Batho Bao Ba Ileng Ba Sotlwa Ba Sale Bana Mme Ba Sotlwa Ba Sena Molato
“JAANONG ke tloga ke tshwara dingwaga di le 40,” Eilene o bolela jalo.a “Mme le eleng lefa bothata jwa me bo feta dingwaga di le 30 bo ntse bo le gone, bo santse bo na le go ntshwenya. Ke tletse bogale, ke ikutlwa ke le molato, ebile ke na le mathata mo lenyalong la me ka ntlha ya bothata jono jwa me! Batho ba leka go nkgothatsa, mme lefa go ntse jalo ga ba nkgone.” Ke bothata bofe jo Eilene a nang najo? Go ne ga sotlwa ka ene ka go tlhakanela dikobo nae ka nako ya fa e ne e santse e le ngwana, mme ebile mo go ene diphelelo tsa seno di ile tsa nna ka lobaka lo loleele thata.
Ga se Eilene a le nosi fela yo o ileng a tshwarwa ka tsela eno. Dipatlisiso di bontsha gore basadi—le banna—ba palo e e tshosang le bone ba ne ba tshwarwa ka tsela e e ntseng jalo e e sa siamang.b Ka gone, ereka mokgwa ono wa go itshola ka tsela e e sa siamang e se selo se se diragalang sewelo fela, go sotla bana ka go tlhakanela dikobo nabo ke bothata jo bo fitlhelwang gongwe le gongwe, bothata jo bo anameng mo ditlhopheng tsotlhe tsa merafe, tsa itsholelo, tsa bodumedi le tsa lotso.
Ka lesego, banna le basadi ba le bantsi thata ga ba kake ba akanya le go akanya ka go sotla ngwana ka tsela eno. Mme lefa go ntse jalo go na le ba ba kotsi bao ba ka tlalang seatla fela bao ba nang le mokgwa ono o o bodileng wa go sotla bana. Mme go farologana le kafa batho ba le bantsi ba akanyang ka gone, go bonala batho ba le mmalwa bao ba sotlang ka bana ka tsela eno e le bao ba sa felelang sentle mo tlhaloganyong bao ba nnelang go ebela ka bokukuntshwane fa thoko ga mabala a metshameko ebile ba rata go bolaya. Bontsi jwa bone ke batho bao ka fa ntle ba lebegang jaaka batho ba ba itshiametseng fela. Ba kgotsofatsa keletso eno ya bone ya boitsholo jo bo maswe ka go lala le bana bao ba sa itseng sepe ka tlhakanelodikobo, bao ba ikanyegang, le bao ba ka sekang ba itira sepe—gantsi bao eleng barwadiabone ka namana.c Fa ba le mo gare ga batho, ba ka nna ba tshwara bana ka tsela e e bontshang bopelonomi, e e bontshang lorato. Mme fa ba se mo gare ga batho, ba a ba tshosetsa, ba a ba shakgalela, ebile ba ba betelela ka mo go tlontlololang, le ka mo go tlhabisang ditlhong.
Re dumela gore ga go motlhofo go tlhaloganya gore mahutsana a a ntseng jalo a ne a ka diragala mo magaeng a le mantsi thata jaana ao a lebegang jaaka magae a a tlotlegang. Lefa go ntse jalo, le eleng mo metlheng ya Bibela bana ba ne ba dirisiwa “go kgotsofatsa ka nakwana fela . . . keletso ya go tlhakanela dikobo.” (The International Critical Commentary; bapisa Yoele 3:3.) Bibela e ile ya bolelela pele jaana: “Me itse seo se, go re, mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati . . . ba sena loratō loa tlholègō . . . ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemo gopè.” Ka gone, ga go a tshwanela ga re gakgamatsa go bo go sotla bana ka go tlhakanela dikobo le bone e le selo se se anameng thata jaana gompieno.—2 Timotheo 3:1, 3, 13.
Go sotla ka bana jaana ka go tlhakanela dikobo le bone go ka nna ga se ka ga tlogela dipadi dipe mo mmeleng. Mme ebile ga se bagolo botlhe bao e rileng ya re ka nako ya fa e ne e santse e le bana ba se ka ba tshwarwa sentle ba bonalang ba utlwile botlhoko thata mo maikutlong. Mme lefa go ntse jalo jaaka fa seane sa bogologolo se bolela: “Le mo setshegoñ pelo e tle e nne bohutsana.” (Diane 14:13) Ee, ba le bantsi bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo ba na le dipadi tse di botlhoko thata mo maikutlong—dintho tse di sa bonaleng tseo di ntseng di tutela kafa gare. Lefa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa go sotla bana ka go tlhakanela dikobo le bone go baka kutlobotlhoko e e kanakana mo go ba bangwe? Ke ka ntlha yang fa ka metlha dintho tsa go sotlwa gono di sa ipholele fela ka botsone fa nako e ntse e tsamaya? Tsela eo bothata jono jo bo utlwisang botlhoko thata mo maikutlong bo boitshegang ka yone e batla gore re bo sekaseke. Ke boammaaruri gore o ka nna wa se ka wa rata dingwe tsa dilo tseo o tla tlogang o di bala fano—o ka nna wa se ka wa di rata segolobogolo fa e le gore le wena o ile wa sotlwa ka go tlhakanela dikobo nao ka nako ya fa o ne o santse o le ngwana. Mme lefa go ntse jalo tlhomamisega gore go na le tsholofelo ya gore o ka fola.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go dirisitswe maina a sele mo go otlhe a a fano.
b Go batla go sa kgonege go ka bona dipalo tse di tlhomameng sentle, ereka go na le mekgwa e e farologaneng thata ya go tlhalosa go sotla motho ka go tlhakanela dikobo nae ebile go na le mekgwa e e farologanang thata ya go dira dipatlisiso malebana le seno.
c Ba le bantsi ba betelelwa ke borraabo ka tsalo kana ke borraabo ba bobedi. Gape ba tshwarwa ka tsela e e sa siamang eno ke bomogoloabone, bomalomaabo, borraabomogolo, bagolo bao ba tlwaelaneng nabo, le batho bao ba sa ba itseng. Ereka bontsintsi jwa batho bao go sotlwang ka bone ka go tlhakanela dikobo nabo ka kakaretso fela e le batho ba basadi re tla dirisa bontshadi fa re bua ka bone. Lefa go ntse jalo, tshedimosetso ka kakaretso e e neelwang fano e lebisa go batho ba bong bongwe le bongwe.