Bontsha Boikanyegi Jwa Bokeresete fa wa Losika a Kgaotswe
1. Ke boemo bofe jo bo ka lekang boikanyegi jwa Mokeresete?
1 Dikgolagano fa gare ga maloko a lelapa e ka nna tse di nonofileng tota. Seno se tlisa teko mo Mokereseteng fa molekane wa lenyalo, ngwana, motsadi kana mongwe yo re leng gaufi thata le ene ka losika a kgaotswe kgotsa a itomolotse mo phuthegong. (Math. 10:37) Bakeresete ba ba ikanyegang ba tshwanetse go tshwara jang motho yo o ntseng jalo wa losika? Go tweng fa a nna le lona mo gae? Sa ntlha, a re sekasekeng se Baebele e se bolelang ka kgang eno, melaometheo e e dirang ka tsela e e tshwanang mo go ba ba kgaotsweng le ba ba itomolotseng.
2. Go ya ka Baebele, Bakeresete ba tshwanetse go tshwara jang ba ba kgaotsweng mo phuthegong?
2 Kafa re ka Dirisanang ka Gone le Batho ba ba Kgaotsweng: Lefoko la Modimo le laela Bakeresete gore ba se ka ba kopana kgotsa go tsalana le motho yo o kgaotsweng mo phuthegong: “Lo tlogele go ikopanya le motho yo o bidiwang mokaulengwe yo e leng mogokafadi kgotsa motho yo o bogagaru kgotsa moobamedi wa medingwana kgotsa mogobolodi kgotsa letagwa kgotsa yo o tsayang ka dikgoka, le gone lo se ka lwa ja le motho yo o ntseng jalo. . . . Tlosang motho yo o boikepo mo gare ga lona.” (1 Bakor. 5:11, 13) Mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 18:17 le one a tshegetsa kgang eno: “A [motho yo o kgaotsweng] a nne mo go wena fela jaaka motho wa ditšhaba le jaaka mokgethisi.” Bareetsi ba ga Jesu ba ne ba itse sentle gore Bajuda ba motlha oo, ba ne ba sa kopane le Baditšhaba le gore ba ne ba sa rate bakgethisi, ba ba leba jaaka batho ba e seng ba sepe. Ka jalo, Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba se ka ba kopana mmogo le batho ba ba kgaotsweng.—Bona Tora ya Tebelo ya March 1, 1982, ditsebe 5-7.
3, 4. Go ilediwa gore re se ka ra nna le botsalano bofe le batho ba ba kgaotsweng le ba ba itomolotseng?
3 Seno se raya gore Bakeresete ba ba ikanyegang ga ba amane ka gope ka dilo tsa semoya le ope yo o kgaotsweng mo phuthegong. Mme seo ga se sone sotlhe. Lefoko la Modimo le tlhalosa gore ga re a tshwanela le eleng go “ja le motho yo o ntseng jalo.” (1 Bakor. 5:11) Ka jalo, le rona ga re amane ka gope le motho yo o kgaotsweng. Seno se raya gore ga a kitla a nna gone le rona mo pikiniking, mo moletlong, mo metshamekong kgotsa go ya le rona kwa mabenkeleng, kwa bobogelong kgotsa go nna le rona fa re ja kwa gae kgotsa kwa lebenkeleng le go jelwang kwa go lone.
4 Go tweng ka go bua le motho yo o kgaotsweng? Le mororo Baebele e sa akaretse maemo otlhe, 2 Johane 10 e re thusa go leba dilo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone: “Fa mongwe a tla mo go lona mme a sa tlise thuto eno, lo se ka lwa ba lwa mo amogela mo magaeng a lona le ka motlha kgotsa lwa mo dumedisa.” Tora ya Tebelo ya March 1, 1982, tsebe 11 e akgela jaana fa e bua ka seno: “Go raya mongwe fela o re ‘Dumela’ e ka nna kgato ya ntlha e e simololang motlotlo mme gongwe le botsalano. A re ka batla go tsaya kgato eo ya ntlha le motho yo o kgaotsweng?”
5. Fa motho a kgaolwa o latlhegelwa ke eng?
5 Eleruri, go ntse fela jaaka tsebe 18 ya yone Tora ya Tebelo eo e tlhalosa: “Ntlha ke gore fa Mokeresete a ineela mo boleong a bo a kgaolwa, o latlhegelwa ke mo gontsi: boemo jwa gagwe jo bo amogelesegang mo Modimong; . . . bokopano jo bo monate le bakaulengwe, go akaretsa le bokopano jo bontsi jo a nnileng najo le ba losika ba Bakeresete.”
6. A Mokeresete o tshwanetse gore a se ka a nna le bokopano bope le motho wa losika yo o kgaotsweng yo o nnang le ene mo lelapeng? Tlhalosa.
6 Fa a Nna le Rona mo Lelapeng: A seno se raya gore Bakeresete ga ba a tshwanela go buisana, go ja, go kopana le go dira dilo tsa letsatsi le letsatsi mmogo le leloko le le kgaotsweng la lelapa fa le nna le bone mo lelapeng? Tora ya Tebelo ya April 15, 1991, e bolela jaana mo mokwalong o o kwa tlase mo go tsebe 22: “Fa e le gore mo lelapeng la Mokeresete go na le motho wa losika yo o kgaotsweng, motho yoo o tla nna a nna le seabe mo ditirisanong le mo ditirong tse di tlwaelegileng tsa malatsi otlhe tsa ba lelapa leo.” Ka jalo, go tla tlogelelwa maloko a lelapa gore e nne one a swetsang gore leloko le le kgaotsweng la lelapa le tla kopana mmogo le bone go ya bokgakaleng jo bo kana kang fa go jewa kgotsa fa go dirwa ditiro tse dingwe tsa lelapa. Mme gone, ga ba kitla ba dira gore bakaulengwe ba ba tsalaneng le bone ba akanye gore dilo di santse di ntse fela jaaka di ne di ntse pele a kgaolwa.
7. Dikamano tsa semoya di fetoga jang mo lelapeng fa leloko la lelapa le kgaotswe?
7 Le fa go ntse jalo, Tora ya Tebelo ya March 1, 1982, tsebe 15 e bua jaana ka motho yo o kgaotsweng kgotsa yo o itomolotseng: “Dikamano tsa pele tsa semoya di kgaogile gotlhelele. Tota le mo go ba losika le maloko a lelapa la gagwe. . . . Seno se tla fetola botsalano jwa semoya jo bo ka neng bo ne bo le gone mo gae. Ka sekai fa rre a kgaotswe, mosadi le bana ba gagwe ga ba ne ba gololesega gore a tshware thuto ya lelapa ya Baebele kana a etelele pele mo mmalong wa Baebele le mo thapelong. Fa a batla go rapela, gongwe ka nako ya dijo, o na le tshwanelo ya go dira jalo mo legaeng la gagwe. Mme bone ba ka nna ba rapela Modimo wa bone mo pelong. (Dia. 28:9; Pes. 119:145, 146) Go tweng fa motho yo o kgaotsweng yo o nnang mo gae a batla go nna gone fa lelapa le bala Baebele mmogo kana le tshwere thuto ya Baebele? Ba bangwe ba ka nna ba mo letla gore a nne gone, gore a reetse fa fela a ka se ka a leka go ba ruta dikgopolo tsa gagwe tsa bodumedi.”
8. Batsadi ba Bakeresete ba na le boikarabelo bofe ka ngwana wa bone yo o kgaotsweng yo o nnang mo gae?
8 Fa ngwana yo monnye yo o sa ntseng a nna mo lapeng a kgaotswe, batsadi ba Bakeresete ba na le maikarabelo a go mo godisa. Tora ya Tebelo ya November 15, 1988, e tlhalosa jaana mo go tsebe 20: “Fela jaaka ba tla tswelela go mo naya dijo, diaparo, le bonno ba santse ba tlhoka go mo ruta le go mo otlhaya ka Lefoko la Modimo. (Diane 6:20-22; 29:17) Batsadi ba ba lorato he, ba ka rulaganyetsa gore ba mo tshwarele thuto ya Baebele le fa a kgaotswe. Gongwe a ka solegelwa molemo ke thuto eo ba tla bong ba mo tshwarela yone a le nosi. Kgotsa ba ka nna ba swetsa ka gore a ka nna a tswelela go kopanela mo thutong ya lelapa.”—Bona gape Tora ya Tebelo ya October 1, 2001, ditsebe 16-17.
9. Mokeresete o tshwanetse go nna le bokopano go ya bokgakaleng jo bo kae le wa losika yo o kgaotsweng yo o sa nneng le ene mo gae?
9 Ba Losika Ba ba Sa Nneng mo Lelapeng: Tora ya Tebelo ya April 15, 1988, tsebe 28 e bolela jaana: “Boemo ga bo tshwane fa yo o kgaotsweng kana yo o itomolotseng e le wa losika yo o nnang kgakala le legae le ba lelapa ba a atamalaneng nabo thata ka losika. Go ka nna ga kgonega gore go se nniwe le bokopano bope gotlhelele le motho yoo wa losika. Le eleng fa go na le dikgang tsa lelapa tse di tlhokang gore go kopanwe nae, ruri go tla dirwa gore seno se nne sewelo,” tumalanong le molaomotheo wa bomodimo wa gore re “tlogele go ikopanya le motho” yo o nang le molato wa go leofa a sa ikotlhae. (1 Bakor. 5:11) Bakeresete ba ba ikanyegang ba tshwanetse gore ba se ka ba kopana le yo o ntseng jalo wa losika go sa tlhokege, le go dirisana le ene go le gonnye fela mo ditirong tsa kgwebo.—Bona gape Tora ya Tebelo ya March 1, 1982, tsebe 16.
10, 11. Mokeresete o tla akanyetsa eng pele a dumelela wa losika yo o kgaotsweng go boela gae?
10 Tora ya Tebelo e bua ka maemo mangwe a a ka nnang a nna teng: “Mme go tweng fa mongwe wa losika, jaaka morwa kana motsadi yo o sa nneng fa gae, a kgaotswe mme gape a batla go boela gae? Lelapa le ka swetsa gore le tla dira eng go ikaegile ka boemo. Ka sekai, motsadi yo o kgaotsweng a ka lwala kana a sa tlhole a kgona go itlamela ka madi, kana go itlhokomela. Bana ba Bakeresete ba na le boikarabelo jwa Dikwalo jwa go mo thusa. (1 Tim. 5:8) . . . Se se tla dirwang se tla ikaega ka dilo tsa mmatota tse motsadi a di tlhokang, boikutlo jwa gagwe le gore tlhogo ya lelapa e amega jang ka botswelelopele jwa semoya jwa lelapa.”—Tora ya Tebelo ya March 1, 1982, tsebe 15.
11 Setlhogo seo se tswelela jaana fa se bua ka ngwana: “Ka dinako tse dingwe batsadi ba Bakeresete ba ile ba amogela ngwana yo o kgaotsweng go tla gae ka nakwana ka a ne a lwala mo mmeleng kana mo maikutlong. Mme mo kgannyeng nngwe le nngwe batsadi ba ka sekaseka maemo a bone. A morwa yo o kgaotsweng o ne a nna a le esi, mme jaanong ga a kgone go dira jalo? Kana o batla go boa fela ka gore o tla tshela motlhofonyana? Go tweng ka maitsholo a gagwe le boikutlo jwa gagwe? A o tla tlisa ‘sebediso’ mo gae?—Bagal. 5:9.”
12. Melemo mengwe ya go kgaola ke eng?
12 Melemo ya go Ikanyega mo go Jehofa: Go dirisana mmogo le thulaganyo ya Dikwalo ya go kgaola badiraphoso ba ba sa ikwatlhayeng le go se tsalane le bone go na le melemo. Go boloka phuthego e le phepa e bile go re tlhaola jaaka batho ba ba tshegetsang ditekanyetso tse di kwa godimo tsa boitsholo tse di mo Baebeleng. (1 Pet. 1:14-16) Go re sireletsa mo ditlhotlheletsong tse di bosula. (Bagal. 5:7-9) Gape go naya modiraphoso sebaka sa go solegelwa molemo ke kotlhao e a e amogelang, e e ka mo thusang go ungwa “leungo la kagiso, e leng tshiamo.”—Baheb. 12:11.
13. Lelapa lengwe le ne la dira diphetogo dife, mme ka diphelelo dife?
13 Fa mokaulengwe mongwe le kgaitsadie ba ne ba sena go utlwa puo nngwe kwa kopanong ya potologo, ba ne ba lemoga gore ba ne ba tshwanetse go dira diphetogo mo tseleng e ba neng ba tshwara mmaabone yo o neng a nna go sele, e bile a na le dingwaga di le thataro a kgaotswe. Ka bonako fela morago ga kopano, mokaulengwe yono o ne a bitsa mmaagwe, mme fa a sena go mo tlhomamisetsa kafa ba mo ratang ka gone, o ne a mo tlhalosetsa gore ba ne ba se kitla ba bua le ene kwantle ga fa go ne go na le dikgang dingwe tse di botlhokwa tsa lelapa tse di neng di tlhoka gore ba kopane. Ka bonako fela morago ga moo, mmaabone o ne a simolola go nna teng kwa dipokanong mme kgabagare a busediwa mo phuthegong. Le monna wa gagwe yo e neng e se Mokeresete o ne a simolola go ithuta mme fa nako e tsamaya a kolobediwa.
14. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tshegetsa ka boikanyegi thulaganyo ya go kgaola?
14 Go tshegetsa ka boikanyegi thulaganyo ya go kgaola e e tlhalosiwang mo Dikwalong go bontsha gore re rata Jehofa e bile go araba yo a Mo kgobang. (Dia. 27:11) Fa re dira jalo, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re segofatsa. Kgosi Dafide o ne a kwala jaana ka Jehofa: “Mme melao ya gagwe yone, ga nkitla ke fapoga mo go yone. O tla dira ka boikanyegi le motho yo o ikanyegang.”—2 Sam. 22:23, 26.