LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb18 May ts. 8
  • “Se Modimo a se Kopantseng . . .”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Se Modimo a se Kopantseng . . .”
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tlhalo—Tota Bibela ya Reng ka Yone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tlotla “se Modimo a se Kopantseng Mmogo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Tlhalo Eleruri E Na le Ba E Ba Amang mo go Botlhoko
    Tsogang!—1991
  • Tlhalo—Thobo ya Yone E E Botlhoko
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
mwb18 May ts. 8
Monna le mosadi ba tshwarane diatla

BOTSHELO JWA BOKERESETE

“Se Modimo a se Kopantseng . . .”

Molao wa ga Moshe o ne o re monna yo o batlang go tlhala o tshwanetse go rulaganya setifikeiti sa semolao. Seno se ne se dira gore batho ba se ka ba tlhala balekane ba bone ka mabaka a a sa utlwaleng. Le fa go ntse jalo, fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba letlelela batho gore ba tlhalane motlhofo. Banna ba ne ba tlhala basadi ba bone ka mabaka a a sa utlwaleng. (“lekwalo la go mo naya tsela”—ntlha eno e tlhaga fa thoko fa o tobetsa Mar 10:4 mo Baebeleng ya Study Edition; “yo o tlhalang mosadi wa gagwe,” “o mo direla boaka”—dintlha tseno di tlhaga fa thoko fa o tobetsa Mar 10:11 mo Baebeleng ya Study Edition) Jesu o ne a re Jehofa ke mosimolodi wa lenyalo e bile ke ene a neileng batho tetla ya gore ba nyalane. (Mar 10:2-12) Monna le mosadi ba ne ba tla nna “nama e le nngwe” go ya go ile. Go ya ka pego e e mo go Mathaio, lebaka le le lengwe fela la Dikwalo le motho a letleletsweng go tlhala molekane wa gagwe ka lone, ke fa molekane wa gagwe a dirile boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.—Mat 19:9.

Gompieno, batho ba le bantsi ba leba lenyalo jaaka Bafarasai mme e seng jaaka Jesu. Fa mathata a tlhaga ba itlhaganelela go tlhala. Le fa go ntse jalo, banyalani ba Bakeresete bone ba tsaya maikano a bone a lenyalo masisi, e bile ba leka ka natla go rarabolola mathata a bone ba dirisa melaometheo ya Baebele. Fa o sena go leba bidio ya Lorato le Tlotlo di Kopanya Malapa, araba dipotso tse di latelang:

  • O bala Baebele; monna o reeditse fa mosadi wa gagwe a ntse a mmulela mafatlha; senepe sa lenyalo se se gagogileng

    O ka dirisa jang Diane 15:1 mo lenyalong la gago, mme ke ka ntlha yang fa go dira jalo go le botlhokwa?

  • O ka tila jang mathata fa o dirisa Diane 19:11?

  • Fa lenyalo la gago le le gaufi le go thubega, ke dipotso dife tse o tshwanetseng go di ipotsa?

  • Go dirisa kgakololo e e mo go Mathaio 7:12 go ka go thusa jang gore o nne monna kgotsa mosadi yo o molemo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela