Pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 38 e Tla Tsamaisiwa ka November!
1. Batho ba na le dipotso dife ka baswi, mme dipotso tseo di tla arabiwa jang ka November?
1 Loso ke mmaba wa batho botlhe, go sa kgathalesege gore ba dumela eng. (1 Bakor. 15:26) Batho ba le bantsi ba ipotsa gore baswi ba kae le gore a ba tla tsamaya ba ba bona gape. Ka jalo, diphuthego mo lefatsheng lotlhe di tla nna le seabe mo letsholong la kgwedi yotlhe la go tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 38, ya setlhogo se se reng, “A Tota Baswi ba ka Tshela Gape?” Letsholo leno le le kgethegileng le tla simolola ka November 1. Morago ga letsholo le le kgethegileng, pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 38, e tla tsamaisiwa mo bodireding fela jaaka dipampitshana tse dingwe.
2. Pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 38 e dirilwe jang?
2 Kafa e Dirilweng ka Teng: Pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 38, e dirilwe ka tsela ya gore e menwe fa gare gore ka fa ntle go bonale setlhogo sa yone se se kgatlhang mmogo le mafoko a a reng, “A o ka re . . . ee? nnyaa? gongwe?” Fa mmadi a bula pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi, o tla utlwa gore Baebele e araba jang potso e e leng setlhogo le gore tsholofetso e e mo Baebeleng e ka mo ama jang. Gape o tla bona mabaka a go bo a ka dumela se se mo Baebeleng. Ka fa morago ga pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi go na le potso e e kgatlhang e e tla dirang gore a akanye mmogo le taletso ya gore a ithute mo go oketsegileng.
3. Pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 38 e tla tsamaisiwa jang?
3 Kafa e Tla Tsamaisiwang ka Teng: Letsholo leno le tla tshwana le matsholo a go tsamaisa ditaletso tsa Segopotso le tsa kopano ya kgaolo. Bagolwane ba tla naya kaelo ya kafa tshimo ya phuthego e tla dirwang yotlhe ka teng, go tsamaisana le lekwalo le ba le amogetseng la April 1, 2013. Diphuthego tse di nang le tshimo e nnye di ka ithaopela go thusa diphuthego tse di gaufi tse di nang le tshimo e kgolwane. Fa o itseela dipampitshana tsa Dikgang Tsa Bogosi No. 38, gopola go tsaya fela tse o tla di tlhokang mo bekeng eo. Ka nako ya letsholo, dipampitshana tseno di ka tsamaisiwa mo bodireding jwa phatlalatsa fa tshimo ya ka ntlo le ntlo e setse e dirilwe yotlhe. Fa dipampitshana di ka tsamaisiwa tsotlhe pele ga kgwedi e fela, go tshwanetse ga tsamaisiwa dikgatiso tse di tsamaisiwang mo kgweding eo. Ka Matlhatso wa ntlha wa kgwedi, re tla tlhoma mogopolo mo letsholong le le kgethegileng e seng mo go simololeng dithuto tsa Baebele. Ka mafelobeke, re ka tsamaisa le dimakasine fa go tshwanela. A o dira dithulaganyo gore o nne le seabe ka botlalo mo letsholong leno le le kgethegileng?