Jehofa o Kaela Batho ba Gagwe mo Tseleng ya Botshelo
“Tsela ke e. Tsamayang ka yone.”—ISAIA 30:21.
PINA: 65, 48
1, 2. (a) Ke matshwao afe a a ileng a boloka matshelo a batho ba le bantsi? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Modimo o naya batho ba gagwe ditaelo dife tse di bolokang matshelo?
“EMA, LEBA, REETSA.” Go setse go fetile dingwaga di feta 100 mafoko ao a ntse a le mo matshwaong a magolo a a kwa ditseleng tse di kgabaganyang seporo sa diterena kwa North America. Ke ka ntlha yang fa a beilwe fao? Gore dikoloi tse di kgabaganyang di se ka tsa thulwa ke terena e e mo lebelong. Matshwao ano a ile a thusa go boloka matshelo a batho ba le bantsi.
2 Jehofa o re naya sengwe se se botoka thata go gaisa matshwao a pabalesego. O naya batho ba gagwe ditaelo tse di ba thusang gore ba nne le botshelo jo bo sa khutleng le go tila dikotsi. Jehofa o tshwana le modisa yo o lorato yo o kaelang le go tlhagisa dinku tsa gagwe gore di kgone go tila tsela e e kotsi.—Bala Isaia 30:20, 21.
JEHOFA GA A BOLO GO KAELA BATHO BA GAGWE
3. Go tlile jang gore batho ba feleletse ba le mo tseleng e e isang losong?
3 Fa e sa le go tloga kwa tshimologong, Jehofa o ntse a kaela batho kgotsa go ba naya ditaelo. Ka sekai, kwa tshimong ya Edene, o ne a ntsha ditaelo tse di neng di tla thusa batho gore ba tshele ka bosakhutleng ba itumetse. (Genesise 2:15-17) Mme Adame le Efa ba ne ba gana go latela ditaelo tse Rraabone yo o lorato a neng a ba neile tsone. Efa o ne a reetsa kgakololo e go neng go bonala e kete e tswa mo nogeng mme Adame ene, o ne a reetsa mosadi wa gagwe. Ba feletse kae? Ba ile ba boga le go swa ba se na tsholofelo. Mo godimo ga moo, botlhokakutlo jwa bone bo ile jwa tsenya batho botlhe mo tseleng e e isang losong.
4. (a) Ke eng fa ditaelo tse disha di ne di tlhokega morago ga Morwalela? (b) Maemo a masha a ne a senola jang tsela e Modimo a lebang dilo ka yone?
4 Modimo o ne a naya Noa ditaelo tse di neng tsa boloka botshelo jwa gagwe le jwa ba lelapa lwa gagwe. Morago ga Morwalela, Jehofa o ne a laela batho gore ba se ka ba ja madi le go a a nwa. Ka ntlha yang? Jehofa o ne a letlelela batho gore ba je nama. E re ka jaanong maemo a ne a fetogile, go ne go tlhokega ditaelo tseno tse disha: “Fela nama e e nang le moya wa yone—madi a yone—lo se ka lwa e ja.” (Genesise 9:1-4) Taelo eno e re ruta sengwe ka tsela e Modimo a lebang botshelo ka yone. Ke ene a re bopileng e bile ke ene a re neileng botshelo, ka jalo, o na le tshwanelo ya go re beela melao ya gore re tshele jang. Ka sekai, o ne a ntsha taelo ya gore batho ba se ka ba bolaana. Modimo o tsaya botshelo le madi di le boitshepo e bile o tla otlhaya ope fela yo o sa di diriseng ka tsela e e siameng.—Genesise 9:5, 6.
5. Re tlile go sekaseka eng mme ka ntlha yang?
5 Modimo o ne a tswelela a kaela batho ba gagwe morago ga motlha wa ga Noa. Mo setlhogong seno, re tla sekaseka dikai di le mmalwa tsa kafa a ileng a ba kaela ka gone. Go dira jalo go tla re thusa gore re ititeye sehuba go latela kaelo ya ga Jehofa go fitlha re tsena mo lefatsheng le lesha.
SETŠHABA SE SESHA, DITAELO TSE DISHA
6. Ke eng fa go ne go le botlhokwa gore batho ba Modimo ba ikobele melao e Modimo a neng a e neile Moshe, mme ba ne ba tshwanetse go e leba jang?
6 Ka nako ya ga Moshe, Jehofa o ne a naya batho ba gagwe ditaelo tsa kafa ba tshwanetseng go itshwara le go mo obamela ka gone. Ka ntlha yang? Ka gonne maemo a ne a fetogile. Go ne go fetile dingwaga di feta 200 Baiseraele e le makgoba kwa Egepeto e bile ba dikologilwe ke batho ba ba neng ba obamela baswi, ditshwantsho le dilo tse dingwe tse di neng di tlontlolola Modimo. Fa batho ba Modimo ba gololwa kwa Egepeto, ba ne ba tlhoka ditaelo tse disha. Ba ne ba tla nna setšhaba se se neng se latela Molao wa ga Jehofa. Dibuka dingwe di a re lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “molao” le tsamaisana le lefoko le le kayang “go kaela le go laela.” Molao o ne o sireletsa Baiseraele mo boitshwarong jo bo sa siamang le mo kobamelong ya maaka e e neng e latelwa ke ditšhaba tse dingwe. Fa Baiseraele ba ne ba reetsa Modimo, o ne a ba segofatsa. Fa ba sa mo ikobele, ba ne ba diragalelwa ke dilo tse di botlhoko.—Bala Duteronome 28:1, 2, 15.
7. (a) Tlhalosa lebaka la go bo Jehofa a ne a naya batho ba gagwe ditaelo. (b) Molao o ne o tshwana jang le mogogi wa Iseraele?
7 Go na le lebaka le lengwe le le neng le dira gore go nne le ditaelo tse disha. Molao o ne o baakanyetsa Baiseraele tiragalo nngwe ya botlhokwa mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa ga Jehofa, e leng go tla ga ga Mesia, Jesu Keresete. Molao o ne o gopotsa Baiseraele gore ke baleofi. Gape o ne o ba thusa go tlhaloganya gore ba ne ba tlhoka thekololo, e leng, setlhabelo se se se nang boleo se se neng se tla tlosa maleo a bone ka bosakhutleng. (Bagalatia 3:19; Bahebera 10:1-10) Mo godimo ga moo, Molao o ne o sireletsa losika lo Mesia a neng a tla tswa mo go lone e bile o ne o thusa Baiseraele go lemoga gore Mesia o tla bonala leng. Ga go pelaelo gore Molao e ne e le taelo ya nama o sa tshwere kgotsa “mogogi” yo o isang kwa go Keresete.—Bagalatia 3:23, 24.
8. Ke eng fa re tshwanetse go kaelwa ke melaometheo e e mo Molaong wa ga Moshe?
8 Le rona ditaelo tseno tse di mo Molaong wa ga Jehofa di ka re thusa thata. Ka tsela efe? Re ka ema le go leba melaometheo e e mo Molaong ono. Tota le fa re sa tlhole re tshela go ya ka melao eo, re sa ntse re ka e dirisa go re kaela mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi le mo kobamelong ya rona. Jehofa o kwadile melao eo mo Baebeleng ka gonne a batla gore re ithute mo go yone, re latele melaometheo ya yone le go leboga Jesu go bo a ile a re ruta sengwe se se botoka thata go gaisa Molao. Reetsa mafoko ano a ga Jesu: “Lo utlwile gore go ne ga twe, ‘O se ka wa dira boaka.’ Mme nna ke lo raya ke re mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” Ka jalo, ga se kgang fela ya go tila boaka go na le moo re tshwanetse go tila dikakanyo le dikeletso tse di sa siamang.—Mathaio 5:27, 28.
9. Ke maemo afe a a neng a tlhoka gore Modimo a ntshe ditaelo tse disha?
9 Fa Mesia a sena go tlhagelela, Jehofa o ne a ntsha ditaelo tse disha le go senola dintlha tse di oketsegileng ka boikaelelo jwa gagwe. Ke eng fa seno se ne se tlhokega? Ka ngwaga wa 33, Jehofa o ne a kgaogana le setšhaba sa Iseraele mme a tlhopha phuthego ya Bokeresete gore e nne batho ba gagwe. Ka jalo, maemo a ne a tshotse phekelo e sele.
DITAELO TSE DI DIRETSWENG ISERAELE WA SEMOYA
10. Ke eng fa phuthego ya Bokeresete e ne e newa melao e mesha mme melao eo e ne e farologane jang le e e neng ya newa Baiseraele?
10 Jehofa o ne a neile Baiseraele Molao wa ga Moshe ka gonne a ne a batla go ba ruta kafa ba tshwanetseng go tshela le go mo obamela ka gone. Go simologa ka dingwaga tsa bo100, batho ba Modimo ba ne ba tswa mo ditšhabeng tse di farologaneng e bile ba godile ka ditsela tse di sa tshwaneng mme ba ne ba bidiwa Iseraele wa semoya. Ba ne ba nna phuthego ya Bokeresete e bile ba le mo kgolaganong e ntšha. Jehofa o ne a ba naya ditaelo tse disha kgotsa tse di oketsegileng tsa kafa ba tshwanetseng go tshela le go mo obamela ka gone. Boammaaruri ke gore, “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Ditiro 10:34, 35) Ba ne ba latela “molao wa ga Keresete” o o neng o theilwe mo melaometheong e e kwadilweng mo dipelong tsa bone mme e seng mo matlapeng. Molao ono o ne o tla kaela le go thusa Bakeresete gongwe le gongwe kwa ba neng ba nna gone.—Bagalatia 6:2.
11. “Molao wa ga Keresete” o ne o tla ama dikarolo dife tse pedi tsa botshelo jwa Mokeresete?
11 Jehofa o ne a dirisa Jesu go kaela Iseraele wa semoya. Pele Jesu a dira kgolagano e ntšha, o ne a ntsha ditaelo tse pedi tsa botlhokwa. Ya ntlha e ne e amana le tiro ya go rera. Ya bobedi e ne e amana le tsela e Bakeresete ba tshwanetseng go tshela le go dirisana ka yone. Ditaelo tseno di kwaletswe Bakeresete botlhe, go akaretsa le rona, go sa kgathalesege gore a re na le tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng.
12. Tiro ya go rera e ne ya anama jang?
12 Mo nakong e e fetileng, batho ba ditšhaba tse dingwe ba ne ba tshwanetse go ya kwa Iseraele fa ba batla go direla Jehofa. (1 Dikgosi 8:41-43) Moragonyana, Jesu o ne a ntsha taelo e e mo go Mathaio 28:19, 20. (E bale.) Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re ba ‘tsamaye’ ba ye kwa bathong botlhe. Ka Pentekosete ya ngwaga wa 33, Jehofa o ne a bontsha gore o batla gore dikgang tse di molemo di rerwe mo lefatsheng lotlhe. Mo letsatsing leo, maloko a phuthego e ntšha a ka nna 120 a ne a tladiwa ka moya o o boitshepo le go simolola go bua ka dipuo tse di farologaneng tsa Bajuda le basokologi. (Ditiro 2:4-11) Fa nako e ntse e ya, ba ne ba rera le kwa Samarea. Go tswa foo, ka ngwaga wa 36, ba ne ba rera le kwa Baditšhabeng ba ba sa rupisiwang. Seno se ne se raya gore Bakeresete ba ne ba tshwanetse go rera mo lefatsheng lotlhe!
13, 14. (a) “Taelo e ntšha” ya ga Jesu e akaretsa eng? (b) Re ithuta eng mo sekaong sa ga Jesu?
13 Gape Jesu o ne a ntsha “taelo e ntšha” ya kafa re tshwanetseng go dirisana ka gone le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. (Bala Johane 13:34, 35.) Re tshwanetse go ba bontsha letsatsi le letsatsi gore re a ba rata e bile gape re tshwanetse go ikemisetsa go ba swela. Molao wa ga Moshe o ne o se na taelo eno.—Mathaio 22:39; 1 Johane 3:16.
14 Jesu o re tlhometse sekao se se molemo sa go rata ba bangwe ka pelo yotlhe. O ne a rata barutwa ba gagwe thata jaana mo a neng a ba swela. Mme o lebeletse gore balatedi botlhe ba gagwe le bone ba dire jalo. Ka jalo, re tshwanetse go itshoka le e leng go swela bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona.—1 Bathesalonika 2:8.
DITAELO TSA GONE JAANONG LE TSA MO ISAGWENG
15, 16. Ke maemo afe a masha a re lebaneng le one gone jaanong mme Modimo o re kaela jang?
15 Jesu o tlhomile “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” gore a neye balatedi ba gagwe “dijo tsa bone [tsa semoya] ka nako e e tshwanetseng.” (Mathaio 24:45-47) Dijo tseno di akaretsa ditaelo tsa botlhokwa tse di nnang gone fa maemo a batho ba Modimo a fetoga. Maemo a rona a fetogile jang?
16 Re tshela mo “metlheng ya bofelo” e bile go ise go ye kae go tlile go nna le pitlagano e kgolo go di gaisa tsotlhe tse di kileng tsa nna gone. (2 Timotheo 3:1; Mareko 13:19) Mo godimo ga moo, Satane le madimona a gagwe ba latlhetswe mo lefatsheng e bile ba bakela batho kutlobotlhoko e e seng kana ka sepe. (Tshenolo 12:9, 12) Gape re ikobela taelo ya ga Jesu ya go rerela batho ba lefatshe lotlhe ka dipuo tse dintsi go feta le fa e le leng pele!
17, 18. Re tshwanetse go tsiboga jang fa re newa ditaelo?
17 Phuthego ya Modimo e re naya didirisiwa di le dintsi tse di re thusang mo bodireding. A o a di dirisa? Fa re le kwa dipokanong, re newa ditaelo tse disha tsa kafa re ka di dirisang ka teng ka tsela e e molemo thata. A o tsaya dikaelo tseno e le tse di tswang kwa Modimong?
18 Fa re batla gore Modimo a re segofatse, re tshwanetse ikobela ditaelo tsotlhe tse a re nayang tsone a dirisa phuthego ya Bokeresete. Fa re ikobela ditaelo tseno gone jaanong, go tla nna motlhofo gore re ikobele ditaelo tse di tla ntshiwang ka “pitlagano e kgolo” fa lefatshe le le bosula la ga Satane le tla bo le senngwa. (Mathaio 24:21) Go tswa foo, re tla tlhoka ditaelo tse disha tse di tla re thusang go tshela mo lefatsheng le lesha la tshiamo le le tla bong le sa tlhotlhelediwe ke Satane.
Re tla newa memeno e e nang le ditaelo tse disha tsa kafa re tshwanetseng go tshela ka gone mo Paradaiseng (Bona serapa 19, 20)
19, 20. Ke memeno efe e e tla bulwang mme go tla nna le diphelelo dife?
19 Ka nako ya ga Moshe, Baiseraele ba ne ba tlhoka ditaelo tse disha, ka jalo, Modimo o ne a ba naya Molao. Moragonyana phuthego ya Bokeresete e ne ya tshwanelwa ke go latela “molao wa ga Keresete.” Ka tsela e e tshwanang, Baebele ya re re tla amogela memeno e mesha e e nang le ditaelo tse disha kwa Paradaiseng. (Bala Tshenolo 20:12.) Go ka direga gore memeno eo e tla bo e tlhalosa tsela e Jehofa a batlang gore re tshele ka yone ka nako eo. Fa re e ithuta, rona mmogo le batho ba ba tla bong ba tsositswe, re tla kgona go itse se Modimo a se lebeletseng mo go rona. Memeno eno e tla re thusa go tlhaloganya tsela e Jehofa a akanyang ka yone. Gape re tla bo re tlhaloganya Baebele botoka thata, ka jalo, kwa Paradaiseng, re tla dirisana ka lorato le ka tlotlo. (Isaia 26:9) Akanya fela dilo tse dintsi tse Kgosi Jesu Keresete a tla re thusang go di ithuta!
20 Fa re latela ditaelo tse di ‘kwadilweng mo momenong’ e bile re nna re ikanyega mo go Jehofa ka nako ya teko ya makgaolakgang, Jehofa o tla kwala maina a rona mo ‘momenong wa botshelo’ mme a tla nnela ruri. Re tla tshela ka bosakhutleng! Ka jalo, re tshwanetse go EMA fa re bala se se mo Baebeleng, re LEBE go tlhaloganya se e se buang, le go REETSA ka go ikobela ditaelo tsa Modimo gone jaanong. Fa re dira jalo, re tla falola pitlagano e kgolo e bile re tla ithuta go ithuta ka Modimo wa rona yo o lorato e bong Jehofa ka bosakhutleng.—Moreri 3:11; Baroma 11:33.