Bula Ditshono Tsa go Rera
1 Phuthego ya Bokeresete e dirilwe ke batho ba maemo a a farologaneng. Le fa go ntse jalo, re seoposengwe mo go ikemisetseng go baka Jehofa. (Pes. 79:13) Fa bolwetse kgotsa maemo a mangwe a a boima a dira gore re se ka ra nna le seabe ka botlalo mo go boleleng dikgang tse di molemo, re ka bula jang ditshono tsa go rera?
2 Mo Ditirong Tsa Letsatsi le Letsatsi: Jesu o ne a sola molemo nako e a neng a dirisana le batho ka yone letsatsi le letsatsi go neela bosupi. Fa a feta mo ofising ya lekgetho o ne a bona Mathaio mme a bua le ene, a bua le Sakaio a le mo tseleng, a bua le mosadi wa Mosamarea fa a ne a ikhuditse. (Math. 9:9; Luke 19:1-5; Joh. 4:6-10) Mo ditirong tsa rona tsa letsatsi le letsatsi, le rona re ka neela mongwe le mongwe yo re buisanang le ene bosupi. Fa re na le Baebele, le dipampitshana kgotsa diboroutšhara, di tla dira gore re nne re iketleeleditse go bua ka tsholofelo ya rona.—1 Pet. 3:15.
3 A go palelwa ke go tsamaya go dira gore o se ka wa nna le seabe ka botlalo mo tirong ya ntlo le ntlo? Ela tlhoko ditshono tsa go neela bosupi fa o etetswe ke ba tsa kalafi le ke batho ba bangwe ba o kopanang le bone. (Dit. 28:30, 31) Fa gantsi maemo a dira gore o nne o ntse o le kwa gae, a o lekile go neela bosupi ka thelefouno kgotsa ka lekwalo? Kgaitsadi mongwe o kwalela maloko a lelapa la gagwe a e seng Basupi ka metlha. O akaretsa dintlha tse di kgothatsang tse di tswang mo Baebeleng le maitemogelo a a nnileng le one fa a neela bosupi.
4 Kwa Tirong Kgotsa Kwa Sekolong: Keletso ya rona go galaletsa Jehofa e tla re tlhotlheletsa gape go bula ditshono tsa go jala dipeo tsa boammaaruri kwa tirong kgotsa kwa sekolong. Mmoledi mongwe wa dingwaga tse robedi o ne a bolelela ba a tsenang le bone mo tlelaseng se a se badileng mo makasineng wa Tsogang! ka ngwedi. Fa morutabana wa gagwe a sena go lemoga gore o bone kae tshedimosetso eo, o ne a simolola go tsaya dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka metlha. Kwa tirong, fa re baya nngwe ya dikgatiso tsa rona mo batho ba bangwe ba kgonang go e bona teng seno se ka nna sa dira gore ba botse dipotso mme ra nna le tshono ya go neela bosupi.
5 A o ka akanya ka ditsela tsa go bula ditshono tsa go rera mo ditirong tsa gago tsa letsatsi le letsatsi? Ka go sola maemo a rona molemo, a re lekeng letsatsi le letsatsi go ‘isetsa Modimo setlhabelo sa pako.’—Baheb. 13:15.