O Tla Dira Eng ka Malatsi a Boikhutso?
E re ka batho ba le bantsi ba sa theogele ka malatsi a boikhutso a bodumedi le a setšhaba, gantsi eno e a bo e le nako e e molemo ya gore re nne le seabe mo bodireding. Diphuthego di kgothalediwa go dira dithulaganyo tse di kgethegileng gore di neele bosupi ka malatsi a boikhutso. Fa e le gore batho ba le bantsi mo tshimong ba tla bo ba tsoga thari mo mosong, go ka nna molemo go fetola nako ya pokano ya tirelo ya tshimo. Go ka dirwa kitsiso ka nako ya Pokano ya Tirelo go itsise phuthego ka dithulaganyo dipe fela tse di kgethegileng tsa go rera ka malatsi a boikhutso le go kgothaletsa botlhe ba ba ka kgonang gore ba nne le seabe. Gone ke boammaaruri gore malatsi a boikhutso a re naya nako ya go itapolosa le go dira dilo tsa botho. Mme ke eng fa o sa beele bontlhanngwe jwa letsatsi leo kwa thoko gore o nne le seabe mo bodireding? Fa o dira jalo o tla lapolosiwa ke go nna le seabe mo tirelong e e boitshepo.—Math. 11:29, 30.