ntse jalo, boammaaruri e ne e le gore go ne go sule morwawe a le mongwe fela. Seo se ne se utlwisa botlhoko ka bosone, mme pego e e feteletsang dilo e ne ya okeletsa Dafide kutlobotlhoko. (2 Sam. 13:30-33) Ruri ga re kitla re batla go dira sepe se se ka timetsang kgotsa sa kgoba bakaulengwe ba rona marapo.
5 Tsela e Modimo a e Dirisang go re Naya Tshedimosetso: Gakologelwa gore Rraarona yo o kwa legodimong o na le tsela e a e tlhomileng ya go re naya tshedimosetso, e bong “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” “Motlhanka” yoo o na le boikarabelo jwa go dira tshwetso ya gore ba ntlo ya tumelo ba newa tshedimosetso efe le gore “nako e e tshwanetseng” ya go e ba naya ke efe. Re newa dijo tseno tsa semoya ka phuthego ya Modimo fela. Re tshwanetse gore ka metlha re batle tshedimosetso e e ikanyegang mo tseleng eno e Modimo a e dirisang go re naya tshedimosetso, e seng mo bathong ba ba dirisang Internet.—Math. 24:45.
6 Diaterese Tsa Internet: Re na le aterese e e kafa molaong ya Internet: www.watchtower.org. Aterese eno e lekane go naya batho botlhe tshedimosetso. Ga go tlhokege gore motho ope, komiti kgotsa phuthego e dire aterese ya Web e e buang ka Basupi ba ga Jehofa. Go na le bangwe ba ba tsentseng dikgatiso dingwe tsa rona, di na le dikwalo le ditshupiso di feletse, e bile ba ntsha dikhopi tsa dipuo tsa dikopano ka go dira gore batho ba di ntshetse moneelo. Le fa go ka tswa go dirwa poelo kgotsa e sa dirwe, mokgwa wa go ikgatisetsa le go anamisa dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa ka khomputara ke go tlola melao ya ditshwanelo tsa bagatisi. Le fa go na le bangwe ba ba tsayang gore fa ba dira jalo ba a bo ba direla bakaulengwe, mokgwa ono ga o a letlelelwa mme o tshwanetse wa emisiwa.
7 Go dirisa temogo le go nna botlhale fa re dirisa khomputara go tla dira gore megopolo ya rona e tlale ka “dilo tsotlhe tse di tlhwatlhwakgolo le tse dintle tse di rategang.”—Dia. 24:4.