O Tla Dirang ka Botshelo Jwa Gago?
1 Ka dinako tse dingwe bana ba bodiwa potso eno, “O batla go nna eng fa o gola?” Fa o ne o le mosimanyana, a o ne o tla re o batla go nna morutabana? go dira tiro ya go tima molelo? molebedi wa potologo? Kgotsa fa o le mosetsanyana, a o ne o tla re o batla go nna morutabana? mooki? morongwa? E re ka jaanong o godile, o tshwanetse go ipotsa potso eno, ‘Ke tla dirang ka botshelo jwa me?’ A o siametse go dira tshwetso?
2 Go go thusa go dira tshwetso e e molemolemo, phuthego ya ga Jehofa e dirile DVD ya Young People Ask—What Will I Do With My Life? Tsweetswee e lebelele, mme o akanye thata ka dikarolo tsotlhe tsa yone, go akaretsa terama, dipotsolotso le dintlha tse di oketsegileng. Diteng tsa yone di tlhalositswe mo lebokosong le le reng “Main Menu.”
3 Terama: Fa o ntse o lebile terama, akanyetsa dipotso tseno: (1) Timotheo, yo go buiwang ka ene mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika, o tshwana le Andre ka ditsela dife? (Dit. 16:1; 1 Tim. 4:8; 2 Tim. 1:5) (2) Andre o ne a tlhotlhelediwa jang gore a gaise ba bangwe mo diatleletiking, mme o ne a tlhotlhelediwa ke mang? (3) Ke bomang ba ba ileng ba tlhotlheletsa Timotheo le Andre gore ba dire se se siameng, mme ka ditsela dife? (2 Tim. 1:1-4; 3:14, 15) (4) Kgakololo e e mo go Mathaio 6:24 le Bafilipi 3:8 e ne ya ama Andre jang, mme wena e go ama jang?
4 Dipono Tse di Rileng: Fa o sena go lebelela terama yotlhe, tshameka gape dipono tse di latelang, o bo o araba dipotso tseno. “Paulo le Timotheo” (“Paul and Timothy”): Paulo o ne a naya Timotheo kgakololo efe ya bofelo? (2 Tim. 4:5) “Go direla Jehofa ka Pelo Yotlhe” (“Giving Jehovah Your Best”): Ke mekgele efe ya semoya e o nang le yone? “Go Ema mo Letlhakoreng la ga Jehofa” (“Taking a Stand for Jehovah”): Boitumelo jwa mmatota bo tswa kae? “Kgakololo ya Mmemogolo” (“Grandmother’s Advice”): Ke eng se se phoso ka go batla go nna motho yo o tlhageletseng mo lefatsheng la ga Satane? (Mathaio 4:9) “Go sa Ikwatlhaele Sepe” (“No Regrets”): Ke dilo dife tse di ka go thusang go kgotsofala mo botshelong?—Dia. 10:22.
5 Dipotsolotso: Fa o ntse o lebile karolo nngwe le nngwe ya tse di latelang, o bona eng se o ka se dirang gore o direle Jehofa ka pelo yotlhe ya gago? (1) “Go Gagamalela Dilo Tse di se Nang Mosola Kgotsa go Ineela mo Modimong?” (“Dedication to Vain Pursuits or to God?”) (1 Joh. 2:17); (2) “Go Ithuta go Itumelela Bodiredi Jwa Gago” (“Learning to Enjoy Your Ministry”) (Pes. 27:14); le (3) “Sebaka se se Bulegileng sa Tirelo.” (“An Open Door to Service.”)—Math. 6:33.
6 Go Leba Kwa Morago: A o ka araba? (1) Ke ditiro dife tse mokaulengwe le kgaitsadi yono ba neng ba di dira, mme ka ntlha yang? (2) Ba ne ba atlegile go le kana kang? (3) Matshelo a bone a ile a fetoga leng? (2 Bakor. 5:15) (4) Ditiro tsa bone tsa pele di ile tsa tseelwa sebaka ke ditiro dife tsa puso ya Modimo, mme ke ka ntlha yang fa ba ne ba akanya gore ba ne ba ka se kgone go di dira ka bobedi? (5) A ba ikwatlhaela go bo ba ile ba fetola mekgele ya bone mo botshelong? (6) Ke eng se ba ileng ba se bua se e leng sone se dirileng gore o akanye ka se o tshwanetseng go se dira ka botshelo jwa gago?
7 Dipotsolotso Tse di Oketsegileng: Mo dipotsolotsong tseno, o ithutile eng se o ka se dirang gore o dire ka botlalo mo tirelong ya ga Jehofa? (1) “Botlhokwa Jwa go Ithuta ka Namana,” (“The Value of Personal Study”) (2) “Go Neela Bosupi ka Tsela e Nngwe,” (“Alternative Witnessing”), (3) “Tirelo ya Bethele,” (“Bethel Service”) (4) “Thapiso ya Borongwa ya Gileade,” (“Gilead Missionary Training”) le (5) “Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi” (“Ministerial Training School”). Sekaseka “Index to Published Information on Related Subjects” (“Kaedi ya Dikgatiso Tse di Buang ka Tshedimosetso eo”), mme o bale mo go oketsegileng ka se o se kgatlhegelang thata.
8 Jaanong a o setse o dirile tshwetso ya gore o tla dira eng ka botshelo jwa gago? Paulo o ne a rotloetsa Timotheo jaana: “Tlhatlhanya ka dilo tseno; nwelelela mo go tsone, gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo bathong botlhe.” (1 Tim. 4:15) Re go kgothaletsa gore o dire se se tshwanang ka se o se boneng le go se utlwa fa o lebeletse DVD eno. Kopa Jehofa gore a go thuse go tlhopha ka botlhale mme o bone boitumelo le kgotsofalo ya mmatota mo botshelong gone jaanong le isagwe e e molemo le e e itumedisang.
[Box on page 4]
MAIN MENU
Play Drama (Tshameka Terama)
Scenes (11 selections) [Dipono (dikarolo di le 11)]
Interviews (Dipotsolotso)
Play All (Di Tshameke Tsotlhe)
Sections (3 selections) [Dikarolo (dikarolo di le 3)]
Looking Back (Go Leba Kwa Morago)
Supplementary Material (Dintlha Tse di Oketsegileng)
Supplementary Interviews (Dipotsolotso Tse di Oketsegileng)
Index to Published Information on Related Subjects (Kaedi ya Dikgatiso Tse di Buang ka Tshedimosetso eo)
Subtitles (Mokwalo wa fa Tlase)
Hearing Impaired (Batho Ba ba Sa Kgo- neng go Utlwa Sentle)
None (Ga ke Di Tlhoke)
Fa o batla go tshameka karolo nngwe le nngwe ya menu, tobetsa konopo ya Next ▶, ◀ Back, le Main Menu.