Go Dira le Molebedi
“Ke eme mo toreng ya tebelo ka metlha motshegare, Jehofa, gape ke eme mo lefelong la me la go lebelela masigo otlhe.”—ISAIA 21:8, (NW).
1. Jehofa ka boene ke mosupi wa ditsholofetso dife tse di molemolemo?
JEHOFA ke Modiragatsamaikaelelo yo Mogolo. Moengele wa motsuolodi yo o neng a fetoga Satane Diabolo a ka se atlege go kgoreletsa maikaelelo a Gagwe a a molemo a go itshekisa leina la Gagwe le go tlhoma Bogosi jo bo tla busang lefatshe la paradaise. (Mathaio 6:9, 10) Mo pusong eo, batho ba tla itumela tota. Modimo o tla bo a “komeditse loso ka bosakhutleng; Morena Modimo o tlaa phimola dikeledi mo matlhong otlhe.” Batho ba ba itumetseng ba ba utlwanang ba tla tshela ka kagiso le katlego ka bosakhutleng. (Isaia 25:8; 65:17-25) Jehofa ke mosupi wa gagwe ka namana wa gore o tla diragatsa ditsholofetso tseno tse di molemolemo!
2. Jehofa o ile a tlhagisa basupi bafe ba batho?
2 Le fa go ntse jalo, gape Mmopi yo Mogolo o na le basupi ba batho. Mo metlheng ya pele ga Bokeresete ‘bontsintsi jo bogolo jwa basupi,’ go tloga ka Abele, ba ile ba bontsha boitshoko, ka dinako tse dingwe ba dira jalo ba lebana le mathata a a boitshegang. Gompieno dikao tsa bone tse di molemo di kgothatsa Bakeresete ba ba ikanyegang. Keresete Jesu ke sekao se se molemo go gaisa sa mosupi yo o pelokgale. (Bahebera 11:1–12:2) Ka sekai, gopola mafoko a gagwe a bofelo a o neng a a bua fa pele ga Ponto Pilato. Jesu o ile a re: “Ke tsaletswe sone seno, e bile ke tletse sone seno mo lefatsheng, gore ke neye bosupi ka boammaaruri.” (Johane 18:37) Go tloga ka 33 C.E. go fitlha mo ngwageng ono wa 2000 C.E., Bakeresete ba ba tlhoafetseng ba ile ba etsa sekao sa ga Jesu mme ba ile ba tswelela pele ka go neela bosupi, ba bolela “dilo tse dikgolo tsa Modimo” ka bopelokgale.—Ditiro 2:11.
Makoko a Sebabelona
3. Satane o ile a ganetsa jang bosupi jo bo neelwang ka Jehofa le thato ya gagwe?
3 Go fetile diketekete tsa dingwaga Moganetsi yo mogolo, Satane Diabolo, ka boikepo a leka go nyenyefatsa bosupi jwa basupi ba Modimo. E re ka “kgogela e kgolo . . . noga ya kwa tshimologong” e le “ramaaka,” o ntse a ‘timetsa lefatshe lotlhe le le nang le banni.’ O ntse a sa ipone tsapa mo go lweng ga gagwe le batho ba ba “bolokang ditaolo tsa Modimo,” segolobogolo mo malatsing ano a bofelo.—Johane 8: 44; Tshenolo 12:9, 17.
4. Babelona o Mogolo o nnile gone jang?
4 Dingwaga di ka nna 4 000 tse di fetileng, morago ga Morwalela wa motlha wa ga Noa, Satane o ile a tlhagisa Nimerote, “motsomi yo o nonofileng fa pele ga Jehofa.” (Genesise 10:9, 10) Motse o mogolo wa ga Nimerote, Babelona (Babela), e ne ya nna boremelelo jwa bodumedi jwa teng jwa bodimona. Fa Jehofa a sena go tlhakatlhakanya dipuo tsa batho bao ba ba neng ba aga tora ya Babela, ba ne ba anama le lefatshe lotlhe, mme ba ne ba tsamaya le bodumedi jwa bone jwa maaka. Ka gone, Babelona e ne ya nna motswedi wa mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka, o mo bukeng ya Tshenolo o bidiwang gore ke Babelona o Mogolo. Buka eo e bolelela pele go senngwa ga tsamaiso eno ya bogologolo ya bodumedi.—Tshenolo 17:5; 18:21.
Setšhaba sa Basupi
5. Ke setšhaba sefe se Jehofa a neng a se rulaganya go nna mosupi wa gagwe, mme gone ke eng fa a ile a letla gore se isiwe botshwarwa?
5 Mo e ka nnang dingwaga di le 500 morago ga motlha wa ga Nimerote, Jehofa o ne a rulaganya ditlogolwana tsa ga Aborahame yo o ikanyegang go nna setšhaba sa Iseraele gore e nne mosupi wa Gagwe mo lefatsheng. (Isaia 43:10, 12) Bontsi jwa batho ba setšhaba seo ba ne ba direla Jehofa ka boikanyegi. Le fa go ntse jalo, go ralala makgolokgolo a dingwaga, ditumelo tsa maaka tsa ditšhaba tse di neng di agisane le Iseraele di ile tsa ba tshwaetsa, mme setšhaba seno se Jehofa a dirileng kgolagano le sone se ne sa mo tlhanogela sa inaakanya le kobamelo ya medimo ya maaka. Ka gone, ka 607 B.C.E., masole a Babelona, a a neng a eteletswe pele ke Kgosi Nebukadenesare, a ne a senya Jerusalema le tempele ya yone mme a isa bontsi jwa Bajuda botshwarong kwa Babelona.
6. Ke dikgang dife tse di molemo tse molebedi wa ga Jehofa wa boporofeti a neng a di itsise, mme di ne tsa direga leng?
6 A bo bodumedi jwa maaka bo ne bo fentse ka phenyo e kgolo jang ne! Le fa go ntse jalo, bolaodi jwa Babelona bo ne jwa se ka jwa nnela ruri. Dingwaga di ka nna 200 pele ga tiragalo eo, Jehofa o ne a laela jaana: “Ya o tlhome molebedi; a a kakanye se o se bonang.” Molebedi yono o ne a tshwanetse go itsise dikgang dife? “Babilone o ole, o ole; ditshwantsho tsotlhe tse di setilweng tsa medimo ya gagwe di robaganyeditswe fa fatshe”! (Isaia 21:6, 9, NW) Mafoko ano a boporofeti a ne a direga fela jalo ka 539 B.C.E. Babelona o o nonofileng o ne a phutlhama, mme batho ba Modimo a dirileng kgolagano le bone ba kgona go boela kwa nagagaeng ya bone.
7. (a) Bajuda ba ne ba ithuta eng go tswa mo kotlhaong e Jehofa a neng a ba neile yone? (b) Bajuda ba ba neng ba buile kwa botshwarong ba ne ba wela mo diraing dife, mme ga nna le matswela afe?
7 Bajuda ba ba neng ba boela gae ba ne ba ithutile thuto e e molemo ya gore ba kgaogane le kobamelo ya medingwana le bodumedi jwa meya. Le fa go ntse jalo, fa dingwaga di ntse di ya, ba ne ba wela mo diraing tse dingwe gape. Bangwe ba ne ba inaakanya le filosofi ya Bagerika. Ba bangwe ba ne ba simolola go tsaya dingwao tsa batho di le botlhokwa go feta Lefoko la Modimo. Ba bangwe bone ba ne ba faposiwa go nna le moya wa bosetšhaba. (Mareko 7:13; Ditiro 5:37) Ka nako ya fa Jesu a tsholwa, setšhaba seno se ne se boetse se tlhanogetse kobamelo e e itshekileng. Le mororo Bajuda bangwe ba ile ba tsibogela dikgang tse di molemo tse di neng di bolelwa ke Jesu, setšhaba ka kakaretso se ne sa mo gana mme ka ntlha ya seo Modimo le ene a se latlha. (Johane 1:9-12; Ditiro 2:36) Iseraele e ne e sa tlhole e le mosupi wa Modimo, mme ka ngwaga wa 70 C.E., Jerusalema le tempele ya yone di ne tsa gapiwa gape, mo lekgetlong leno di gapiwa ke masole a Roma.—Mathaio 21:43.
8. Ke bomang ba e neng ya nna mosupi wa ga Jehofa, mme ke eng fa tlhagiso ya ga Paulo e ne e tshwanela mosupi yono?
8 Ka nako eo, go ne ga tsalwa “Iseraele wa Modimo” wa Bokeresete, mme jaanong ya nna ene mosupi wa Modimo mo ditšhabeng. (Bagalatia 6:16) Go ise go ye kae, ke fa Satane a loga leano la go tshwaetsa setšhaba seno se sesha. Fa lekgolo la ntlha la dingwaga le ya bokhutlong, ke fa go setse go na le makoko mo diphuthegong. (Tshenolo 2:6, 14, 20) Kgakololo eno ya ga Paulo e ne e tshwanela tota: “Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka thopo ya gagwe ka botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho, go ya ka dilo tsa tshimologo tsa lefatshe mme e seng go ya ka Keresete.”—Bakolosa 2:8.
9. Fela jaaka Paulo a ile a tlhagisa, ke dilo dife tse di neng tsa felela ka gore go nne le Labokeresete?
9 Kgabagare, filosofi ya Segerika, megopolo ya bodumedi ya Sebabelona, moragonyana le “botlhale” jwa batho jo bo jaaka thuto ya thutotlhagelelo le botshwayadiphoso jwa maemo a a kwa godimo, di ne tsa leswafatsa bodumedi jwa bontsi jwa ba ba neng ba ipitsa Bakeresete. Go ne go ntse fela jaaka Paulo a ile a bolelela pele jaana: “Ke itse gore fa ke sena go tsamaya diphiri tse di gatelelang di tla tsena gareng ga lona mme ga di na go tshwara letsomane ka tlekeetso, e bile gareng ga lona ka bolona go tla tsoga banna mme ba tla bua dilo tse di sokegileng gore ba gogele barutwa kwa go bone.” (Ditiro 20:29, 30) Ka ntlha ya botlhanogi jono, go ne ga nna le Labokeresete.
10. Ke ditiragalo dife tse di neng tsa senola gore ga se batho botlhe ba ba neng ba ineelela kobamelo e e leswafetseng ya Labokeresete?
10 Batho ba ruri ba neng ba ineetse ka pelo yotlhe mo kobamelong e e itshekileng ba ne ba tshwanelwa ke “go tlhabana tlhabano ka thata [ba] tlhabanela tumelo e e neng ya newa baitshepi.” (Jude 3) A bosupi jo bo emang Jehofa le kobamelo e e itshekileng nokeng bo ne bo tla nyelela mo lefatsheng? Nnyaa. Fa nako e ntse e atamela ya gore Satane wa motsuolodi a nyelediwe le ditiro tsotlhe tsa gagwe, go ne ga bonala sentle gore ga se batho botlhe ba ba neng ba ineeletse kobamelo ya botlhanogi ya Labokeresete. Mo karolong ya bofelo ya lekgolo la bo19 la dingwaga, go ne ga rulaganngwa setlhopha sa Baithuti ba ba tlhagafetseng ba Baebele kwa Pittsburgh, Pennsylvania, U.S.A., mme ba nna motheo wa basupi ba Modimo ba segompieno. Bakeresete bano ba ne ba lemotsha batho bosupi jwa Dikwalo jwa gore bokhutlo jwa tsamaiso ya gone jaanong ya dilo bo ne bo atametse. Fela jaaka boporofeti jwa Baebele bo ile jwa bolela, “bokhutlo” jwa lefatshe leno bo ne jwa simologa ka 1914 mme bo ile jwa tshwaega ka go runya ga ntwa ya ntlha ya lefatshe. (Mathaio 24: 3, 7) Go na le bosupi jo bo nonofileng jwa gore Satane le lesomo la gagwe la badimona ba ne ba lelekwa kwa legodimong ka ngwaga oo. Lekgolo la bo20 la dingwaga le le tletseng ka mathata le ile la neela bosupi jo bo bonalang sentle jwa ditiro tsa ga Satane le go diragatsa sesupo sa go nna gone ga ga Jesu a le mo maatleng a gagwe a Bogosi jwa selegodimo.—Mathaio, kgaolo 24 le 25; Mareko, kgaolo 13; Luke, kgaolo 21; Tshenolo 12:10, 12.
11. Satane o ile a leka go dira eng, mme maiteko a gagwe a ne a retela jang?
11 Ka June 1918, Satane o ne a leka go nyeletsa baithuti bao ba Baebele ba ka nako eo ba neng ba rera mo dinageng di le mmalwa. Gape o ile a leka go nyeletsa mokgatlho wa bone wa semolao, e leng Watch Tower Bible and Tract Society. Badiredi ba bagolo ba Mokgatlho ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong ka ditatofatso tsa maaka tsa gore ba tsuologela puso, fela jaaka Jesu le ene a ile a latofadiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (Luke 23:2) Mme ka 1919, badiredi bano ba ne ba gololwa, e leng se se neng sa ba thusa go tswelela pele ka bodiredi jwa bone. Moragonyana melato ya bone e ne ya phimolwa gotlhelele.
“Molebedi” o Lebeletse
12. Ke bomang gompieno ba ba bopang setlhopha sa “molebedi” wa ga Jehofa, kana modisa, mme ba ile ba nna le boikutlo bofe?
12 Ka gone, fa “nako ya bokhutlo” e ne e simologa, Jehofa o ne a tlhoma molebedi gape go tlhagisa batho ka ditiragalo tse di malebana le go diragadiwa ga maikaelelo a Gagwe. (Daniele 12: 4; 2 Timotheo 3:1) Go fitlha jaanong, setlhopha sa molebedi—Bakeresete ba ba tloditsweng, Iseraele wa Modimo—se ntse se dira dilo go dumalana le tlhaloso ya ga Isaia ya molebedi yo go buiwang ka ene mo boporofeting: “A ela tlhoko thata, ka kelotlhoko e kgolo. Mme a tlhaeletsa jaaka tau: ‘Ke eme mo toreng ya tebelo ka metlha motshegare, Jehofa, gape ke eme mo lefelong la me la go lebelela masigo otlhe.’” (Isaia 21: 7, 8, NW) Yono ke molebedi yo o tsayang tiro ya gagwe masisi!
13. (a) Molebedi wa ga Jehofa o ile a itsise molaetsa ofe? (b) Go ka bolelwa jang ga twe Babelona o Mogolo o ole?
13 Ke eng se molebedi yono a ileng a se bona? Molebedi wa ga Jehofa, setlhopha sa gagwe sa basupi, se ile sa itsise gape jaana: “O ole! Babelona o ole, le ditshwantsho tsotlhe tse di betlilweng tsa medimo ya gagwe o di thubaganyeditse fa fatshe!” (Isaia 21: 9, NW) Mo lekgetlong leno, morago ga Ntwa ya Lefatshe I, ke Babelona o Mogolo, mmusomogolo wa bodumedi jwa maaka, o o phutlhamisiwang go tswa mo taolong. (Jeremia 50:1- 3; Tshenolo 14:8) Seno ga se gakgamatse! Ntwa e Kgolo, jaaka fa e ne e bidiwa jalo ka nako eo, e ne ya simologa mo go Labokeresete, moo baruti ba matlhakore oomabedi a a lwang ba neng ba kuketsa molelo ka go rotloetsa basha ba bone go tsenela ntwa. A matlhabisaditlhong! Ka 1919, Babelona o Mogolo o ne a se ka a kgona go thibela Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsege ka nako eo, go tswa mo boemong jwa bone jwa go se nne tlhaga semoyeng mme ba nna le seabe mo letsholong le le sa ntseng le tsweletse le gone jaanong la go neela bosupi mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:14) Seno se ne sa tshwaya go wa ga Babelona o Mogolo, fela jaaka go gololwa ga Baiseraele go ne go tshwaya go phutlhama ga Babelona wa bogologolo mo lekgolong la bo6 la dingwaga B.C.E.
14. Ke makasine ofe o setlhopha sa ga Jehofa sa molebedi se ileng sa o dirisa thata, mme Jehofa o ile a segofatsa jang tsela e o dirisiwang ka yone?
14 Setlhopha sa molebedi ga se bolo go nna se dira tiro ya sone ka tlhagafalo le ka keletso e kgolo ya go batla go dira dilo ka tsela e e siameng. Ka July 1879, Baithuti ba Baebele ba ne ba simolola go gatisa makasine ono, o ka nako eo o neng o bidiwa Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence. Kgatiso nngwe le nngwe ya one go tloga ka ya 1879 go fitlha ka ya December 15, 1938, e ne e na le setlhogo sa kafa ntle se se neng se na le mafoko ano a a reng “‘Molebedi, go Tweng ka Bosigo?’—Isaia 21:11.”a Tora ya Tebelo e na le dingwaga tse 120 e etse ditiragalo tsa lefatshe tlhoko ka boikanyegi le go ela tlhoko tsela e di amanang le boporofeti ka yone. (2 Timotheo 3:1-5, 13) Setlhopha sa Modimo sa molebedi le ditsala tsa sone tsa “dinku tse dingwe” se ile sa dirisa makasine ono go itsise batho ka botlhaga gore bolaodi jwa ga Jehofa ka Bogosi jwa ga Keresete bo tla tloga bo tlotlomadiwa. (Johane 10:16) A Jehofa o ile a segofatsa bosupi jono? Ebu, go tloga fa Tora ya Tebelo e ne e gatisiwa la ntlha ka dikhopi tse 6 000 ka 1879, tsela e e anamisiwang ka yone mo lefatsheng lotlhe e ile ya oketsega go nna dikhopi di le 22 000 000 ka dipuo di le 132—di le 121 tsa tsone di gatisiwa ka nako e le nngwe. A bo go tshwanela jang ne gore makasine wa bodumedi o o anamisiwang ka bontsi go gaisa tsotlhe mo lefatsheng ke o o tlotlomatsang leina la Modimo wa boammaaruri, Jehofa!
Go Itshekisiwa Kgato ka Kgato
15. Ke go itshekisiwa gofe go go neng ga dirwa kgato ka kgato go go neng ga simologa le e leng pele ga 1914?
15 Mo dingwageng di ka nna 40 go fitlha fa puso ya ga Keresete ya selegodimo e ne e simolola go busa ka 1914, Baithuti ba Baebele ba ile ba gololesega mo bontsing jwa dithuto tsa Labokeresete tse e seng tsa Baebele, tse di jaaka go kolobediwa ga masea, go se swe ga moya wa motho, pakatori, tlhokofatso ya molelo wa dihele, le gore Modimo ke Tharonngwe. Mme go ile ga tsaya nako e ntsinyana gore ba ikgaoganye gotlhelele le dithuto tsotlhe tsa maaka. Ka sekai, ka bo1920 bontsi jwa Baithuti ba Baebele ba ne ba kopela sepelete se se nang le setshwantsho sa sefapaano le korone, e bile ba ne ba keteka Keresemose le diholitei tse dingwe tsa boheitane. Le fa go ntse jalo, gore bodumedi bo nne boitshepo, bo tshwanetse go tlogela dilo tsotlhe tse di amanang le kobamelo ya medingwana. Lefoko la Modimo e leng Baebele e e Boitshepo, le tshwanetse go nna motheo wa konokono wa tumelo ya Mokeresete le tsela ya gagwe ya botshelo. (Isaia 8: 19, 20; Baroma 15: 4) Go phoso go oketsa kana go fokotsa sengwe mo Lefokong la Modimo.—Duteronome 4:2; Tshenolo 22:18, 19.
16, 17. (a) Ke dithuto dife tsa maaka tse setlhopha sa molebedi se neng sa fetsa masome a dingwaga se di dumela? (b) Tlhaloso e e siameng ya se “sebeso” le “sefikantswe” sa Egepeto e leng sone ke efe?
16 Sekai sengwe se tla bontsha kafa molaomotheo ono o leng botlhokwa ka teng. Ka 1886 fa C. T. Russell a ne a gatisa buka e e neng ya bidiwa The Divine Plan of the Ages, bolumo eno e ne e na le tšhate e e neng e amanya metlha ya batho le Phiramiti e Kgolo ya Egepeto. Go ne go akanngwa gore sefikantswe seno sa ga Faro Khufu e ne e le sone sefikantswe seno se go buiwang ka sone mo go Isaia 19:19, 20: “Mo letsatsing leo go tlaa nna sebeso, e le sa ga Jehofa, fa gare ga lefatshe la Egepeto, le sefikantswe se se motloutlo, e le sa ga Jehofa, fa molelwaneng wa lone. E tlaa nna sekao le sesupo sa ga Jehofa wa masomosomo mo lefatsheng la Egepeto.” Phiramiti eno e ne e ka amana jang le Baebele? Ebu, ka sekai fela, go ne go tsewa gore boleele jwa megogoro mengwe ya Phiramiti e Kgolo e ne e bontsha nako e “pitlagano e kgolo” ya Mathaio 24: 21 e neng e tla simologa ka yone, go ya kafa e neng e tlhaloganngwa ka teng ka nako eo. Baithuti bangwe ba Baebele ba ne ba simolola go inaakanya thata le go lekanya dikarolo tse di farologaneng tsa phiramiti eno go bona ka tsone dilo tse di jaaka gore ba ne ba tla tseelwa leng kwa legodimong!
17 Selo seno se go neng go twe ke Baebele mo Letlapeng se ne sa tlotlwa thata ka masomesome a dingwaga, go fitlha fa dimakasine tsa Tora ya Tebelo tsa November 15 le December 1, 1928, di ne di tlhalosa dilo sentle gore Jehofa o ne a sa tlhoke gore a agelwe sefikantswe ke bofaro ba baheitane le se se neng se na le matshwao a bodimona a tepodinaledi go tlhomamisa bosupi jo bo mo Baebeleng. Go na le moo, go ne ga lemogiwa fa boporofeti jwa ga Isaia bo ne bo tlile go diragadiwa ka tsela ya semoya. Fela jaaka mo go Tshenolo 11:8, “Egepeto” e emela lefatshe la ga Satane. ‘Sebeso sa ga Jehofa’ se re gopotsa ditlhabelo tsa Bakeresete ba ba tloditsweng tse Jehofa a di itumelelang fa e sa ntse e le baagi ba nakwana ba lefatshe leno. (Baroma 12:1; Bahebera 13:15, 16) Sefikantswe se se fa “melelwaneng [ya Egepeto]” se emela phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng, e e leng “pilara le setshegetso sa boammaaruri,” le e e emeng e le sesupo mo “Egepeto,” lefatshe le ba tlogang ba tswa mo go lone.—1 Timotheo 3: 15.
18. (a)Jehofa o ile a tswelela pele jang go thusa Baithuti ba Baebele ba ba tlhoafetseng go tlhaloganya dilo botoka? (b) Fa Mokeresete a sa tlhaloganye tsela e e tokafaditsweng e Dikwalo di tlhalosiwang ka yone, ke boikutlo bofe jo bo molemo jo a tshwanetseng go nna le jone?
18 Fa dingwaga di ntse di feta, Jehofa o tswelela pele go re thusa go tlhaloganya boammaaruri sentle, go akaretsa le go tlhaloganya lefoko la gagwe la boporofeti sentle. (Diane 4: 18) Mo dingwageng tsa bosheng jaana, re ile ra kgothalediwa go tlhaloganya dilo botoka—gareng ga tse dingwe—kokomana e e se kitlang e feta pele bokhutlo bo tla, setshwantsho sa dinku le dipodi, selo se se ferosang sebete le gore se tla ema leng mo lefelong le le boitshepo, kgolagano e ntšha, go fetoga ponalo, le ponatshegelo ya tempele ya buka ya Esekiele. Ka dinako tse dingwe go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go tlhaloganya ditsela tseno tse di fetotsweng tsa go tlhalosa dilo, mme gone, lebaka la go dira jalo le ka lemotshega fa nako e ntse e ya. Fa Mokeresete a sa tlhaloganye tsela e ntšha e lokwalo lo tlhalosiwang ka yone sentle, go ka nna molemo fa ka boikokobetso a ka dira dilo go ya ka mafoko ano a a neng a buiwa ke moporofeti Mika: “Ke tla supa boikutlo jwa go leta mo Modimong wa poloko ya me.”—Mika 7:7, NW.
19.Masalela a a tloditsweng le ditsala tsa bone tsa dinku tse dingwe ba ile ba bontsha bopelokgale jwa sekatau jang mo metlheng eno ya bofelo?
19 Se lebale gore molebedi o ne “a tlhaeletsa jaaka tau: ‘Ke eme mo toreng ya tebelo ka metlha motshegare, Jehofa, gape ke eme mo lefelong la me la go lebelela masigo otlhe.’” (Isaia 21: 8, NW) Masalela a batlodiwa a ile a supa bopelokgale jwa sekatau mo go senoleng bodumedi jwa maaka le go bontsha batho tsela e e isang kgololesegong. (Tshenolo 18:2-5) E re ka e le “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela,” ba gatisitse Dibaebele, dimakasine le dikgatiso tse dingwe ka dipuo di le dintsintsi—‘dijo ka nako e e tshwanetseng.’ (Mathaio 24:45) Ba ile ba etelela pele mo go phutheng “boidiidi jo bogolo, jo . . . bo [tswang] mo merafeng yotlhe le ditso le batho le diteme.” Bano le bone ba itshekisiwa ka madi a thekololo a ga Jesu mme le bone ba bontsha fa ba le pelokgale go direla Modimo “tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo.” (Tshenolo 7:9, 14, 15) Ngogola masalela a Basupi ba ba tloditsweng ba ga Jehofa le ditsala tsa bone tsa boidiidi jo bogolo ba ile ba nna le matswela afe? Setlhogo sa rona se se latelang se tla re bolelela.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go tloga ka January 1, 1939, setlhogo seno se ne sa fetolwa go nna “‘Ba tla itse fa ke le Jehofa.’—Esekiele 35: 15.”
A o A Gakologelwa?
• Jehofa o dirile bomang go nna basupi go ralala dingwaga?
• Babelona o Mogolo o simologile kae?
• Ke eng fa Jehofa a ile a letla gore Jerusalema, motsemogolo wa setšhaba sa basupi ba gagwe, e senngwe ka 607 B.C.E.? le ka 70 C.E.?
• Setlhopha sa molebedi wa ga Jehofa le ditsala tsa sone di ile tsa bontsha moya ofe?
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
“Ke eme mo toreng ya tebelo ka metlha motshegare, Jehofa”
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Setlhopha sa molebedi wa ga Jehofa se tsaya tiro ya bone masisi