LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 4/15 ts. 28-30
  • A re Tla Nna re Tlhoka Masole ka Metlha?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A re Tla Nna re Tlhoka Masole ka Metlha?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Eletsa “Lepodise” la Lefatshe Lotlhe
  • “Jehofa wa Masomosomo”
  • Mephato ya Masole a Modimo e a Lwa
  • Akanya ka Lefatshe Le le Se Nang Ntwa
  • ‘Ntwa e e Tlang ya Letsatsi le Legolo la Modimo Mothatayotlhe’
    Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • Go Fedisetsa Ruri Kganetsano ya Lobopo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Kagiso ya Boammaaruri—Go Tswa Motsweding Ofe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • “Lo Rateng Boammaaruri le Kagiso”!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 4/15 ts. 28-30

A re Tla Nna re Tlhoka Masole ka Metlha?

MASOLE a jetse batho madi a le mantsi thata a ba a dira gore motho a se ka a itumela gotlhelele. Ka ntlha ya moo batho bangwe ba ile ba bo ba ipotsa gore, ‘A motho o tla tsamaya a fitlhelela mofuta wa polokesego ya lefatshe e e tla dirang gore masole a se ka a tlhola a nna teng?’ E re ka jaanong dibetsa tse di kgonang go senya matshutitshuti a batho ka nako e le nngwe di dirile gore go kgonege go senya setshidi sengwe le sengwe se se leng gone, go potlakile gore motho a ka botsa potso eno. Go matshwanedi go le kanakang go lebelela gore go tla tsamaya go nna le lefatshe le le se nang masole?

Ditiragalo di le dintsi tsa mo nakong e e fetileng di bontsha gore fa dikamano tse di leng gone mo gare ga ditšhaba tse di farologaneng di dira gore ditšhaba tseno di tshepane, seno se ka isa kwa go reng go nne le peomarumofatshe. Ka sekai, botsalanonyana jo bo sa reng sepe fa gare ga Canada le United States, bo ile jwa dira gore molelwane o o fa gare ga dinaga tse pedi tseno wa dikilometara di le 5000 o se ka wa sirelediwa ke masole ka nako e e fetang lekgolo la dingwaga le sephatlo. Norway le Sweden le tsone di ile tsa fitlhelela tumalano e e tshwanang, fela jaaka go ntse le ka ditšhaba tse dingwe tse dintsi. Fa ditšhaba tsone di ne di ka utlwana, a seno se ne se ka dira gore lefatshe le nne le se na masole? Fa go lejwa matlhotlhapelo a Ntwa ya Lefatshe I, ba le bantsi thata ba utlwa ba rata kgopolo eo.

Fa go ne go dirwa kagiso ka 1918, bongwe jwa maikaelelo a tumalano ya kagiso ya Versailles e ne e le “go dira gore go kgonege gore ditšhaba tsotlhe di simolole go fokotsa dibetsa tse di nang le tsone.” Mo dingwageng tse di neng tsa latela, ba le bantsi ba ne ba rata mogopolo wa go nna kgatlhanong le ntwa. Batho bangwe ba ba leng kgatlhanong le ntwa ba ne ba bolela gore ntwa ke selo se se maswe thata se se ka tlelang setšhaba sa batho, mme ka jalo e maswe go gaisa le gone go fenngwa ka bogone. Baganetsi ba kgopolo eno ya go nna kgatlhanong le ntwa ba ne ba sa dumalane, ba bontsha gore go ralala makgolo a dingwaga, Bajuda mo mafelong a mantsi ba ne ba sa itshireletse kgatlhanong le batlhasedi ba bone, le fa go ntse jalo maiteko a a setlhogo a go ba nyeletsa a ntse a tsweletse pele. Baafrika ga ba ka ba newa sebaka sa go emelana le ba ba neng ba ba tlisa kwa dinageng tsa Amerika e le makgoba, mme le fa go ntse jalo ba ne ba tshwerwe ka tsela e e setlhogo ka makgolokgolo a dingwaga.

Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa Ntwa ya Lefatshe II e tlhagoga, batho ba le bantsi ba ba leng kgatlhanong le ntwa ba ne ba fetsa ka gore dinaga di ne di tlhoka go sirelediwa. Ka jalo e ne ya re fa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne le tlhongwa morago ga Ntwa ya Lefatshe II, go ne ga se ka ga tlholwa go bewa tlhokomelo e kgolo mo go beyeng marumo fatshe mme e ne ya nna thata mo go reng ditšhaba tsotlhe di dirisane mmogo gore go se ka ga nna le ntwa. Maloko a lekgotla leno a ne a solofetse gore fa go ka nna le polokesego e e ntseng jalo, seno se ne se tla dira gore ditšhaba di dumele go baya marumo fatshe.

Go ne ga bonala bothata jo bongwe gape. Gantsi fa setšhaba sengwe se leka go itshireletsa, seno se dira gore setšhaba se sengwe sa boagelani se ikutlwe se sa sireletsega. Mme fa seno se diragala, se dira gore ditšhaba di simolole go gaisana ka dibetsa. Mme bosheng fela jaana, go nna le dikamano tse dintle mo gare ga ditšhaba tse dikgolo go dirile gore batho ba nne le tsholofelo ya gore go tla nna le peomarumofatshe. Le fa go ntse jalo, fa e sa le ka nako eo, Ntwa ya Kwa Kgogometsong, le mathata a se pele e neng e le Yugoslavia di dirile gore ba le bantsi ba latlhegelwe ke tsholofelo ya gore a go tla tsamaya go bewa marumo fatshe. Mo e ka nnang dingwaga di le tlhano tse di fetileng, makasine wa Time o ne wa akgela jaana: “Le fa gone ntwa ya molomo e fedile, lefatshe le fetogile go nna lefelo le le kotsi thata go na le gore e nne lefelo le le seng kotsi.”

Go Eletsa “Lepodise” la Lefatshe Lotlhe

Batho ba le bantsi ba ba etseng dilo tlhoko ba fetsa ka gore setho se tlhoka puso e le nngwe fela e e tla busang lefatshe lotlhe, e e nang le masole a a nonofileng ka mo go lekaneng gore a ka sireletsa mongwe le mongwe. E re ka lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le masole a a di gogang kwa pele a lefatshe di sa kgone go dira seno, bangwe ba akanya gore ga ba na tsholofelo ka isagwe. Mme fa o amogela gore Baebele ke Lefoko la Modimo, o ka nna wa bo o ile wa ipotsa gore a Modimo Mothatayotlhe o tla kgona go fitlhelela selo seno se se tlhokegang thata.

A Ene yo Baebele e mmitsang “Modimo wa lorato le wa kagiso” a ka dirisa thata ya masole go dira gore go nne le tshiamiso? Fa e le gore o tla dira jalo, o tla dirisa masole afe? Mephato e le mentsi ya masole gompieno e bolela gore e tshegeditswe ke Modimo, mme a ruri ba dira thato ya Modimo? Kana a Modimo o na le tsela e nngwe e a ka tsenyang letsogo ka yone mme a re naya kagiso le polokesego?—2 Bakorintha 13:11.

Modimo Mothatayotlhe o ne a rarabolola go tsuologa ga ntlha ka go leleka Adame le Efa mo Edena a ba a emisa ditšheruba gore di ba thibele go boa gape. Gape o ne a itsise ka maikaelelo a gagwe a go fedisa botsuolodi jotlhe jo bo leng kgatlhanong le bobusi jwa gagwe. (Genesise 3:15) A seno se tla akaretsa gore Modimo a dirise mophato mongwe wa masole?

Baebele e re bolelela ka dinako dingwe tsa fa Modimo a ne a dirisa mephato ya masole go diragatsa dikatlholo tsa gagwe. Ka sekai, magosi a a mo lefatsheng la Kanana a ne a nna le thobalano le diphologolo, ba ne ba ntsha bana ditlhabelo, e bile ba ne ba lwa dintwa tse di setlhogo. Modimo o ne a laola gore ba senngwe gotlhelele mme a dirisa mophato wa masole wa ga Joshua go diragatsa katlholo eo. (Duteronome 7:1, 2) Ka tsela e e tshwanang mophato wa masole wa ga Kgosi Dafide o ne wa diragatsa katlholo ya Modimo mo Bafilisitieng e le fa o bontsha kafa Modimo o tla senyang boikepo jotlhe ka gone mo letsatsing la gagwe la bofelo la katlholo.

Ditiragalo tseo di ne di re ruta sengwe. Jehofa o ne a bontsha gore a ka kgona go dirisa mophato wa masole go sireletsa batho. E le ruri, Jehofa o na le mophato o o tlhomologileng wa masole a a tla berekanang le botsuolodi jwa lobopo lotlhe jwa go tsuologela bobusi jwa gagwe.

“Jehofa wa Masomosomo”

Baebele e dirisa mafoko “Jehofa wa masomosomo” ka makgetlho a a fetang 250. Mafoko ano a bua thata ka boemo jwa Modimo e le molaodi wa mephato yotlhe ya baengele. Nako nngwe moporofeti Mikaia o ne a bolelela Dikgosi Ahabe le Jehoshafate jaana: “Ka bona Jehofa a dutse mo setulong sa gagwe sa bogosi, mme lesomosomo lotlhe la legodimo la bo le eme fa go ene ka fa tsogong le legolo, le ka fa go la molema.” (1 Dikgosi 22:19) Fano go buiwa ka lesomosomo la baengele. Jehofa o ne a dirisa mephato eno ya masole go sireletsa batho ba gagwe. Fa motse wa Dothane o ne o dikaganyeditswe, motlhanka wa ga Elisha o ne a latlhegelwa ke tsholofelo. Le fa go ntse jalo, go mo kgothatsa, Modimo o ne a mmontsha ka kgakgamatso mophato wa gagwe wa dibopiwa tsa semoya. “Jehofa a budulola matlho a lekau; mme a leba, mme bonang, thaba ya bo e tletse dipitse le dikara tsa molelo.”—2 Dikgosi 6:15-17.

A ditiragalo tse di tshwanang le tseno di bolela gore Modimo o tshegetsa mephato ya masole gompieno? Mephato mengwe ya masole ya Labokeresete e ka nna ya bolela gore ke mephato ya Modimo. Bangwe ba ile ba bo ba kopa gore baruti ba ba segofatse. Mme mephato eno ya Labokeresete gantsi e a lwantshana ka boyone, e lwantshana le badumedimmogo le bone. Dintwa tse pedi tsa lefatshe tsa mo lekgolong leno la dingwaga di ne tsa simolola mo gare ga mephato e e neng e bolela gore ke Bakeresete. Seno ga e ka ke ya bo e le ditiro tsa Modimo. (1 Johane 4:20) Le fa gone masole ano a ka bolela gore a lwela kagiso, a Jesu o ne a laela gore balatedi ba gagwe ba rulaganye mephato e e ntseng jalo e le gore a thibele dikgoreletsi tsa kagiso mo lefatsheng?

Kagiso e ne ya kgaupediwa ka tsela e e masisi fa segopa se se neng se na le dibetsa se ne se tshwara Jesu mo tshimong e a neng a rapela a na le barutwa ba gagwe mo go yone. Mongwe wa barutwa ba gagwe o ne a itaya monna mongwe yo o mo segopeng seno ka tšhaka. Jesu o ne a dirisa sebaka seno go tlhalosa molaomotheo mongwe o o botlhokwa. O ne a bolela jaana: “Busetsa tšhaka ya gago mo lefelong la yone, gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka. Kgotsa a o akanya gore ga ke ka ke ka ikuela kwa go Rre gore a nneye mo go yone nako eno mephato e feta e le lesome le bobedi ya baengele?” Jesu o ne a laola mophato o mogolo thata wa masole, mme Petere o ne a sa tsenngwa mo lenaaneng la masole a mophato ono, le fa e le motho ope yo mongwe. Go na le moo, Petere le balatedi ba bangwe botlhe ba ga Jesu ba biditswe gore ba nne “batshwarabatho.” (Mathaio 4:19; 26:47-53) Diura di sekae moragonyana, Jesu o ne a tlhalosetsa Pilato boemo jono sentle. O ne a bolela jaana: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno. Fa bogosi jwa me e ne e le karolo ya lefatshe leno, batlhokomedi ba me ba ka bo ba tlhabane gore ke se ka ka neelwa Bajuda. Mme, kafa go ntseng ka gone, bogosi jwa me ga bo tswe mo motsweding ono.” (Johane 18:36) Go farologana le bogosi jwa ga Dafide jo bo neng jwa tlhongwa mo lefatsheng, Bogosi jo Modimo a bo neileng Jesu jone bo kwa legodimong mme bo tla tlisa kagiso mo lefatsheng.

Mephato ya Masole a Modimo e a Lwa

Mephato ya masole a Modimo e tla tloga e tsaya kgato go ise go ye kae. Fa e tlhalosa ka ntwa e e tlogang e simologa, Tshenolo e bitsa Jesu e re ke “Lefoko la Modimo.” Re bala jaana: “Masole a a neng a le kwa legodimong a ne a mo setse morago ka dipitse tse ditshweu, mme a ne a apere leloba le lesweu, le le phepa, le le boleta. Mme mo molomong wa gagwe go tswa tšhaka e e bogale e telele, gore a tle a iteye merafe ka yone.” Baebele e bolela gore ntwa eno e tla felela ka gore go fedisiwe “dikgosi tsa lefatshe le masole a tsone.” Fa e le ka ba bangwe ba ba sa bontsheng boikanyego jo bo nitameng mo Modimong, boporofeti jono bo oketsa jaana: “Ba bangwe botlhe ba ne ba bolawa ka tšhaka e telele ya yo o ntseng mo pitseng.” Tota le Satane Diabolo o tla bo a sa tlhole a dira. Seno ruri se tla bolela lefatshe la kagiso le le se nang masole.—Tshenolo 19:11-21; 20:1-3.

Akanya ka Lefatshe Le le Se Nang Ntwa

A o ka kgona go akanya ka lefatshe le le babalesegileng mo e leng gore masole ga a tlhokege? Pesalema ya Baebele e bolela jaana: “Tlang, lo bone ditiro tsa ga Jehofa, e bong ditšhwafatso tse o di dirileng mo lefatsheng. O khutlisa ditlhabano le kwa bokhutlong jwa lefatshe.”—Pesalema 46:8, 9.

A bo seno se tla re namola jang ne! Akanya fela batho kgabagare ba imolotswe mo morwalong o o boima wa go duelela masole le didirisiwa tsa bone! Batho ba tla kgona go dirisa maatla a bone go tokafatsa maemo a mongwe le mongwe a go tshela, ba a dirise go phepafatsa lefatshe le go le jala sesha. Go tla bo go na le ditshono tse disha tsa go tlhama dilo tse di tla bong di le mosola tota mo bathong.

Tsholofetso eno e tla bo e diragaditswe mo lefatsheng lotlhe: “Go thubaka ga go ketla go tlhola go utlwala mo lefatsheng la gago, le fa e le tshwafatso kgotsa tshenyo mo teng ga melelwane ya gago.” (Isaia 60:18) Ga go kitla go tlhola go direga gape gore dimilionemilione tsa batshabi ba ba itlhobogileng ba tswe ba tshaba kwa mafelong a ntwa, ba patelediwa go tlogela magae a bone le dilo tsa bone gore ba ye go nna kwa dikampeng tsa tshotlego. Ga go kitla go tlhola go direga gape gore batho ba lelele baratiwa ba bone ba ba bolailweng kana ba ba golafaditsweng mo dintweng tse di lowang ke ditšhaba. Kgosi ya selegodimo ya ga Jehofa e tla tlhoma kagiso e e tla nnelang ruri ya lefatshe. “Mo metlheng ya gagwe basiami ba tlaa thama; go tlaa nna letlotlo la kagiso, go tle go tsamaye kgwedi e tlhokafalele ruri. O tlaa golola mewa ya bone mo pogisong le mo thubakong.”—Pesalema 72:7, 14.

Gape botshelo bo tla bo bo itumedisa thata mo gare ga batho ba ba ithutileng, e seng go tlhoa, mme go etsa ditsela tsa Modimo tsa lorato. Lefoko la Modimo le bolelela pele jaana: “Ga di ketla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo; gonne lefatshe le tlaa bo le tletse kitso ya go itse Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.” Go tla bo go ntse jang go tshela mo gare ga batho ba ba itseng Jehofa le ba ba mo ratang? Yone buka eo e bolelela pele jaana: “Tiro ya tshiamo e tlaa nna kagiso; le se se tlaa tswang mo tshiamong e tlaa nna lodule le boikanyo ka bosakhutleng. Batho ba me ba tlaa nna mo boagong jwa thagamo, le mo dikagong tse di tlhomameng, le mo mafelong a tapologo le a lodule.”—Isaia 11:9; 32:17, 18.

Batho ba tumelo ya bone e agilweng mo kitsong ya Baebele ba lemoga gore mephato ya Modimo e eme e iketleeditse go tlosa baba botlhe ba kagiso mo lefatsheng. Kitso eno e ba naya tshepo ya gore ba dire se Baebele e reng se tshwanetse go “dira[ga]la mo metlheng e e tlaa tlang kwa pelepele.” E leng gore: “Di tlaa thula ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a tsone dithipa tsa mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe tšhaka; le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope.”—Isaia 2:2-4.

Batho ba ba tswang mo ditšhabeng tse dintsi bao ba nnileng Basupi ba ga Jehofa ba setse ba sa tlhole ba “ithuta tlhabano.” Ba beile tshepo ya bone mo go reng mephato ya Modimo ya selegodimo e tla ba sireletsa. Fa o ithuta Baebele le bone, le wena o ka nna le tshepo e e tshwanang le eo.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 28]

U.S. National Archives photo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela