‘Lebaka la Gago la go Itumela’ ke Lefe?
1. Ke eng se se re itumedisang fa kgwedi nngwe le nngwe e ya kwa bofelong?
1 Fa kgwedi nngwe le nngwe e ya kwa bofelong mme botlhe ba kopiwa go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo, ke eng se se dirang gore o ‘itumele’? (Bagal. 6:4) Re ka tswa re le babulatsela ba ba kgethegileng re bega diura di le 130 mo bodireding kgotsa re le baboledi ba ba letleletsweng go bega metsotso e le 15, rotlhe re tshwanetse go ipelela gore re direla Jehofa ka pelo yotlhe mo bodireding.—Pes. 100:2.
2. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dira ka natla mo tirelong ya ga Jehofa?
2 Jehofa, Molaodimogolo wa lobopo lotlhe, o tshwanelwa ke gore re mo neye sotlhe se re ka se kgonang. (Mal. 1:6) Ka ntlha ya go bo re mo rata, re ile ra neela matshelo a rona gore re dire thato ya gagwe. Ka jalo, kwa bowelong jwa letsatsi kgotsa jwa kgwedi, fa re itse gore re ntshitse “mabutswapele” a nako ya rona, bokgoni jwa rona le maatla mo tirelong ya ga Jehofa, ka jalo mongwe le mongwe wa rona o na le lebaka la go ipela. (Dia. 3:9) Le fa go ntse jalo, fa segakolodi sa rona se re bolelela gore re ka dira botoka, re tshwanetse go akanyetsa se re ka se dirang go tokafatsa.—Bar. 2:15.
3. Ke ka ntlha yang fa go se botlhale go ipapisa le batho ba bangwe?
3 ‘E Seng ka go Ipapisa le Motho yo Mongwe’: Ga go botlhale go ipapisa le batho ba bangwe kgotsa go ipapisa le ka nako e o neng o na le bokgoni ka yone. Maemo a a fetoga. Bokgoni bo a farologana. Gantsi go ipapisa le batho ba bangwe go felela ka kgaisano kgotsa go ikutlwa o se motho wa sepe. (Bagal. 5:26; 6:4) Jesu o ne a sa bapise batho le batho ba bangwe. Go na le moo, o ne a akgola motho go ya ka se a kgonang go se dira.—Mar. 14:6-9.
4. Ke dithuto dife tsa botlhokwa tse re di ithutang go tswa mo setshwantshong sa ga Jesu sa ditalente?
4 Mo setshwantshong sa ga Jesu sa ditalente, mmereki mongwe le mongwe o ne a amogela ditalente “go ya ka bokgoni jwa gagwe.” (Math. 25:15) Fa mong a boa mme a kopa pego ya tiro ya bone, ba ba neng ba dirile ka natla go ya ka bokgoni jwa bone le maemo ba ne ba akgolwa le go tsena mo boipelo jwa mong wa bone. (Math. 25:21, 23) Fa le rona re nna re tshwaregile mo tirong ya go rera ka Bogosi, re ka tlhomamisega gore Modimo o a re amogela e bile re nna le lebaka la go ipela!