Lebokoso la Dipotso
◼ A go siame go kgomaretsa diaterese tsa rona tsa Internet mo dibukeng tse re di tsamaisang?
Baboledi bangwe ba kgomareditse diaterese tsa bone tsa Internet mo dimakasineng kana mo dipampitshaneng tse ba di tsamaisang ba dirisa ditempe kana ba di ikwaletse mo pampiring. Batho ba ba amogelang dibuka ba ka kgona go ikgolaganya le mmoledi yoo go kopa tshedimosetso e oketsegileng. Maiteko a a ntseng jalo a go thusa batho ba ba kgatlhegang a dirwa ka maitlhomo a a siameng. Le fa go ntse jalo, aterese ya rona ya semolao ya Internet e setse e thathamisitswe mo tsebeng ya bofelo ya dimakasine tsa rona le dipampitshana. Ka jalo, go tla bo go le molemo gore re se ka ra kgomaretsa aterese ya rona ya Internet mo dibukeng.
Gore a mmoledi o naya batho ba mo tshimong diaterese tsa gagwe mo pampiring e e kwa thoko kana nnyaa, bogolo jang fa a dira maeto a go boela, ke tshwetso ya motho ka namana. Re tshwanetse go tsaya matsapa a go boela kwa bathong ba ba bontshitseng kgatlhego go na le go emela gore e nne bone ba ba ikgolaganyang le rona gore ba bone tshedimosetso e e oketsegileng. Kgatlhego ya mmatota e ka bonala sentle fa o bua le motho o mo lebile.