Phetogo mo Diureng Tse di Tlhokwang mo Babulatseleng
1 Rotlhe re itumelela go nna le babulatsela ba ka metlha le ba ba thusang ba ba dirang ka natla mo phuthegong. Le e leng mo tshimong e nnye le e e dirwang gantsintsi, babulatsela ba re tlhometse sekao se se molemo sa go tlhoafala mo tirelong ya bone ya Bogosi. Ba kgothaleditse baboledi botlhe go nna ba tshwaregile mo go senkeng ba ba ‘sekametseng sentle mo botshelong.’—Dit. 13:48.
2 Mokgatlho o lemogile mathata a a ntseng a oketsega a babulatsela ba lebanang le one, segolobogolo malebana le go bona tiro ya go itshedisa e e sa tseyeng nako yotlhe, e e tla ba kgontshang go tlhokomela dilo tse ba di tlhokang ka tshwanelo gore ba nne ba le mo tirelong ya nako e e tletseng. Maemo a gompieno a tsa ikonomi kwa dinageng di le dintsi le one a dirile gore go nne thata le go feta gore ba bangwe ba tsenele tiro ya bobulatsela, le fa ba eletsa go dira jalo ka pelo yotlhe. Mo dikgweding tsa bosheng jaana, go ile ga sekasekwa mabaka ano le a mangwe ka kelotlhoko.
3 Ka gone, ka ntlha ya se se boletsweng fa godimo, Mokgatlho o fokoditse diura tse di tlhokwang mo babulatseleng ba ka metlha le ba ba thusang. Go tloga fela mo tshimologong ya 1999, babulatsela ba ka metlha ba tla tlhokwa go bereka diura di le 70 kgwedi le kgwedi, kana palogotlhe ya diura di le 840 ka ngwaga. Diura tse di tla tlhokwang mo babulatseleng ba ba thusang kgwedi le kgwedi e tla nna di le 50. Diura tsa babulatsela ba ba kgethegileng le barongwa tsone ga di na go fetoga, ka gonne Mokgatlho o ba thusa go tlhokomela dilo tse ba di tlhokang tsa nama. Ka jalo, ba tla kgona go tlhoma mogopolo ka botlalo mo tirong ya bone ya go rera le go dira barutwa.
4 Go solofelwa gore phetogo eno mo diureng tse di tlhokwang e tla thusa babulatsela ba le bantsi go tshwarelela mo tshiamelong eno e e botlhokwatlhokwa ya tirelo. Gape e tshwanetse ya bulela baboledi ba le bantsi tsela ya gore ba tsenele tiro ya bobulatsela jwa ka metlha le jo bo thusang. A bo seno se tshwanetse go itshupa e le tshegofatso jang ne mo go mongwe le mongwe mo phuthegong!