Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Dec. 1
“A o lemogile gore batho ba a farologana mo ditekanyetsong tsa bone tse di malebana le bophepa le boitekanelo? [Mo letle gore a arabe.] Lebaka le le lengwe la go bo bophepa bo le botlhokwa ke leno. [Bala 1 Petere 1:16.] Setlhogo seno se neela dikakantsho dingwe tse di mosola tsa go boloka bophepa.” Buelela setlhogo se se mo tsebeng ya 9.
Tsogang! Dec.
“Batho ba le bantsi ba leka go bontsha Jesu tlotlo mo nakong eno ya ngwaga. Go ya ka temana eno, o ne o ka re ke tsela efe e e molemolemo ya go mo tlotla? [Bala Johane 14:15. Mo letle gore a arabe.] Letlha le le siameng la go tsholwa ga ga Jesu ga le itsiwe mme o ka nna wa gakgamala go utlwa lebaka la go bo December 25 e ile ya tsewa jaaka letlha la Keresemose.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 10.
Tora ya Tebelo Jan. 1
“Batho go ralala lefatshe ba na le maikutlo a a farologaneng malebana le Marea, mmaagwe Jesu. Wena o akanya eng? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e bontsha gore Marea o ne a na le seabe se se tlhomologileng mo hisitoring. [Bala Luke 1:30-32.] Makasine ono o tlotla ka se re ka se ithutang mo sekaong sa gagwe.”
Tsogang! Jan.
“Bontsi jwa matsha le dinoka tsa lefatshe di a kgala mme batho ba le dimilione ga ba na metsi a a phepa a a nowang. A o akanya gore batho ba ka kgona go tlisa tharabololo e e tla nnelang ruri ya bothata jono? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Jeremia 10:23.] Makasine ono o tlotla ka tharabololo e e di gaisang tsotlhe e e tlhalosiwang mo Baebeleng.”