“Botlhale bo Supiwa bo Siame ke Ditiro Tsa Jone”
1. Bangwe ba leba jang tiro ya rona?
1 Ka dinako tse dingwe re ka nna ra kopana le beng ba matlo ba ba sa tsibogeng sentle ka go bo ba sa re tlhaloganye kgotsa ba sa bolelelwa boammaaruri ka Basupi ba ga Jehofa. Gongwe ba tlhotlheleditswe ke dipego tsa metswedi ya tshedimosetso e e gobelelang. Mo mafelong mangwe ga twe re “lekoko le le kotsi.” Re tshwanetse go tsibogela jang ditatofatso tse di ntseng jalo?
2. Ke eng se se tla re thusang go tila go kgobega marapo fa re latofadiwa?
2 Nna le Boikutlo jo bo Siameng: Gantsi Jesu le batlhanka ba bangwe ba ga Jehofa ba lekgolo la ntlha la dingwaga, ba ne ba sa tlhaloganngwe e bile batho ba ne ba bua kgatlhanong le bone. (Dit. 28:22) Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba letla ditatofatso tse di ntseng jalo gore di dire gore bodiredi jwa bone bo ba tlhabise ditlhong. Jesu o ne a re: “Botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone.” (Math. 11:18, 19) O ne a tswelela pele a dira go rata ga Rraagwe, a tlhatswegile pelo gore batho ba ba batlang boammaaruri ba tla bona botlhokwa jwa dikgang tse di molemo. Re ka tila go kgobega marapo ka go gakologelwa gore Morwa Modimo o ile a tshwarwa ka tsela e e tshwanang.
3. Ke eng fa dipego tse di sa siamang le dikganetso di sa tshwanela go re gakgamatsa?
3 Jesu o ne a bolela gore lefatshe le tla tlhoa balatedi ba gagwe fela jaaka le ne le mo tlhoile. (Joh. 15:18-20) Ka jalo, dipego tse di sa siamang le dikganetso tse re lebanang le tsone gompieno ga di a tshwanela go re gakgamatsa. Tota e bile, re tshwanetse go lebelela gore dilo tse di ntseng jalo di oketsege fa re ntse re tsenelela kwa teng mo metlheng ya bofelo, le fa bogale jwa ga Satane bo ntse bo oketsega. (Tshen. 12:12) Re ka itumela ka gonne seno se bontsha gore lefatshe la ga Satane le felelwa ke nako.
4. Fa re kopana le batho ba ba sa tsibogeleng dikgang tse di molemo sentle, re tshwanetse go itshwara jang?
4 Tsiboga ka Bopelontle: Fa batho ba tsiboga ka tsela e e sa siamang, ka metlha re tshwanetse go araba ka bopelontle le ka tsela e e bonolo. (Dia. 15:1; Bakol. 4:5, 6) Fa maemo a re letla, re ka nna ra kgona go tlhalosetsa mong wa ntlo yo o peloephepa gore go na le dilo tse dintsi tse di seng boammaaruri tse di buiwang ka Basupi ba ga Jehofa kgotsa re mmotse gore ke ka ntlha yang fa a ikutlwa ka tsela e a ikutlwang ka yone. Fa re tsiboga ka tsela e e bonolo go ka nna ga dira gore a belaele dilo tse a di utlwileng ka Basupi ba ga Jehofa le gore mo nakong e e tlang a reetse fa a etetswe ke Mosupi. Le fa go ntse jalo, fa mong wa ntlo a galefile thata, go ka nna botoka gore re tsamaye. Re ka tlhomamisega gore go sa kgathalesege gore batho ba re leba jang, Jehofa o anaanela bodiredi jwa rona.—Isa. 52:7.