LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 12/15 ts. 15-16
  • Leboga Jehofa ka Gonne o Pelotshweu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Leboga Jehofa ka Gonne o Pelotshweu
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SEKAO SE SE DI GAISANG TSOTLHE SA BOPELOTSHWEU
  • ‘Tiro e Kgolo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • ‘Yo o Pelotshweu o Tla Segofadiwa’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Jehofa o Segofatsa Moya wa go Ithaopa ka go Rata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Tiro ya Basupi ba ga Jehofa e Tshegediwa Jang?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 12/15 ts. 15-16
Mosadi o tsenya karata ya banka mo motšhineng o o swaepangr

Leboga Jehofa ka Gonne o Pelotshweu

JEHOFA o pelotshweu. (Jakobe 1:17) Re kgona go bona seo mo dilong tsotlhe tse a di bopileng. O ne a tlatsa lobopo ka dinaledi mme a dira gore lefatshe le tlale ka dimela tse dintle.—Pesalema 65:12, 13; 147:7, 8; 148:3, 4.

Mokwadi wa Pesalema 104 o ne a leboga Jehofa fela thata ka ntlha ya dilo tsotlhe tse a di bopileng, ke ka moo a neng a mo kwalela pina ya pako. Fa o bala pesalema eo, a le wena o ikutlwa fela jaaka mopesalema fa a ne a re: “Ke tla opelela Jehofa botshelo jwa me jotlhe; ke tla leletsa Modimo wa me pina fa fela ke sa ntse ke le teng”? (Pesalema 104:33) A ke se le wena o batlang go se dira?

SEKAO SE SE DI GAISANG TSOTLHE SA BOPELOTSHWEU

Jehofa o batla gore re etse sekao sa gagwe. Mme o re naya mabaka a a utlwalang a gore re dire jalo. O ne a kaela moaposetoloi Paulo go kwala jaana: “Naya ba ba humileng mo tsamaisong ya jaanong ya dilo ditaelo tsa gore ba se ka ba itseela kwa godimo, le gore ba se ka ba solofela mo dikhumong tse di sa tlhomamang, mme ba solofele mo Modimong, yo o re nayang dilo tsotlhe ka tsela e e humileng gore re di ipelele; ba lwele go dira molemo, go huma ditiro tse di molemo, go aba ka bopelontle, go iketleeletsa go abelana, ba ipolokela motheo o o molemo wa isagwe ka pabalesego, gore ba tshware botshelo jwa mmatota ka thata.”—1 Timotheo 6:17-19.

Mo lokwalong lwa bobedi lo Paulo a neng a lo kwalela Bakorintha, o ne a tlhalosa gore maitlhomo a rona e tshwanetse go nna afe fa re thusa ba bangwe. O ne a re: “A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.” (2 Bakorintha 9:7) Bopelotshweu jwa rona bo solegela mang molemo? Paulo o ne a re fa re naya batho se ba se tlhokang, re a bo re ba thusa mme gape re a bo re ithusa ka gonne Jehofa o tla re segofatsa.—2 Bakorintha 9:11-14.

Gape Paulo o ne a umaka tsela e e di gaisang tsotlhe e Modimo a bontshang bopelotshweu ka yone fa a ne a re: “A re lebogeng Modimo ka ntlha ya mpho ya gagwe ya mahala e e ka se kang ya tlhalosiwa.” (2 Bakorintha 9:15) ‘Mpho ya mahala’ ya ga Jehofa e akaretsa dilo tsotlhe tse di molemo tse a re di nayang ka Jesu Keresete. Letsatsi le ka tlhaba la bo la phirima re ntse re leka go tlhalosa kafa mpho eno e leng tlhwatlhwakgolo ka gone.

Re ka bontsha jang gore re leboga Jehofa le Jesu ka dilo tsotlhe tse ba re diretseng tsone le tse ba sa ntseng ba tla re di direla? Tsela nngwe ya go dira seno ke ka go dirisa nako, maatla le dilo tsa rona go obamela Jehofa le go thusa batho ba bangwe gore ba mo itse. Re ka dira jalo go sa kgathalesege gore a re humile kgotsa re humanegile.—1 Ditiragalo 22:14; 29:3-5; Luke 21:1-4.

Kafa Bangwe Ba Tlhophang Go Ntsha Moneelo Wa Tiro Ya Lefatshe Lotlhe Ka Gone

Batho ba le bantsi ba dira se Bakeresete ba bogologolo ba neng ba se dira, ba beela kwa thoko madi a tiro ya lefatshe lotlhe ba bo ba a tsenya mo lebokosong la moneelo la phuthego ya bone. (1 Bakorintha 16:2) Kgwedi le kgwedi diphuthego di romela meneelo eno kwa ofising ya Basupi ba ga Jehofa e e mo nageng ya bone. Gape o ka romela meneelo kwa mokgatlhong wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa ba naga e o nnang mo go yone. Go itse leina la mokgatlho oo, tsweetswee ya kwa www.jw.org mme o ikgolaganye le ofisi ya Basupi ba ga Jehofa e e mo nageng e o nnang mo go yone. O ka romela meneelo eno e e latelang:

MENEELO

  • Meneelo e e ntshiwang ka electronic bank transfer, debit card kgotsa credit card. Mo dinageng tse dingwe o ka dirisa jw.org kgotsa website e nngwe e e tshwanelang.

  • Meneelo ya madi, dibenyane kgotsa dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo. Romela lekwalo le le tlhalosang gore madi ao kgotsa dilwana tseo o di ntsha e le moneelo.

MENEELO E MENGWE

  • Meneelo ya tšhelete e fa o e tlhoka e ka busediwang kwa go wena.

  • Romela lekwalo le le tlhalosang gore go na le maemo a a ka dirang gore o busediwe moneelo o o o ntshitseng.

DITSELA TSE DINGWE TSA GO NTSHA MONEELO

Fa tlase fano, go na le ditsela tse dingwe tse re ka di dirisang go tshegetsa tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe. Pele o ntsha moneelo, tsweetswee ikgolaganye le ofisi ya lekala e e okametseng naga ya lona gore o tle o itse gore ke ditsela dife tsa go ntsha meneelo tse di amogelesegang mo lefelong le o nnang kwa lone. E re ka melao ya dinaga le melao ya makgetho e sa tshwane, botsa mongwe yo o itseng ka melao eo pele o ntsha moneelo.

Inshorense: Fa o na le inshorense e e duelang madi fa o sena go tlhokafala kgotsa go na le tšhelete e o tla e duelwang fa o sena go tlogela tiro kgotsa o na le phenshene, o ka e ntsha e le moneelo ka go kwadisa mokgatlho wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa gore e nne one o e newang.

Diakhaonto Tsa Banka: Motho a ka bula akhaonto ya banka, a nna le setifikeiti sa go beeletsa madi (certificate of deposit) kgotsa a bula akhaonto ya fa o sena go tlogela tiro jaaka trust, go ikaegile ka melao ya banka e e mo lefelong le o nnang mo go lone. Gape a ka kwala lekwalo a tlhalosa gore fa a sena go tlhokafala madi ao a newe mokgatlho wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa.

Di-Stock le Di-Bond: O ka kwala gore fa o sena go tlhokafala, di newe mokgatlho wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa.

Ditsha le Dikago: Fa o na le setsha kgotsa kago e e ka rekisiwang, o ka di abela mokgatlho wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa. Mme fa o nna mo setsheng kgotsa mo kagong eo, o ka rulaganya go tswelela o nna mo go tsone go fitlha o tlhokafala.

Inshorense e e Duelang Morokotso Ngwaga le Ngwaga: Motho a ka ntsha moneelo ka madi kgotsa ka dilwana dingwe tsa botlhokwa mme a rulaganya gore fela fa a sa ntse a tshela, ngwaga le ngwaga go nne le madi mangwe a a newang mokgatlho wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa. Go ka direga gore a gogelwe lekgetho mo go one ngwaga o a ntshang moneelo ka one.

Diwili le Di-Trust: O ka rulaganya gore fa o sena go tlhokafala, dithoto kgotsa madi a gago a ntshiwe e le moneelo. O ka dira jalo ka go kwala wili ya semolao kgotsa wa dira tumalano ya trust gore mokgatlho wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa e nne one o amogelang madi kgotsa dithoto tseo. Thulaganyo eno e ka dira gore go se ka ga gogwa lekgetho le le kalo.

O ka bona tshedimosetso e e oketsegileng ya kafa o ka ntshang moneelo ka gone go tshegetsa tiro ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa mo boroutšhareng jwa Charitable Planning to Benefit Kingdom Service Worldwide, e e gone ka Seesemane le Se-Spain. Boroutšhara jono bo tlhalosa mekgwa e o ka ntshang moneelo ka yone. Tshedimosetso e e mo boroutšhareng jono e ka nna ya se ka ya tsamaisana le maemo a gago ka gonne dinaga di na le melao e e farologaneng ya lekgetho. Ka jalo, fa o sena go bala boroutšhara jono, o tshwanetse go tlotla ka jone le mogakolodi wa gago wa semolao kgotsa wa lekgetho. Batho ba ba tshegetsang tiro ya lefatshe lotlhe ka ditsela tseno, ga ba a ka ba gogelwa lekgetho le le kalo. Fa boroutšhara jono bo le teng mo nageng e o nnang mo go yone, o ka kopa khopi ya jone mo mokwaleding wa phuthego ya lona.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, o ka ikgolaganya le ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela