Thulaganyo Ya Pokano Ya Tirelo
Beke e e Simololang ka August 12
Pina 76
13 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Dikgang Tsa Puso ya Modimo. O dirisa dikakantsho tse di mo go tsebe 8, dira gore go nne le dipontsho tse pedi tsa ka fa go ka tsamaisiwang ka gone makasine wa Tora ya Tebelo wa August 15, le Tsogang! ya September 8. Mo pontshong nngwe le nngwe, bontsha gore o ka araba jang motho yo o kgoreletsang puisano a re, “Ke eng lo re etela gantsi jaana?”—Bona buka ya Go Fetolana, tsebe 20.
20 mets: “Itlhomele Mekgele ya Semoya.”a Fa o tlotla serapa 5, akaretsa dikakgelo tse di kgothatsang tse di buang ka bobulatsela jwa nako e e tletseng, borongwa le tirelo ya Bethele tse di mo bukeng ya Bodihedi Jwa Rona, ditsebe 114-16.
12 mets: Maitemogelo a phuthego ya lona. Kopa bareetsi gore ba bolele maitemogelo a ba nnileng le one fa ba dirisa pampitshana e e reng, A o Ka Rata go Itse mo go Oketsegileng ka Baebele? A ba ile ba kgona go simolola dithuto tsa Baebele? Fa e le gore go ntse jalo, tlhalosa gore ba ile ba di simolola jang kgotsa, dira pontsho ka boitemogelo bo le bongwe kgotsa a mabedi. Boeletsa lebokoso le le reng, “Ditshono Tsa go Aba Pampitshana” mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 2001, tsebe 4.
Pina 123 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka August 19
Pina 182
12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Tlotla ka setlhogo se se reng, “Thulaganyo e Ntšha ya Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe.” Itsise letlha la kopano e e kgethegileng e e latelang ya letsatsi le le lengwe, mme o kgothaletse botlhe gore ba fitlhe ka nako le go reetsa ka kelotlhoko fa thulaganyo e ntse e tsweletse. Kgothaletsa baboledi gore ba laletse batho ba ba sa tswang go kgatlhega le ba ba ithutang Baebele le bone.
15 mets: Ke Eng se se Dirang Gore ba Ikgogone? Motlotlo le bareetsi le dipontsho. Gantsi fa re le mo bodireding re kopana le batho ba ba sa batleng go tlotla ka ditumelo tsa bone. Seno se baka bothata jo bo ka dirang gore re se ka ra kgona go ba bolelela molaetsa wa Bogosi. Fa re lemoga lebaka la go bo motho a ikgogona, seno se ka re thusa go baakanyetsa puisano e e tla dirang gore motho yoo a tlhalose maikutlo a gagwe. Tlotla ka tsela e re ka fetolang puisano ka yone fa re kopana le mefuta e e latelang ya batho: (1) Ba ba sa kgatlhegeleng bodumedi, le jwa bone tota. (2) Ba ba ngaparetseng thata dingwao tsa bodumedi jwa lelapa la bone le jwa bagologolwane ba bone. (3) Ba ba sa phuthologeng go bua ka ditumelo tsa bone ka gonne ba sa kgone go di tshegetsa ka Dikwalo. (4) Ba ba nang le maikutlo a a sa siamang ka rona ka ntlha ya dilo tse di seng boammaaruri tse di buiwang ke baganetsi ba rona. Fetola lenaane leno ka fa go tlhokegang ka gone gore le tshwanele tshimo ya lona, o bue thata ka maikutlo a a bontshiwang ke batho ba gantsi lo kopanang le bone. Akaretsa pontsho e khutshwane e e bontshang ka fa o ka tsenyeletsang motho mo motlotlong wa Dikwalo ka gone.
18 mets: “Bontsha Boikanyegi Jwa Bokeresete fa wa Losika a Kgaotswe.”b (Dirapa 1-8) E neelwe ke mogolwane yo o tshwanelegang sentle, a dirisa dipotso tse di gatisitsweng. Kopa mokaulengwe yo o kgonang go bala sentle gore a balele serapa sengwe le sengwe kwa godimo.
Pina 136 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka August 26
Pina 189
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola baboledi gore ba neye balebedi ba bone ba Thuto ya Buka ya Phuthego dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa August. Balebedi ba Thuto ya Buka ya Phuthego ba tshwanetse go tlhomamisa gore mongwe le mongwe mo setlhopheng sa bone, o tlisitse pego ya gagwe gore dipego tsotlhe di bo di kopantswe ka September 6. Gape ba tshwanetse go tlhomamisa gore mokwaledi o newa dipego dipe fela tsa ngwaga ono wa tirelo tse di iseng di tlisiwe. Bega ka kgatelopele ya kwa tshimong e e sa abiwang. Itsise phuthego ka dithulaganyo tsa September. Botsolotsa motho a le mongwe kana ba babedi ka katlego e ba setseng ba e bone go tla go fitlha jaanong. O dirisa dikakantsho tse di mo go tsebe 8, kopa mmoledi wa phuthego go dira pontsho ya ka fa go ka tsamaisiwang makasine wa Tora ya Tebelo ya September 1. Kgothaletsa baboledi botlhe gore ba bale temana nngwe fa ba bua le batho.
17 mets: “Nna le Bokgoni Jwa go Buisana le ba Bangwe!”c Fa o konela, kgothaletsa baboledi gore ba boeletse kgaolo e e reng, “Tsela ya go Tokafatsa Bokgoni Jwa go Tlotla” mo bukeng ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, ditsebe 62-5.
18 mets: “Bontsha Boikanyegi Jwa Bokeresete fa wa Losika a Kgaotswe.”d (Dirapa 9-14) E neelwe ke mogolwane yo o tshwanelegang sentle, a dirisa dipotso tse di gatisitsweng. Kopa mokaulengwe yo o kgonang go bala sentle gore a balele serapa sengwe le sengwe kwa godimo.
Pina 125 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka September 2
Pina 84
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola baboledi gore ba tlise dipego dipe tsa tirelo ya tshimo tse di saletseng tsa August kwa balebeding ba bone ba Thuto ya Buka ya Phuthego. Tlotla ka bokhutshwane ka setlhogo se se reng, “Bala le Bana ba Gago,” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya May 1, 1999, tsebe 25.
20 mets: Baakanyetsa Pele Ga o Ya Bodireding. Motlotlo le pontsho. Go baakanyetsa sentle go dira gore bodiredi jwa rona bo nne le matswela. Ka jalo, pele ga o ya bodireding: (1) Batla dikgatiso tse o tla di dirisang. (2) Tlhomamisega gore o na le dipego tse di lekaneng tsa ntlo le ntlo le pene kana pensele. (3) Fa o tlhoka sepalangwa, dira dithulaganyo tse di tshwanetseng. (4) Akanya ka maeto a go boela a o rulagantseng go a dira. (5) Baakanyetsa se o tla se buang. Fa e le gore o tla bo o tshwere pokano ya tirelo ya tshimo, nna le tshimo e e lekaneng. Tlotla le bareetsi ka ditsela di le pedi kana di le tharo tsa ka fa buka ya Kitso e ka tsamaisiwang ka gone mo bodireding ka September. Dira pontsho ka e le nngwe ya dipuisano tseno, mme o akaretse temana mo motlotlong wa gago.—Bona dikakantsho mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 2002, tsebe 5.
15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko. Kgotsa kopa bareetsi gore ba tlhalose maitemogelo a ba nnileng le one fa ba neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo, gongwe fa ba bolelela batho ba ba leng mo go emisiwang dikoloi teng dikgang tse di molemo, mo dipalangweng tsa botlhe, mo diparakeng, mo marekelong, mo dilori di emang gone le mo mafelong a mangwe a botlhe. Dira pontsho ka boitemogelo bo le bongwe kgotsa a le mabedi.
Pina 99 le thapelo e e konelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
d Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.