LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • kl kgao. 18 ts. 170-180
  • Itlhomele Mokgele Wa Go Direla Modimo Ka Bosakhutleng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itlhomele Mokgele Wa Go Direla Modimo Ka Bosakhutleng
  • Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KAFA JESU A NENG A DIRISA KITSO YA MODIMO KA TENG
  • DIKGATO TSE DI ISANG BOTSHELONG JO BO SA KHUTLENG
  • SE KOLOBETSO E SE KAYANG MO GO WENA
  • A O SIAMETSE GO KOLOBEDIWA?
  • GO TSHELELA BOINEELO JWA GAGO LE KOLOBETSO
  • Kolobetso le Kamano ya Gago le Modimo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Bokao Jwa Kolobetso ya Gago
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
  • Kolobetso e Botlhokwa Thata
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa o tshwanetse Go Kolobediwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
kl kgao. 18 ts. 170-180

Kgaolo 18

Itlhomele Mokgele Wa Go Direla Modimo Ka Bosakhutleng

1, 2. Ke eng se se batlegang kwa ntle ga kitso ya Modimo?

AKANYA o eme fa mojakong o o lotletsweng o o tsenang mo kamoreng e e nang le letlotlo le lentsi. A re re gongwe mongwe yo o nang le thata o go neile selotlele e bile o go boleletse gore o itseele se o se batlang. Selotlele seo ga se kitla se go thusa sepe fa o sa se dirise. Go ntse fela jalo le ka kitso, o tshwanetse go e dirisa gore e go solegele molemo.

2 Seno se boammaaruri segolobogolo ka kitso ya Modimo. Eleruri, go itse Jehofa Modimo le Jesu Keresete ka tlhomamo go isa botshelong jo bo sa khutleng. (Johane 17:3) Lefa go ntse jalo, ga o kake wa lebelela go bona seo fela ka go bo o na le kitso. Fela jaaka fa o ne o ka dirisa selotlele se se botlhokwa, o tshwanetse go dirisa kitso ya Modimo mo botshelong jwa gago. Jesu o ne a bolela gore ba ba dirang thato ya Modimo ba ne ba tla “tsena mo bogosing jwa . . . legodimo.” Batho ba ba ntseng jalo ba ne ba tla bona tshiamelo ya go direla Modimo ka bosakhutleng!—Mathaio 7:21; 1 Johane 2:17.

3. Modimo o rata re dira eng?

3 Fa o sena go itse thato ya Modimo, go botlhokwa thata gore o e dire. O akanya gore Modimo o batla gore o dire eng? Go ka sobokanngwa ka mafoko ano: Etsa Jesu. Petere wa Ntlha 2:21 e re bolelela jaana: “Gonne lo bileditswe gone moo; gonne Keresete le ene o bogile botlhoko mo boemong jwa lona, a lo tlogelela sekao, gore lo tsamaye mo dikgatong tsa gagwe.” O tlhoka go latela sekao sa ga Jesu tota fa o batla go dira thato ya Modimo. Ke yone tsela e o ka dirisang kitso ya Modimo ka yone.

KAFA JESU A NENG A DIRISA KITSO YA MODIMO KA TENG

4. Ke eng fa Jesu a itse go le gontsi jaana kaga Jehofa, mme o ile a dirisa kitso eno jang?

4 Jesu Keresete o itse Modimo thata go feta ba bangwe. O ne a tshela a bo a dira le Jehofa Modimo ka dingwaga tse dintsi pele a tla mo lefatsheng. (Bakolosa 1:15, 16) Mme Jesu o ne a dira eng ka kitso eo? O ne a se ka a kgotsofalela go nna le yone fela. Jesu o ne a tshela ka yone. Ke gone ka moo a neng a le pelonomi, pelotelele, le lorato fa a dirisana le batho ba bangwe. Ka jalo, Jesu o ne a etsa Rraagwe wa selegodimo e bile a dira tumalanong le se a se itseng ka ditsela le botho jwa ga Jehofa.—Johane 8:23, 28, 29, 38; 1 Johane 4:8.

5. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a kolobediwa, mme o ne a tshelela se se kaiwang ke kolobetso ya gagwe jang?

5 Kitso e Jesu a neng a na nayo e ne ya mo tlhotlheletsa gape gore a tseye kgato nngwe ya botlhokwa. O ne a tloga kwa Galilea a ya kwa Nokeng ya Joretane koo Johane a neng a mo kolobetsa teng. (Mathaio 3:13-15) Kolobetso ya ga Jesu e ne e tshwantsha eng? O ne a tsaletswe mo setšhabeng se se ineetseng mo Modimong gonne e ne e le Mojuta. Ka jalo, Jesu o ne a ineetse go tloga fela fa a tsholwa. (Ekesodo 19:5, 6) Fa a ineela gore a kolobediwe, o ne a itlhagisa mo go Jehofa gore o tla dira thato ya Modimo ka nako eo. (Bahebere 10:5, 7) Mme Jesu o ne a tshelela se se neng se kaiwa ke kolobetso ya gagwe. O ne a direla Jehofa ka botlalo, a itsise batho ka Modimo nako le nako fa a bona sebaka sa go dira jalo. Jesu o ne a itumelela go dira thato ya Modimo, e bile a bolela gore go ne go tshwana le dijo mo go ene.—Johane 4:34.

6. Jesu o ne a iitatola ka tsela efe?

6 Jesu o ne a lemoga ka botlalo gore go dira thato ya ga Jehofa go ne go tla batla go le gontsi tota—gore go ne go tla mo amoga le botshelo jwa gagwe tota. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a iitatola, a baya dilo tse a di tlhokang ka namana fa thoko. O ne a dira thato ya Modimo pele ka metlha. Re ka kgona go latela sekao se se itekanetseng sa ga Jesu jang mo kgannyeng eno?

DIKGATO TSE DI ISANG BOTSHELONG JO BO SA KHUTLENG

7. Motho o tshwanetse a tsaya dikgato dife gore a tshwanele kolobetso?

7 Ga re tshwane le Jesu gonne ga re a itekanela e bile re ka kgona go kolobediwa fela fa re sena go tsaya dikgato dingwe tsa botlhokwa. Seno se simolola ka gore motho a tsenye mo pelong kitso e e tlhomameng ka Jehofa Modimo le Jesu Keresete. Fa re dira seno re tla nna le tumelo re bo re rate Modimo ka lorato lo logolo. (Mathaio 22:37-40; Baroma 10:17; Bahebere 11:6) Fa re sala melao, melaometheo le melelwane e e tlhomilweng ke Modimo morago re tla tlhotlheletsega gore re ikwatlhae, re supa gore re utlwa botlhoko ka tsela ya bomodimo ka ntlha ya maleo a re kileng ra a dira. Seno se dira gore re sokologe, ke gore, re retologe mme re tlogele tsela e e phoso e re neng re tshela ka yone re ise re itse Modimo. (Ditiro 3:19) Ka tlholego fela, fa e le gore re santse re dira boleo bongwe mo sephiring go na le gore re bo re dira se se siameng, ruri ga re a bo tlogela, mme e bile ga se gore re tsieditse Modimo. Jehofa o kgona go lemoga motho yo o itimokanyang.—Luke 12:2, 3.

8. O tshwanetse wa tsaya kgato efe fa o batla go nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi?

8 E re ka jaanong o ntse o ithuta ka Modimo, a ga o a tshwanela go sekaseka boemo jwa gago mo dilong tsa semoya? Gongwe o eletsa thata go bolelela ba losika lwa gago, ditsala le ba bangwe se o se ithutang. E bile tota, o ka tswa o setse o dira seno, fela jaaka Jesu le ene a ne a bolelela ba bangwe mafoko a a molemo a sa go rulaganyetsa go sa le gale. (Luke 10:38, 39; Johane 4:6-15) Jaanong o ka tswa o batla go dira mo go oketsegileng. Bagolwane ba Bakeresete ba tla itumelela go bua le wena gore ba kgone go bona gore a o a tshwanela le gore a o ka kgona go nna le seabe ka metlha mo tirong ya go rera ka Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. Fa e le gore go ntse jalo, bagolwane ba tla dira dithulaganyo tsa gore o tsamaye le Mosupi mongwe mo bodireding. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba dira jaaka a ne a ba laela gore ba dire bodiredi jwa bone ka thulaganyo. (Mareko 6:7, 30; Luke 10:1) O tla thusiwa ka tsela e e tshwanang fa o ntse o anamisa molaetsa wa Bogosi ka ntlo le ntlo le ka ditsela tse dingwe.—Ditiro 20:20, 21.

9. Motho o ineela jang mo Modimong, mme kolobetso e ama botshelo jwa motho jang?

9 Go rerela batho ba mefuta yotlhe ba ba mo tshimong ya phuthego mafoko a a molemo ke tsela ya go batla ba ba dipelo di siameng mme e bile ke nngwe ya ditiro tse di molemo tse di supang gore o na le tumelo. (Ditiro 10:34, 35; Jakobe 2:17, 18, 26) Go nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe mo tirong ya go rera le tsone ke ditsela tsa go supa gore o ikwatlhaile e bile o sokologile mme jaanong o ititeile sehuba gore o tla tshela tumalanong le kitso ya Modimo. Kgato e nngwe e e tshwanetseng gore e tsewe ke efe? Ke go ineela mo go Jehofa Modimo. Seno se raya gore o bolelela Modimo go tswa mo pelong ka thapelo gore o rata go mo neela botshelo jwa gago le go dira thato ya gagwe le gore o dira seo ka pelo yotlhe. Eno ke tsela e o ineelang ka yone mo go Jehofa le go tsaya jokwe e e motlhofo ya ga Jesu Keresete.—Mathaio 11:29, 30.

SE KOLOBETSO E SE KAYANG MO GO WENA

10. Ke eng fa o tshwanetse go kolobediwa fa o sena go ineela mo go Jehofa?

10 Go ya ka Jesu, batho botlhe ba ba nnang barutwa ba gagwe ba tshwanetse go kolobediwa. (Mathaio 28:19, 20) Ke eng fa o tlhoka go dira seno fa o sena go ineela mo Modimong? Jehofa o itse sentle gore o a mo rata gonne o ineetse mo go ene. Ga go belaetse gore o tla rata go tsaya kgato e nngwe gape gore o bontshe ba bangwe gore o rata Modimo. Ee, kolobetso e go naya tshono ya go re o supe phatlalatsa gore o ineetse mo go Jehofa Modimo.—Baroma 10:9, 10.

11. Kolobetso e kaya eng?

11 Kolobetso e kaya dilo tse dintsi. Fa o inwa jalo, kana o “fitlhwa,” mo metsing, go tshwana fela le fa o swa mo tseleng ya gago ya pele ya botshelo. Fa o tswa mo metsing, go tshwana le go tsogela mo botshelong jo bosha, joo bo laolwang ke thato ya Modimo eseng ya gago. Gone mme, seo ga se reye gore ga o tlhole o tla dira diphoso, ka go bo rotlhe ga re a itekanela mme re leofa letsatsi le letsatsi. Lefa go ntse jalo, jaaka motlhanka yo o ineetseng le yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa, o tla bo o tsene mo kamanong e e kgethegileng le ene. Ka go bo o ikwatlhaile e bile o ineetse ka boikokobetso gore o kolobediwe, Jehofa o iketleeditse go go itshwarela maleo a gago ka ntlha ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu. Ka gone kolobetso e dira gore o nne le segakolodi se se phepa fa pele ga Modimo.—1 Petere 3:21.

12. Go kaya eng go kolobediwa (a) “mo ineng la Rara”? (b) ‘mo ineng la Morwa’? (c) ‘mo ineng la moya o o boitshepo’?

12 Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba kolobetse barutwa ba basha “mo ineng la Rara, le la Morwa, le la Mowa o o Boitshepo.” (Mathaio 28:19) Jesu o ne a kaya eng? Go kolobediwa “mo ineng la Rara” go supa gore motho yo o kolobediwang o dumela ka pelo yotlhe gore Jehofa Modimo ke Mmopi e bile o tshwanela go nna Molaodi wa lobopo. (Pesalema 36:9; 83:18; Moreri 12:1) Go kolobediwa mo ‘ineng la Morwa’ go supa gore motho o dumela gore Jesu Keresete—segolobogolo setlhabelo sa Gagwe sa thekololo—ke sone fela tsela e Modimo a bolokang batho ka yone. (Ditiro 4:12) Go kolobediwa mo ‘ineng la mowa o o boitshepo’ go supa gore motho yo o kolobediwang o lemoga gore moya o o boitshepo wa ga Jehofa kana maatla a a dirang, ke sedirisiwa se Modimo o dirang boikaelelo jwa Gagwe ka sone le se a nonotshang batlhanka ba Gagwe ka sone gore ba dire thato ya Gagwe e e siameng mo phuthegong ya Gagwe e e kaelwang ke moya.—Genesise 1:2; Pesalema 104:30; Johane 14:26; 2 Petere 1:21.

A O SIAMETSE GO KOLOBEDIWA?

13, 14. Ke eng fa re sa tshwanela go boifa go tlhopha go direla Jehofa Modimo?

13 E re ka kolobetso e kaya go le gontsi jaana e bile e le kgato e e botlhokwa thatathata mo botshelong jwa motho, a ke kgato e o tshwanetseng go tshaba go e tsaya? Nnyaa ruri! Le mororo tshwetso ya go kolobediwa e sa tshwanela go tsewa motlhofo, tota ke tshwetso e e botlhale go di gaisa tsotlhe e o ka e dirang.

14 Kolobetso e naya bosupi jwa gore o itlhophetse go direla Jehofa Modimo. Akanya ka batho bangwe ba o ba tlwaetseng. A mongwe le mongwe wa bone ga a na mong yo a mo direlang ka tsela nngwe? Bangwe ke batlhanka ba dikhumo. (Mathaio 6:24) Bangwe ba latelela tiro nngwe e ba e ithutetseng kana ba latelela tsela ya bone fela ya botshelo ka go dira gore go ikgotsofatsa e nne selo se segolo thata mo botshelong. Ba bangwe ba direla medimo ya maaka. Mme wena o itlhophetse go direla Jehofa, Modimo wa boammaaruri. Ga go na ope yo a ka supang bopelonomi, kutlwelobotlhoko le lorato jaaka ene. Modimo o tlotlomatsa batho ka go ba naya tiro e e nang le boikaelelo e e ba isang polokong. O duela batlhanka ba gagwe ka botshelo jo bo sa khutleng. Eleruri, go latela sekao sa ga Jesu le go neela Jehofa botshelo jwa gago ga se selo se o tshwanetseng go se boifa. Tota e bile, ke sone fela se se itumedisang Modimo le se se botlhale.—1 Dikgosi 18:21.

15. Ke dilo dife tse di tlwaelegileng tse di thibelang batho go kolobediwa?

15 Lefa go ntse jalo, kolobetso ga se kgato e o tshwanetseng go e tsaya gonne o gatelelwa. Ke kgang ya motho ka namana le Jehofa. (Bagalatia 6:4) Jaaka o setse o gatetse pele semoyeng, o ka tswa o kile wa ipotsa jaana: “Ke kgorelediwa ke eng gore ke se kolobediwe?” (Ditiro 8:35, 36) O ka nna wa ipotsa jaana: ‘A ke thibelwa ke go bo ke ganediwa mo lelapeng? A ke santse ke le mo boemong bongwe jo bo sa dumelelweng ke Dikwalo kana ke dira boleo bongwe? A e ka tswa e le gore ke boifa gore ke tla ilwa ke batho mo tikologong?’ Ano ke mangwe a mabaka a o tshwanetseng go a akanyetsa, mme o a akanyetse o itebagantse le boammaaruri.

16. O tlile go solegelwa molemo jang fa o direla Jehofa?

16 O tla bo o sa lebagana le boammaaruri fa o leba mabaka mangwe a a sa itumediseng mme o sa akanyetse melemo ya go direla Jehofa. Ka sekai, akanyetsa kgang ya go ganediwa mo lelapeng. Jesu o ne a solofetsa gore lefa balatedi ba gagwe ba ne ba ka latlhegelwa ke balosika gonne ba ne ba mo latela, ba ne ba tla bona lelapa le legolo la semoya. (Mareko 10:29, 30) Badumedikawena bano ba tla go supetsa lorato lwa bokaulengwe, ba go thusa go itshokela pogiso, le go go ema nokeng mo tseleng e e isang botshelong. (1 Petere 5:9) Bagolwane ba phuthego ke bone ba ba ka go thusang thata go itshokela mathata le go fenya dilo tse di ka go lekang. (Jakobe 5:14-16) Fa e le ka go ilwa ke lefatshe, o ka nna wa ipotsa jaana, ‘Tota ke eng se se ka lekanang le go amogelwa ke Mmopi wa lobopo, se se tla mo dirang gore a itumelele tsela e ke e tlhophileng ya botshelo?’—Diane 27:11.

GO TSHELELA BOINEELO JWA GAGO LE KOLOBETSO

17. Ke eng fa o tshwanetse go leba kolobetso jaaka tshimologo eseng bokhutlo?

17 Go botlhokwa thata go gakologelwa gore go gatela pele semoyeng ga go eme fa o sena go kolobediwa. Ke tshimologo ya go direla Modimo botshelo jotlhe jaaka modiredi yo o tlhomamisitsweng le jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Le mororo, kolobetso e le botlhokwa thata, ga e tlhomamise gore o tla bolokwa. Jesu ga a ka a re: ‘Mongwe le mongwe yo o kolobeditsweng o tla bolokwa.’ Go na le moo o ne a re: “Yo o itshokelang bokhutlong, ene yoo o tlaa bolokwa.” (Mathaio 24:13) Ka gone, go botlhokwa thata gore o batle Bogosi jwa Modimo pele ka go bo dira selo se segolo mo botshelong jwa gago.—Mathaio 6:25-34.

18. O tshwanetse wa gagamalela mekgele efe fa o sena go kolobediwa?

18 O tshwanetse go itlhomela mekgele ya semoya gore o kgone go direla Jehofa o itshokile. Mokgele mongwe wa botlhokwa ke go oketsa kitso ya Modimo e o nang le yone ka go ithuta Lefoko la gagwe ka metlha. Rulaganya gore o bale Baebele letsatsi le letsatsi. (Pesalema 1:1, 2) Ya kwa dipokanong tsa Bokeresete ka metlha, ka go bo ba o tla kopanang nabo koo ba tla go thusa ka go go nonotsha semoyeng. Ke eng fa o sa itlhomele mokgele wa gore o akgele kwa dipokanong tsa phuthego mme ka jalo o baka Jehofa le go aga ba bangwe? (Baroma 1:11, 12) Mokgele o mongwe e ka nna go tokafatsa dithapelo tsa gago.—Luke 11:2-4.

19. Moya o o boitshepo o ka go thusa go supa dinonofo dife?

19 Fa e le gore o tla tshelela se se kaiwang ke kolobetso ya gago, o tlhoka go nna o etse tlhoko se o se dirang ka metlha, o letla gore moya wa Modimo o o boitshepo o ungwe maungo a a jaaka lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, boingotlo le boikgapo mo go wena. (Bagalatia 5:22, 23; 2 Petere 3:11) Gakologelwa gore Jehofa o naya botlhe moya wa gagwe o o boitshepo fa ba o rapelela le fa ba mo reetsa jaaka batlhanka ba ba ikanyegang. (Luke 11:13; Ditiro 5:32) Ka jalo rapela Modimo gore a go neye moya wa gagwe mme o mo kope gore a go thuse gore o supe dinonofo tse di mo kgatlhang. Dinonofo tse di ntseng jalo di tla utlwala fa o bua e bile di tla bonala mo boitsholong jwa gago fa o ntse o dira kafa moya wa Modimo o go tlhotlheletsang ka teng. Gone mme, Mokeresete mongwe le mongwe mo phuthegong o leka go tlhagolela “motho yo moša” gore a tshwane thata le Keresete. (Bakolosa 3:9-14) Mongwe le mongwe wa rona o gwetlhiwa ka tsela e e farologaneng fa a dira seno gonne ga re a gatela pele semoyeng ka selekanyo se se tshwanang. E re ka o sa itekanela, o tshwanetse wa dira ka natla go nna le botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete. Mme lefa go ntse jalo se tlalelwe fa go tla mo go seno, gonne o tla kgona fa o thusiwa ke Modimo.

20. O ka etsa Jesu jang mo bodireding?

20 Mo mekgeleng ya gago ya semoya o mongwe e tshwanetse ya nna go etsa sekao sa ga Jesu yo o itumetseng. (Bahebere 12:1-3) O ne a rata bodiredi. Fa e le gore o na le tshiamelo ya go nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi, se e letle gore e nne seomodiro fela. Leka gore o ikutlwe o kgotsofalela go ruta ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo jaaka Jesu a ne a dira. Dirisa dikaelo tse o di newang ke phuthego go go thusa gore o tokafatse tsela e o rutang ka yone. Gape tlhomamisa gore Jehofa a ka go naya maatla a go dira bodiredi jwa gago.—1 Bakorinthe 9:19-23.

21. (a) Re itse jang gore Jehofa o tsaya batho ba ba ikanyegang ba ba kolobeditsweng ba le botlhokwa? (b) Ke eng se se supang gore kolobetso e botlhokwa gore re tle re falole fa Modimo o diragatsa katlholo ya gagwe mo tsamaisong e e boikepo eno ya dilo?

21 Motho yo o ineetseng, yo o kolobeditsweng yo o lekang ka boikanyegi go latela Jesu o botlhokwa thata mo Modimong. Jehofa o tlhatlhoba dipelo tsa dimilione tse di diketekete tsa batho e bile o itse gore batho ba ba ntseng jalo ga ba bantsi. O ba leba jaaka letlotlo, “dilo tse di eletsegang.” (Hagai 2:7) Boperofeti jwa Baebele bo bontsha gore Modimo o leba batho ba ba ntseng jalo jaaka ba ba tshwanetseng go falola fa a tla go diragatsa katlholo ya gagwe mo bogautshwaneng mo tsamaisong e e boikepo eno ya dilo. (Esekiele 9:1-6; Malaki 3:16, 18) A o ‘laoletswe botshelo jo bo sa khutleng’? (Ditiro 13:48) A o eletsa ka tlhoafalo go tshwaiwa jaaka motho yo o direlang Modimo? Boineelo le kolobetso ke karolo ya letshwao leo, e bile di botlhokwa gore o falole.

22. “Boidiidi” jo bogolo bo ka lebelela go bona eng?

22 Morago ga Morwalela wa kgolokwe, Noa le ba lelapa la gagwe ba ne ba tswa mo arakeng ba tswela mo lefatsheng le le phepafaditsweng. Ka tsela e e tshwanang le gompieno “boidiidi jo bogolo” joo bo dirisang kitso ya Modimo mo matshelong a bone le ba ba amogelwang ke Jehofa ba lebeletse go falola bokhutlo jwa tsamaiso e e boikepo eno ya dilo le go tshelela ruri mo lefatsheng le le phepafaditsweng. (Tshenolo 7:9, 14) Botshelo joo bo tlile go nna jang?

TLHATLHOBA KITSO YA GAGO

Jehofa o batla gore o dirise se o se itseng ka ene jang?

Ke dikgato dife tse di tsewang pele ga kolobetso?

Ke eng fa kolobetso e se bokhutlo mme e le tshimologo?

Re ka tshelela jang kolobetso ya rona le boineelo?

[Setshwantsho mo go tsebe 172]

A o setse o ineetse mo Modimong ka thapelo?

[Ditshwantsho mo go tsebe 174]

Ke eng se se go thibelang go kolobediwa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela