BOTSHELO JWA BOKERESETE
O ka Ithuta Eng mo Dipineng Tsa JW Broadcasting®?
Ke dipina dife tse o di ratang mo JW Broadcasting®? Goreng o di rata? A o akanya gore dibidio tsa teng di tsamaisana le dilo tse di diragalang letsatsi le letsatsi? Mongwe le mongwe a ka itumelela dipina tseno ka gonne di na le melaetsa e e farologaneng e bile ke tsa mefuta e e sa tshwaneng. Dipina tseno di diretswe go re ntsha bodutu mme ga se gone gotlhe.
Dipina tseno di re ruta gore Bakeresete ba tshwanetse go tshela jang le gore re ka rera jang fa re le mo bodireding. Dipina tse dingwe di bua ka go amogela baeng, go utlwana, go nna le ditsala, go nna pelokgale, go rata ba bangwe le go nna le tumelo. Tse dingwe di bua ka go boela kwa go Jehofa, go itshwarela ba bangwe, go nna re ikanyega le go tokafatsa tsela e re direlang Jehofa ka yone. Kana e bile go na le pina e e buang ka go dirisa di-cellphone sentle. Wena ke dilo dife tse dingwe tse o di ithutileng mo dipineng tseno tsa JW Broadcasting®?
LEBANG BIDIO YA PINA YA GO LEBOGELA POPO YA MODIMO, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Ke eng se se thusitseng bana bano gore ba atamalane le Jehofa?
Go akanya ka popo go ka re thusa jang gore re dumele gore ditsholofetso tsa ga Jehofa di tla direga?
Re ka bontsha jang gore re leboga Jehofa ka dilo tse dintle tse a di bopileng?
Ke eng se o se ratang ka popo ya ga Jehofa?