Etsa Jehofa ka go Amega ka ba Bangwe ka Tsela ya Mmatota
1 Jehofa Ke Sekao Se Segolo Sa Bao Ba Bontshang Go Amega Ka Ba Bangwe Ka Tsela Ya Mmatota. Jaaka Molaodi Wa Lobopo Lotlhe, O Itse Dilo Tse Di Tlhokwang Ke Dibopiwa Tsa Gagwe Tsa Batho. (1 Pet. 5:7) Jesu O Ne A Kgothaletsa Balatedi Ba Gagwe Gore Ba Etse Dinonofo Tseno Tsa Ga Rraagwe, Yo O Tlhabisetsang Basiami Le Basiamolodi Letsatsi A Ba A Ba Nesetse Pula. (math. 5:45) O Ka Etsa Jehofa Ka Go Bontsha Kamego Ya Mmatota Ka Ba Bangwe—O Nna O Siametse Go Bolelela Mongwe Le Mongwe Yo O Kopanang Le Ene Molaetsa Wa Bogosi. Ka Go Itse Sentle Se Se Mo Diboroutšhareng Tse Di Tla Bong Di Dirisiwa Mo Bodireding Ka Kgwedi Ya July, O Tla Bo O Siametse Go Naya Ba Bangwe Thuso Ya Semoya. Dikakantsho Tse Di Latelang Di Thusa Gore O Ka Baakanyetsa Jang Loeto Lwa Ntlha Mme Morago O Bo O Boela Ka Nako E E Tshwanetseng Kwa Mothong Yo O Neng A Kgatlhega O Dira Maeto A Go Boela.
2 Fa o tsamaisa boroutšhara ya “A Ruriruri Modimo o Amega ka Rona?” o ka nna wa re:
◼ “A o kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo o letleletse gore batho ba boge fa e le gore tota o amega ka bone? [Letela karabo.] Boroutšhara eno ga e re neye fela karabo e e kgotsofatsang ya potso eno, mme gape e bontsha gore Modimo o solofeditse go baakanya tshenyo yotlhe eo motho a itliseditseng yone le legae la gagwe la lefatshe.” Bala serapa 23 mo tsebeng ya 27. Mmontshe setshwantsho se se fa tlase, mme o bale Pesalema 145:16 go tswa mo serapeng sa 22. Tsamaisa boroutšhara ka R1,00. Fa e amogelwa, botsa potso e e tla arabiwang mo loetong lwa nako e e tlang, jaaka e e reng: “A o ka rata go itse gore Modimo o tla diragatsa jang boikaelelo jwa gagwe jwa go tlisetsa batho masego le go fetola lefatshe go nna paradaise?”
3 Fa o boela kwa mothong yo o mo tsamaiseditseng boroutšhara ya “A Ruriruri Modimo o Amega ka Rona?” o ka simolola motlotlo o mongwe gape jaana:
◼ “Fa ke ne ke tlile mo nakong e e fetileng, re ne ra tlhokomela gore tota Modimo o a amega ka rona le gore ke boikaelelo jwa gagwe go baakanya tshenyo yotlhe eo motho a itliseditseng yone le legae la gagwe la lefatshe.” Bula boroutšhara mo setshwantshong se se mo ditsebeng 2-3 mme o bo o re: “Re ne ra feleletsa motlotlo wa rona ka potso e e reng, Modimo o tla diragatsa jang boikaelelo jwa gagwe jwa go tlisetsa batho masego le go fetola lefatshe go nna paradaise? O akanya jang?” Letela karabo. Bula mo tsebeng ya 17, mme o bale serapa 2 le Daniele 2:44. Morago ga moo, bala serapa 12 mo tsebeng ya 18. Botsa mongwantlo gore a ka rata go tlhatlhoba le wena karolo 9 mo boroutšhareng eno. Fa a dumela, e ithute le ene.
4 Katamelo e o ka e dirisang fa o tsamaisa boroutšhara ya “Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala” ke eno. Mmontshe tsebe ya yone e e ka fa ntle mme o bo o re:
◼ “Gompieno re aba boroutšhara eno e e tliseditseng batho ba ba dimilione kgomotso le tsholofelo ba ba latlhegetsweng ke ba ba ba ratang ka loso. A o kile wa ipotsa gore go na tsholofelo efe ka baswi? [Letela karabo.] Baebele e bontsha ka papamalo tsholofetso ya Modimo ya tsogo.” Bala Johane 5:28, 29. Bula boroutšhara mme o akgele ka dintlha tse di mo serapeng sa bofelo mo tsebeng ya 28 le serapa sa ntlha mo tsebeng ya 31. Mmontshe ditshwantsho tse di mo ditsebeng tseo. Tsamaisa boroutšhara ka R1,00. O ka nna wa rulaganya tsela ya go dira loeto lwa go boela ka go botsa jaana, “Re ka tlhomamisega jang gore kwa bokhutlhong loso lo tla fedisiwa gotlhelele?”
5 O ka nna wa rata go dirisa puisano eno fa o dira loeto lwa go boela kwa o tsamaisitseng boroutšhara ya “Fa Mongwe Yo o Mo Ratang A Tlhokafala”:
◼ “Fa re ne re buisana mo nakong e e fetileng, re ne ra tlotla ka tsholofelo e ntle ya tsogo. Boroutšhara e ke go tlogeletseng yone e tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore kwa bokhutlong loso lo tla fedisiwa gotlhelele. A ga o bone ditsholofetso tsa Modimo di gomotsa e bile di ikanyega?” Letela karabo. O bo o bula mo tsebeng ya 31 mo boroutšhareng, mme o bo o bala serapa sa bobedi le sa boraro, mmogo le Tshenolo 21:1-4. Tlhomolola tebelelo e re nang le yone ya go itumelela botshelo re se kitla re tlhola re swa. Go itshetlegile ka kgatlhego e e bontshitsweng le maemo ka nako eo, o ka nna wa buelela thuto ya Baebele mo bukeng ya Kitso kana botsa potso e nngwe e le go bula tsela ya loeto lwa go boela mo nakong e e tlang.
6 O ka nna wa bua jaana fa o tsamaisa boroutšhara ya “Lebaka La go Bo Botshelo bo le Gone ke Lefe—O ka le Bona Jang?”:
◼ “Batho ba le bantsi ba ipoditse gore lebaka la go bo botshelo bo le gone ke lefe. Ba ipoditse jaana: ‘Ke ka ntlha yang fa ke le fano? Ke ya kae? Isagwe e ntsholetseng?’ O akanya gore re ka bona dikarabo tsa dipotso tseno kae? [Letela karabo.] Tlhokomela seo Baebele e se bolelang. [Bala Pesalema 36:9.] A ga go utlwale go fetsa ka gore Mmopi wa motho ke ene yo o tshwanetseng go re tlhalosetsa gore ke ka ntlha yang fa re le fano? [Letela karabo.] Boroutšhara eno e bontsha boikaelelo jo bo molemolemo jo Modimo a nang le jone ka rona.” Bula mo ditsebeng tsa 20-1, bala setlhogo, o bo o bua ka setshwantsho se se moo; mme o bo o tsamaisa boroutšhara ka R1,00. Fa a e amogela, mmotse jaana: “Re ka tlhomamisega jang gore Modimo o santse a ikaeletse gore batho ba tshelele ruri mo lefatsheng la Paradaise?” Baya nako ya go boa gape.
7 Fa o tsamaisitse boroutšhara ya “Lebaka La go Bo Botshelo bo le Gone ke Lefe—O ka Le Bona Jang?” o ka nna wa bua sengwe se se tshwanang le seno fa o boela:
◼ “Fa ke ne ke le fano mo nakong e e fetileng, ke ne ka itumelela thata go tlotla le wena ka pono ya Baebele ya gore tota botshelo jwa motho bo na le lebaka la go bo bo le gone.” Mmontshe setshwantsho se se mo tsebeng ya 31 mme o mmotse, “Re ka tlhomamisega jang gore Modimo o santse a ikaeletse gore batho ba tshelele ruri mo lefatsheng la Paradaise?” Bala serapa 3 mo tsebeng ya 20. Tlotla ka dintlha tse di kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Modimo O Santse A Ikaeletse Jalo,” mo tsebeng ya 21. Ya kwa tsebeng ya bofelo ya boroutšhara, mme o bale ka ga mpho ya thuto ya legae ya Baebele ya mahala. Mmontshe buka ya Kitso, mme o mmontshe gore re e dirisa jang jaaka e e re thusang go ithuta Baebele.
8 Bodiredi jwa rona bo tshwanetse jwa bontsha gore re kgatlhegela thata go thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang gore ba “fitlhe mo kitsong ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:4) Ka gone, dira gore mo thulaganyong ya gago ya tirelo o ipeele nako ya go boela kwa mothong mongwe le mongwe yo o mo tsamaiseditseng boroutšhara. Fa o bontsha gore tota o a amega ka bone seno se ka felela ka go thusa bao ba fegelwang le ba ba sonelelang dilo tsotlhe tse di makgapha tse di dirwang mo bodumeding jwa maaka gore ba tshwaelwe poloko. (Esek. 9:4, 6) Gape o tla nna le boitumelo le kgotsofalo e e lerweng ke go itse gore o etsa Jehofa ka go amega ka ba bangwe ka tsela ya mmatota.—Bapisa Bafilipi 2:20.