Bidio ya Young People Ask—What Will I Do With My Life? (Karolo 2)
Fa o sena go tsenya bidio ya Young People Ask—What Will I Do With My Life? Tlhopha Interviews, mme o bo o tlhopha Sections. Morago ga go leba karolo nngwe le nngwe ya tse tharo, dirisa dipotso tse di mo go serapa 2 go ikgopotsa se o se ithutileng. Go tswa foo, tlhopha Supplementary Material mo go menu, mme morago ga go leba nngwe le nngwe ya dipotsolotso di le tlhano tse di oketsegileng, o bo o dirisa dipotso tse di mo go serapa 3 go ikgopotsa se o se ithutileng.
Sections—Dedication to Vain Pursuits or to God: (1) Ke mekgele efe e basha ba nang le kgatelelo ya go e latelela? (2) 1 Johane 2:17 e ka thusa basha jang gore ba dire tshwetso ya gore ba ye bokgakala jo bo kana kang ka thuto? (3) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go letlelela poifo e re thibela go kolobediwa? (4) Ke dilo dife tse dingwe tse di tla re thusang gore re tshwanelege go kolobediwa? Learning to Enjoy Your Ministry: (5) Ke ka ntlha yang fa batho ba bangwe ba sa ipelele bodiredi? (6) Ke dilo dife tse dingwe tse di ka re thusang? (7) Ke eng se se dirang gore batho ba boife go bua le batho ba bangwe segolo jang ba ba sa ba itseng, mme ka ntlha yang? (8) Re ka fenya jang poifo e re nang le yone mme re nne le bopelokgale jwa go bua? (9) Ke ka ntlha yang fa gape go le botlhokwa gore re godise bokgoni jwa rona mo bodireding? An Open Door to Service: (10) Ke ditshono dife tse dintsi tse bobulatsela bo re bulelang tsone tsa go tsweletsa pele bomoya jwa rona? (Bafil. 3:16) (11) Ke ka ntlha yang fa batho ba bangwe ba okaoka go tsena ka kgoro eno ya tirelo? (12) Ke melaometheo efe ya Dikwalo e e ka re thusang go fenya ditlhobaelo tsa ikonomi? (13) Batho bangwe ba dirile jang gore ba nne le madi a go itlhokomela fa ba bulatsela? (14) Ke eng se re ka se dirang fa maemo a sa re letle go tsenela tirelo ya nako e e tletseng?
Supplementary material—The Value of Personal Study: (15) Ke ka ntlha yang fa go ithuta ka metlha o le esi go le botlhokwa? Alternative Witnessing (jaanong bo bidiwa go neela bosupi phatlalatsa): (16) Go tsenela mefuta e e farologaneng ya bodiredi go tla oketsa boipelo jwa rona jang? Bethel Service: (17) Tirelo ya Bethele e na le eng se se ka re itumedisang? Ministerial Training School: (18) Sekolo seno (se jaanong se bidiwang Sekolo sa Baebele sa Bakaulengwe Ba ba Sa Nyalang) se solegetse molemo jang bakaulengwe ba ba ileng ya kwa go sone? Gilead Missionary Training: (19) Peter le Fiona ba ne ba ipaakanyetsa jang tiro ya borongwa, mme Gileade e ne ya ba solegela molemo jang?