Se re Ka se Buang ka Dimakasine
Tora ya Tebelo June 15
“Batho bangwe ba akanya gore Jesu e ne e le motho yo mogolo go gaisa botlhe mo hisitoring. Ba bangwe ba belaela gore a ruri o kile a nna teng. A o akanya gore se re se dumelang kaga gagwe se botlhokwa? [Fa a sena go araba, bala Ditiro 4:12.] Go na le bosupi bofe jwa gore tota Jesu o kile a tshela mo lefatsheng? Makasine ono o sekaseka potso eo.”
Tora ya Tebelo July 1
“Sengwe sa dilo tse re di tlhokang thata jaaka batho ke go rata le go ratiwa. [Bala mafoko a a nopotsweng a a mo go tsebe 4.] Le fa go ntse jalo, a o etse tlhoko gore batho gompieno ba tsaya dilo di sele di le botlhokwa thata? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa se lorato lwa mmatota e leng sone le gore re ka nna le lone jang.” Bala 1 Bakorintha 13:2.
Tsogang! July 8
“Batho ba le bantsi ba amegile ka tikologo. A o akanya gore go sireletsa dikgwa tsa pula tsa boboatsatsi tsa lefatshe go ka kgonega? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa maiteko a a ntseng a dirwa gone jaanong go leka go sireletsa dikgwa tsa pula. Gape o tlhalosa kafa tsholofetso eno e e molemo ya Modimo e tla diragadiwang ka teng.” Bala Isaia 11:9.
“Batho ba le bantsi ba tshwenngwa ke go oketsega ga ditiro tsa bokebekwa. [Bolela sekai se se itseweng mo lefelong la ga lona, mme o mo letle gore a ntshe maikutlo a gagwe.] Makasine ono o tlhalosa dingwe tsa dilo tse di dirang gore go nne le bokebekwa. Gape o tlhalosa kafa Modimo a tla fedisetsang ruri bokebekwa le thubakanyo ka teng.” Bala Pesalema 37:10, 11.