LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 10/8 ts. 3-4
  • Ngwana wa Gago o mo Kotsing!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ngwana wa Gago o mo Kotsing!
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bothata jwa Bogologolo
  • Bothata jwa Tshoganetso
  • Thibelo mo Legaeng
    Tsogang!—1993
  • Bothata Jono ke Jwa Lefatshe Lotlhe
    Tsogang!—1999
  • Batho Bao Ba Ileng Ba Sotlwa Ba Sale Bana Mme Ba Sotlwa Ba Sena Molato
    Tsogang!—1991
  • Dintho Tse Di Sa Bonaleng Kafa Ntle tsa go Sotlwa ga Bana
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 10/8 ts. 3-4

Ngwana wa Gago o mo Kotsing!

Go tlhakanela dikobo le bana ke selo se se maswe se se leng teng mo lefatsheng leno le le lwalang le re tshelang mo go lone. Makasine wa Lear o ne wa re: “Go re ama re le bantsi go feta kankere, re le bantsi go feta bolwetsi jwa pelo, re le bantsi go feta AIDS.” Ka lebaka leo Tsogang! e ikutlwa e na le maikarabelo a go leka go tsibosa babadi ba yone ka kotsi eno le se se ka dirwang ka yone.—Bapisa Esekiele 3:17-21; Baroma 13:11-13.

MO DINGWAGENG tsa bosheng go ile ga nna le maikuelo mo lefatsheng mabapi le go tlhakanela dikobo le bana. Mme lefa go ntse jalo, ka ntlha ya go gasiwa thata mo dikgannyeng, ka dipego tse dintsi tsa batho ba ba tumileng ba ba neng ba bua puo phaa ka go sotlwa ga bone ba santse ba le bannye, go ile ga dira gore batho ba se ka ba leba maikuelo ao sentle. Bangwe ba dumela gore modumo ono wa go tlhaselwa ga bana ga se sepe fela fa e se feshene. Lefa go ntse jalo, boammaaruri ke gore, tlhaselo e e ntseng jaana ya tlhakanelodikobo ga e ntšha. E batlile e lekana le hisitori ya motho ka bogologolo.

Bothata jwa Bogologolo

Dingwaga tse di ka nnang 4 000 tse di fetileng, ditoropo tsa Sodoma le Gomora di ne di itsege ka boitsholo jo bo maswe thata. Go tlhakanela dikobo le bana go bonala e ne e le mongwe wa mekgwa e mentsi e e bosula ya kgaolo eo. Genesise 19:4 e bua ka batho ba Sodoma ba ba tsentshiwang ke tlhakanelodikobo “bannye le bagolo” ba ba neng ba batla go betelela baeng ba banna ba babedi ba ga Lote. A o ko o akanye fela: Go ne go ka tla jang gore basimanyana ba basimanyana fela ba tlhakanngwe tlhogo ke go batla go betelela banna? Go bonala sentle gore ba ne ba setse ba rutilwe ditiro tse di maswe tsa bosodoma.

Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, setšhaba sa Iseraele se ne sa fudugela mo kgaolong ya Kanana. Naga eo e ne e tletse ka tlhakanelodikobo ya balosika, bosodoma, go tlhakanela dikobo le diphologolo, boaka, le go ntshetsa medimo ya sedimona ditlhabelo tsa bana mo e leng gore ditiro tseno tse di maswe di ne tsa tshwanelwa ke go thibelwa ka papamalo mo Molaong wa ga Moshe. (Lefitiko 18:6, 21-23; 19:29; Yeremia 32:35) Le mororo ba ne ba tlhagisiwa ke Modimo, Baiseraele ba batsuolodi, go akaretsa le bangwe ba babusi ba bone, ba ne ba dira ditiro tseno tse di ferosang sebete.—Pesalema 106:35-38.

Lefa go ntse jalo, Gerika le Roma tsa bogologolo, di ne di le maswe thata go feta Iseraele mo go direng dilo tseno. Go bolaya bana go ne go tletse mo dinageng tseo ka bobedi, mme kwa Gerika e ne e le mokgwa wa tlwaelo gore banna ba ba godileng ba tlhakanele dikobo le basimanyana. Mafelo a boaka a basimanyana a ne a tletse mo ditoropong tsotlhe tsa Gerika wa bogologolo. Mo Mmusongmogolo wa Roma, boaka jwa bana bo ne bo tletse mo e leng gore go bile ga ba ga nna le makgetho le malatsi a boitapoloso tse di kgethegileng di diretswe kgwebo eo. Kwa mafelong a metshameko, basetsana ba ne ba betelelwa le go patelelwa go tlhakanela dikobo le diphologolo. Bosetlhogo jo bongwe jo bo tshwanang le joo bo ne bo dirwa ke ditšhaba tse dingwe gape tse dintsi tsa bogologolo.

Go tweng ka dinako tsa segompieno? A batho ba tlhabologile mo e leng gore ga ba tlhole ba dira ditiro tse di maswe tseo tsa tlhakanelodikobo gompieno? Baithuti ba Bibela ga ba kake ba dumela mogopolo oo. Ba itse sentle gore moaposetoloi Paulo o ne a re motlha wa rona ke “dipaka tse di tlhokahatsañ.” O tlhalosa ka botlalo go ithata mo go tletsetletseng, go rata dikgatlhego, le go thubega ga lorato lwa tlholego la lelapa tse di fekeetsang batho ba motlha ono mme a bo a tlatsa ka gore: “Batho ba ba boshula le batsietsi ba tla nna ba shulahalèla pele.” (2 Timotheo 3:1-5, 13; Tshenolō 12:7-12) A go tlhakanela dikobo le bana, mo gantsi go dirwang ke “[banna] ba ba boshula le batsietsi,” go befetse pele?

Bothata jwa Tshoganetso

Go tlhaselwa ga bana go ntse go direlwa mo sephiring, mo e leng gore go bile ga tlhalosiwa gore ke tlolomolao e e sa begiweng go di gaisa tsotlhe. Lefa go ntse jalo, tlolomolao eo e supega e ile ya oketsega fela thata mo masomeng a dingwaga a a sa tswang go feta. Kwa United States, tshekotsheko ya kgang eno e ne ya dirwa ke Los Angeles Times. E ne ya lemoga gore 27 lekgolong ya basadi le 16 lekgolong ya banna ba ile ba sotlwa mo go tsa tlhakanelodikobo e santse e le bana. Le ntswa dipalo tseno di ka tswa di tshosa jang, diphopholetso tse di dirilweng ka kelotlhoko kwa United States di ne di le kwa godimo fela thata.

Kwa Malaysia, dipego tsa go tlhakanela dikobo le bana di ile tsa menagana ganè mo lesomeng le le fetileng la dingwaga. Kwa Thailand, mo e ka nnang 75 lekgolong ya banna ba ba ileng ba bodiwa mo tshekatshekong nngwe ba ne ba dumela gore ba ne ba tlhakanela dikobo le diaka tsa bana. Kwa Jeremane, diphopholetso tsa puso ke gore bana ba ba ka tshwarang 300 000 ba sotlwa mo go tsa tlhakanelodikobo ngwaga le ngwaga. Go ya ka Cape Times ya Afrika Borwa, palo ya dipego tsa ditlhaselo tseo e ile ya gola thata ka 175 lekgolong mo dingwageng tse tharo tse di sa tswang go feta. Kwa Netherlands le Canada, babatlisisi ba lemogile gore mo e ka nnang nngwetharong ya basadi botlhe e ile ya sotlwa mo go tsa tlhakanelodikobo e santse e le bana. Kwa Finland, 18 lekgolong ya basetsana ba mophato wa borobabongwe (dingwaga tse 15 kana tse 16) le 7 lekgolong ya basimane ba ile ba bega fa ba ile ba tlhakanela dikobo le mongwe yo o ba fetang ka dingwaga tse tlhano kana go feta.

Mo mafatsheng a a farologaneng dipego tse di tshwenyang di ile tsa begwa ka makoko a sedumedi a a sotlang bana ka ditiro tse di makgapha tsa tlhakanelodikobo le pogiso. Gantsi, ba ba begang gore ba leofetswe ka tlolomolao e e ntseng jalo ba a nyadiwa, go na le go utlwelwa botlhoko.

Ka jalo go tlhakanela dikobo le bana ga se selo se sesha mme e bile se aname; ke bothata jwa bogologolo jo mo nakong eno e leng leroborobo. Ditlamorago tsa jone e ka nna tse di maswe fela thata. Bontsi jwa ba go ba diragaletseng ba na le maikutlo a a boteng a go iteba e se sepe le go inyatsa. Baitse ka kgang eno ba re go tlhakanela dikobo le bana ba basetsana, go dira gore ba thobe mo gae, ba se ka ba dirisa diokobatsi le bojalwa sentle, ba sulafale maikutlo, ba leke go ipolaya, ba tswe diganana, ba nne matlhomatlho, ba tlhorege boroko, le mathata a go ithuta. Mathata a a ka nnang a tla kwa morago ke go nna motsadi yo o sa kgoneng go rwala maikarabelo a gagwe, go sa nne le keletso ya go tlhakanela dikobo, go sa tshepe banna, go nyalwa ke monna yo o ratang go tlhakanela dikobo le bana, bosodoma jwa sesadi, boaka le gone go tlhakanela dikobo le bana tota.

Ga se gore motho yo o kileng a sotlwa o ka se ka a tila ditlamorago tseno; le gone ga go na motho yo o ka dirisang lebaka la go bo a kile a tlhaselwa mo nakong e e fetileng jaaka seipato sa go itshwara ka tsela e e phoso. Go sotlwa ga go tlholele ba go ba diragaletseng go tlhoka boitsholo kana go nna diganana; e bile ga go ba golole mo maikarabelong a bone ka namana mo dilong tse ba itlhophelang go di dira mo nakong e e tlang mo botshelong jwa bone. Mme lefa go ntse jalo diphelelo tseno tse di ka diragalelang batho ba ba sotlilweng ke diphatsa tse di leng teng. Di dira gore potso eno e nne botlhokwa le go feta, Re ka sireletsa jang bana gore go se ka ga tlhakanelwa dikobo le bone?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela