LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w25 November ts. 32
  • Dirisa ‘Mpho ya Gago e e Tswang Kwa Modimong’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dirisa ‘Mpho ya Gago e e Tswang Kwa Modimong’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Nnang lo [Kgothatsane] Letsatsi Lengwe le Lengwe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Go Batla Mpho E e Di Gaisang Tsotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Mpho ya Modimo e e Kgolo—Goreng e le Botlhokwa Jaana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Bokgoni Jwa go Tlhotlheletsa Batho—A bo Baka Motho Kana bo Galaletsa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
w25 November ts. 32

MAFOKO A BAEBELE

Dirisa ‘Mpho ya Gago e e Tswang Kwa Modimong’

Re itumelela go kgothatsana fa re fetsa nako re na le bakaulengwe le bokgaitsadi. Mme gone, ga re a tshwanela go kgotsofalela go nna le bone fela. Baebele e bitsa bokgoni jo re nang le jone jwa go kgothatsana e re ke ‘mpho e e tswang kwa Modimong.’ (Bar. 1:11, 12) Re ka dirisa mpho eno ka ditsela dife?

Kgothatsa ba bangwe ka se o se buang. Ka sekai, fa o araba kwa dipokanong, o se ka wa bua thata ka wena, go na le moo bua ka Jehofa, ka Lefoko la gagwe le ka batho ba gagwe. Fa o bua le bakaulengwe le bokgaitsadi, bua ka dilo tse di ka nonotshang tumelo ya bone.

Kgothatsa ba bangwe ka ditshwetso tse o di dirang le ka se o se dirang. Ka sekai, bangwe ba ka nna ba lemoga gore o tswelela o le mo tirelong ya nako e e tletseng le fa go se motlhofo, mme seo se ka ba kgothatsa. Kgotsa ba ka kgothadiwa ke go go bona ka metlha kwa dipokanong tsa mo gare ga beke tota le fa o lapile ka gonne o dira ka natla kwa tirong kgotsa o lwala.

A o kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ka se o se buang le se o se dirang? A le wena o lemoga kafa bakaulengwe le bokgaitsadi ba go kgothatsang ka gone ka se ba se buang le se ba se dirang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela