LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/04 ts. 4
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
km 4/04 ts. 4

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo Apr. 15

“Batho bangwe ba akanya gore sengwe le sengwe se se diregang mo botshelong, go akaretsa le masetlapelo, ke thato ya Modimo. A o setse o kile wa ipotsa kaga seo? [Mo letle gore a arabe.] Batho ba le bantsi ba itse thapelo eno. [Bala Mathaio 6:10b.] Thato ya Modimo ke eng ka lefatshe, mme e tla diragadiwa leng ka botlalo? Makasine ono o na le karabo e e tswang mo Baebeleng.”

Tora ya Tebelo May 1

“Baeteledipele bangwe ba bodumedi ba tseneletse mo dipolotiking e le go leka go tokafatsa maemo a batho mo setšhabeng. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko se Jesu a ileng a se dira fa batho ba ne ba batla go mo dira kgosi. [Bala Johane 6:15.] Jesu o ne a tlhomile mogopolo mo selong se se neng se tla solegela ba bangwe molemo goyagoile. Makasine ono o tlhalosa gore ke eng seo.”

Tsogang! May 8

“Mo lefatsheng la gompieno, batho bangwe ba ikutlwa ba se na tsholofelo. A ka dinako tse dingwe o ikutlwa ka tsela eo? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo o bo o bala Baroma 15:4.] Batho ba le bantsi ba lemoga botlhokwa jwa go nna le tsholofelo. O tla itumelela go sekaseka mabaka a le supa a Dikwalo a go nna le tsholofelo a a mo makasineng ono wa Tsogang!”

“Batho ba le bantsi ba lebana le maemo a a gwetlhang kwa tirong. Tota e bile bangwe ba bone ba kgerisiwa ke badirimmogo. A o ne o itse gore Baebele e na le kgakololo e e ka re thusang go itshokela dikgwetlho tse di ntseng jalo? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo o bo o bala Diane 15:1.] Makasine ono o na le dikakantsho tse di mosola tsa kafa o ka agisanang le ba bangwe kwa tirong ka gone.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela