MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | EKESODO 8-9
Fa Faro a Ikgantsha O ne A sa Lemoge Gore o Diragatsa Maikaelelo a Modimo
Bofaro ba kwa Egepeto ba ne ba itsaya e le medimo. Seno se dira gore re tlhaloganye lebaka la go bo Faro a ne a sa batle go reetsa Moshe le Arone mmogo le baperesiti ba gagwe ba ba dirang maselamose.
A o reetsa batho ba bangwe fa ba go naya dikakantsho? A o a ngala fa mongwe a go gakolola? Kgotsa o akanya gore o maitsegotlhe? “Boikgogomoso bo tla pele ga go thubagana.” (Dia 16:18) Ruri go botlhokwa gore re se ka ra ikgogomosa!