LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/01 ts. 3-4
  • Re na Le Sedirisiwa se Sesha sa go Simolola Dithuto!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re na Le Sedirisiwa se Sesha sa go Simolola Dithuto!
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • E Dirise ka Metlha
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Dirisa Dipampitshana go Simolola Motlotlo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Nna o Akantse ka go Buelela Thuto ya Baebele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • “Kafa re ka Dirisang Boroutšhara Jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! ka Teng.”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
km 11/01 ts. 3-4

Re na Le Sedirisiwa se Sesha sa go Simolola Dithuto!

1 Mosadi mongwe wa kwa Amerika e ne e le Moroma Katoliki yo o ineetseng. O ne a emela dithuto tsa kereke ya gagwe ka boikanyegi. O ne a ba a tsaya loeto lwa sedumedi go ya kwa Vatican. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a mo etela kwa ntlong ya gagwe, a dumela go tshwarelwa thuto ya legae ya Baebele. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a batla go ithuta se Baebele e se buang mme kereke ya gagwe e ne e sa mo naya thuto ya legae ya Baebele. Boitemogelo jono bo re ruta eng? Gore ga re itse gore ke mang yo o ka nnang a amogela thuto ya mahala ya Baebele.—Mor. 11:6.

2 A o kile wa okaoka go bolelela batho gore re rata go ithuta Baebele le mongwe le mongwe yo o kgatlhegang? A mongwe le mongwe mo lefelong la ga lona o a itse gore re e tshwarela batho mahala? Re ka tlhomamisa jang gore ba a itse? Ka go dirisa sedirisiwa se sesha. Ke pampitshana e e gogelang, ya ditsebe di le thataro ya A o Ka Rata go Itse mo go Oketsegileng ka Baebele? A re boneng gore pampitshana eno e re tsholetse eng, setlhogwana ka setlhogwana.

3 “Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Bala Baebele?” Mabaka a pampitshana eno e a ntshang a a utlwala eleruri. E tlhalosa gore Baebele e na le “ditaelo tse di lorato tse di tswang kwa Modimong,” e re bontsha kafa re ka mo kopang thuso ka thapelo ka teng le kafa re ka amogelang mpho ya gagwe ya botshelo jo bo sa khutleng ka teng. (1 Bathes. 2:13) Pampitshana eno e umaka dikarolo tse di farologaneng tsa “boammaaruri jo bo sedimosetsang” jwa Baebele, jaaka gore go diregang ka rona morago ga gore re swe le gore ke eng fa lefatshe le tletse mathata jaana. E tlhalosa “melaometheo ya bomodimo e e mo Baebeleng” e ka go e dirisa re ka solegelwang molemo mo mmeleng le go itumela ka teng, go nna le tsholofelo le dinonofo tse dingwe tse di rategang. Pampitshana eno e umaka lebaka le lengwe gape la go bo re tshwanetse go bala Baebele—boporofeti jo bo malebana le isagwe jo bo bontshang se tota se tlogang se direga.—Tshen. 21:3, 4.

4 “Se se Ka re Thusang go Tlhaloganya Baebele”: Pampitshana eno e bolela jaana: “Rotlhe re tlhoka go thusiwa gore re tlhaloganye Lefoko la Modimo.” Morago ga moo, e tlhalosa tsela e re ithutang Baebele ka yone: “Gantsi go molemo go ithuta Baebele kgato ka kgato, o simolola ka dithuto tsa motheo.” Le mororo e tlhalosa ka phepafalo gore “Baebele ke motswedi wa dithuto tseno,” pampitshana eno e umaka ka tlhamalalo boroutšhara jwa Re Direng e le sedirisiwa se se tla thusang motho yo o ithutang “go tlhaloganya ditshupiso tsa Dikwalo tse di buang ka dilo tse di farologaneng.” Setlhogwana se se latelang se tsosa potso e e tlhotlheletsang.

5 “A o Ka Rata go Ipha Nako ya go Ithuta Beke le Beke Gore o Tlhaloganye Baebele?” Pampitshana eno e tlhalosa gore thuto ya Baebele e ka rulaganngwa gore e tshwarwe ka nako le mo lefelong le le siametseng motho yo go ithutiwang le ene, e ka ne e le kwa legaeng la gagwe kana ka thelefouno. Ke bomang ba ba ka nnang le seabe mo motlotlong ono? Pampitshana eno e araba jaana: “Botlhe ba lelapa la gago. Ditsala dipe fela tse o ka ratang go di laletsa le tsone di ka nna le seabe. Kana fa o batla, thuto eno e ka tshwarelwa wena fela.” Motho o tshwanetse go ithuta lobaka lo lokae? E tlhalosa jaana: “Batho ba le bantsi ba seegela ura e le nngwe kwa thoko beke le beke gore ba ithute Baebele. Fa o kgona go dirisa nako e e fetang eo beke le beke kgotsa e e kwa tlase ga eo, Basupi ba tla nna ba ipha nako ya go go thusa.” Eno ke yone ntlha ya konokono! Re iketleeditse go fetofetoga le maemo a motho mongwe le mongwe yo re ithutang le ene.

6 “O Lalediwa go Ithuta”: Go na le setlankana se motho yo o amogetseng pampitshana eno a ka kopang boroutšhara jwa Re Direng ka sone kana a ka kopang gore re mo etele gore re mo tlhalosetse ka thulaganyo ya rona ya thuto ya mahala ya legae ya Baebele. Tsebe e e ka fa ntle ya boroutšhara jwa Re Direng e takilwe ka mebala e e bonalang sentle. A o kgona go bona lebaka la go bo pampitshana eno e tlile go kgothatsa batho ba le bantsi ba ba dipelo di ikanyegang gore ba amogele thuso ya rona? Jaanong, re ka dirisa jang sedirisiwa seno se sesha ka tsela e e molemo?

7 Ke Bomang Ba o Ka ba Nayang Pampitshana Eno? Pampitshana eno e ka newa motho mo letsogong kana ya tlogelwa kwa matlong a go sa fitlhelwang ope mo go one. E ka abiwa fa re rera ka ntlo le ntlo, mo mebileng le mo tshimong ya dikgwebo. E neye batho le fa ba ka tswa ba amogela dibuka tsa rona kana nnyaa. E tsenye mo dimakasineng kana mo dikgatisong tse dingwe tse o di tsamaisetsang batho. E tsenye mo makwalong fa o kwalela ba bangwe. Ithaopele go e posetsa batho ba o buang le bone ka thelefouno. Ka metlha tsamaya o tshwere dikhopi tsa yone go di aba fa o le kwa mabenkeleng, fa o dirisa dipalangwa tsa botlhe, le fa o neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. E neye mongwe le mongwe fela yo o go etelang. E neye ba losika, baagelani, batho ba o berekang le bone, ba o tsenang sekolo le bone le batho ba bangwe ba o ba tlwaetseng. Leka ka natla gore o neye motho mongwe le mongwe yo o kopanang le ene pampitshana eno! Mme ke eng se o tshwanetseng go se dira morago ga moo?

8 Fa Motho a Arabela ka Bonako Fela: Batho bangwe ba tla arabela ka bonako fela ka go bolela gore ba ka rata go ithuta Baebele. Ka jalo, nako nngwe le nngwe fa o le mo tirelong ya tshimo, tlhomamisa gore ka metlha o nna o tshwere dikhopi tse pedi tsa boroutšhara jwa Re Direng—e nngwe e nne ya motho yo o ithutang le ene mme e nngwe e nne ya gago. Fa motho yono a rata, simolola thuto ka yone nako eo. Bula tsebe e e ka fa teng ya khabara, mme o bale setlhogo se se reng “Tsela e Boroutšhara Jono bo Tshwanetseng go Dirisiwa ka Yone.” Go tswa foo tsena ka tlhamalalo mo go thuto 1, mme o mmontshe kafa thuto e tshwarwang ka teng. A bo eno e le tsela e e motlhofo jang ne!

9 Fa Moreetsi wa Gago a Tlhoka Nako ya go Ikakanya: Pele go feta nako e ntsi, leka go ikgolaganya le ene gape. Fa o dira jalo, tlhomamisa gore o tsamaya o tshwere boroutšhara jwa Re Direng. Mmontshe diteng tsa yone mo tsebeng e e ka fa teng ya khabara. Mo letle gore a tlhophe thuto e go lebegang e mo kgatlha thata. E ya kwa go yone, mme o simolole go tlotla ka thuto e a e tlhophileng.

10 Go Boela Kwa Bathong Ba o Ba Tsamaiseditseng Dimakasine: Fa o tlogeletse motho pampitshana mmogo le dimakasine di le mmalwa, o ka nna wa boela kwa go ene, mme o bue jaana: “Fa ke ne ke le fano mo nakong e e fetileng, ke ne ka itumelela go go tlogelela khopi ya makasine wa Tora ya Tebelo. Gongwe o lemogile gore setlhogo se se feletseng sa lokwalopaka lono ke Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa. Gompieno ke rata go go tlhalosetsa gore Bogosi jono ke eng le gore ke eng se bo tlileng go se direla wena le ba lelapa la gago.” Morago ga moo, bula boroutšhara jwa Re Direng mo go thuto 6. O simolola ka serapa sa ntlha, bala o bo o tlhalose go le gontsi go ya ka nako e mong wa ntlo a nang le yone. Go tswa foo, dira dithulaganyo tsa go boela kwa go ene gape ka letsatsi le lengwe go tla go feleletsa thuto eno.

11 O se Ke wa Felelwa ke Dipampitshana: Molebedi wa tirelo le bakaulengwe ba ba tshwarang dibuka ba tla batla go dira gore go nne go ntse go na le dipampitshana tse dintsi ka mo go lekaneng tsa Itse Baebele ka dinako tsotlhe mo phuthegong. Nna o tshwere tse dingwe mo potleng kana mo kgetsaneng, mo koloing ya gago, kwa o berekang teng, kwa sekolong, gaufi le mojako wa ntlo ya gago—gongwe le gongwe mo batho ba ka di bonang motlhofo teng. Gone mme, tse dingwe o tshwanetse go di tsenya mo kgetsaneng ya gago ya tshimo gore o di dirise fa o kopana le mongwe yo o ka tlotlang le ene ka Baebele.

12 E Kete Jehofa a ka Segofatsa Maiteko a Rona: Mokgele o o molemo o Bakeresete botlhe ba o ipeetseng ke go ruta batho ba bangwe boammaaruri. (Math. 28:19, 20) A ga jaana go na le mongwe yo o mo tshwarelang thuto ya legae ya Baebele? Fa e le gore o teng, a o ka kgona go nna le nako ya go tshwara thuto e nngwe gape mo thulaganyong ya gago ya beke le beke? Fa e le gore ga go na motho ope yo o ithutang le ene gone jaanong, ga go pelaelo gore o eletsa e kete a ka nna teng. Rapela Jehofa gore a segofatse maiteko a gago a go batla motho yo o ka ithutang le ene. Go tswa foo o dire tumalanong le dithapelo tseo.—1 Joh. 5:14, 15.

13 Re na le sedirisiwa se sesha sa go simolola dithuto! Itlwaetse sone. Se abele batho mahala. Dira sotlhe se o ka se kgonang “go dira molemo, go huma ditiro tse di molemo, go aba ka bopelontle, go iketleeletsa go abelana” se o se ithutileng ka Lefoko la Modimo.—1 Tim. 6:18.

[Box on page 4]

DITSHONO TSA GO ABA PAMPITSHANA

◼ Mo metlotlong ya letsatsi le letsatsi

◼ Fa mongwe a amogela dibuka tsa rona

◼ Fa go sa fitlhelwa ope mo gae

◼ Fa re dira maeto a go boela

◼ Fa re kopana le mongwe mo tirong ya go neela bosupi jwa mmila

◼ Fa re naya bosupi mo tshimong ya kgwebo

◼ Fa re naya bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo

◼ Fa re kwala makwalo

◼ Fa re pagame dipalangwa tsa botlhe

◼ Fa mongwe a re etela

◼ Fa re bua le ba losika, baagelani, batho ba re berekang le bone, ba re tsenang sekolo le bone le batho ba bangwe ba re ba tlwaetseng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela