Bolelela ba Bangwe ka “Lesedi la Lefatshe”
1. Ke lesedi lefe le legolo le go neng ga bolelelwa pele ka lone mo Lefokong la Modimo, mme ke tiragalo efe e e dirang gore re ele lesedi leno tlhoko?
1 Jehofa o ne a bolelela pele jaana ka moporofeti Isaia: “Batho ba ba neng ba tsamaya mo lefifing ba bone lesedi le legolo. Mme ba ba nnang mo lefatsheng la moriti o montsho, lesedi le ba phatsimetse.” (Isa. 9:2) ‘Lesedi leo le legolo’ le ne la bonwa mo go se Morwa wa Modimo e bong Jesu Keresete a neng a se dira. Tiro ya gagwe ya go rera fa a ne a le mo lefatsheng le melemo ya setlhabelo sa gagwe e ne ya tokafatsa boemo jwa semoya jwa ba ba neng ba le mo lefifing. Batho ba tlhoka lesedi le le ntseng jalo mo dinakong tseno tse di lefifi. Sejo sa Morena sa Maitseboa se re naya tshono e e kgethegileng ya go bua le batho ka “lesedi la lefatshe.” (Joh. 8:12) Ngongola, batho ba le dimilione ba ne ba bontsha tumelo ka go kopanela le rona mo go utlweng taelo ya ga Jesu: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” (Luke 22:19) Jaaka fa Segopotso sa monongwaga se ntse se atamela, re ka thusa batho ba bangwe jang go tla kwa leseding le legolo le Jehofa a dirileng gore le phatsime?—Bafil. 2:15.
2. Re ka godisa jang tsela e re anaanelang setlhabelo sa thekololo ka yone mme go dira jalo go tla nna le diphelelo dife?
2 Anaanela Segopotso: Paka ya Segopotso ke nako e e molemo ya go tlhatlhanya ka lorato lo logolo lo Jehofa le Jesu ba le bontshitseng ka go ntshetsa batho setlhabelo sa thekololo. (Joh. 3:16; 2 Bakor. 5:14, 15) Kwantle ga pelaelo go tlhatlhanya jalo go tla dira gore re anaanele tiragalo eno e e boitshepo botokanyana. Batho botlhe ba Modimo ba tshwanetse go beela nako kwa thoko go bala le go tlhatlhanya ka mmalo o o kgethegileng wa Baebele wa Segopotso, jaaka o bontshitswe mo bukeng ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe. Fa re akanya ka dinonofo tsa ga Jehofa tse di molemolemo, tse di bonalang sentle mo thulaganyong eno ya thekololo, seno se re dira gore re nne motlotlo gore e bo e le Modimo wa rona. Go tlhatlhanya ka se thekololo e se kayang mo go rona go dira gore lorato lo re ratang Modimo le Morwawe ka lone lo gole mme re tlhotlheletsega go dira bojotlhe jwa rona fa re dira thato ya Modimo.—Bagal. 2:20.
3. Re ka bontsha jang gore re anaanela Segopotso?
3 Fa re godisa tsela e re anaanelang ka yone thulaganyo ya ga Jehofa ya poloko, batho ba re ithutang Baebele le bone, maeto a go boela, ba losika, baagelani, ba re tsenang sekolo le bone, ba re berekang le bone le ba bangwe ba re ba laletsang go nna gone mo tiragalong eno e e kgethegileng ba tla bona ka tlhagafalo ya rona mo Segopotsong. (Luke 6:45) Ka jalo, leka ka natla go laletsa batho bano botlhe, o ba neele pampitshana ya taletso ya Segopotso gore e ba gopotse. E le gore re se ka ra lebala ope, ba le bantsi ba fitlhetse go le molemo go nna le lenaane la batho ba ba ba laletsang go tla Segopotsong ka metlha, mme ngwaga le ngwaga ba tsenya batho ba basha mo lenaaneng leno. Go rulaganya dilo jalo le go dira sotlhe se re ka se kgonang go laletsa batho ba ba kgatlhegang ke tsela e e molemo ya go bontsha gore re leboga Jehofa Modimo “ka ntlha ya mpho ya gagwe ya mahala e e ka se kang ya tlhalosiwa.”—2 Bakor. 9:15.
4. Ke eng se se ka re thusang go oketsa seabe sa rona mo bodireding ka March le April?
4 Dirisa Nako e e Oketsegileng mo Bodireding: A o ka kgona go oketsa seabe sa gago mo bodireding ka March le April? Ka April 1, re tla itumelela go nna le seabe mo tirong ya dimakasine e re ka e le Letsatsi la rona le le kgethegileng la Dimakasine. E le ruri Modimo o tla segofatsa maiteko a re a dirang a go bolelela ba bangwe “dikgang tse di molemo tse di galalelang ka ga Keresete.” Jehofa, yo e leng Motswedi wa lesedi lotlhe la semoya, o laetse jaana: “A lesedi le phatsime mo lefifing.” (2 Bakor. 4:4-6) Fa go tlhokega, bagolwane ba tla rulaganya go tshwara dipokano tsa tirelo ya tshimo ka dinako tse dingwe le mo mafelong a mangwe, ba etelela pele go tshegetsa baboledi ba ba batlang go nna le seabe se se oketsegileng mo bodireding. Seno se ka nna sa akaretsa tiro ya mmila mo mosong kgotsa dithulaganyo tsa go bereka tshimo ya kgwebo le go neela bosupi ka founo thapama kgotsa ka lotlatlana. Go go thusa go oketsa seabe sa gago mo bodireding, ipeele mokgele o o ka kgonang go o fitlhelela wa diura tse o batlang go di bereka mme o leke ka natla go o fitlhelela. Mo go ba le bantsi, go neela Jehofa se se molemolemo go akaretsa go tsaya bobulatsela jo bo thusang.—Bakol. 3:23, 24.
5. Batho ba le bantsi ba solegelwa molemo jang ke go fokodiwa ga diura tse babulatsela ba ba thusang ba lebeletsweng go di bereka mo tshimong?
5 A o Ka Kgona go Tsaya Bobulatsela jo bo Thusang? Gone jaanong e setse e le dingwaga tse di fetang tse supa e sa le go fokoditswe diura tse babulatsela ba ba thusang ba lebeletsweng go di bereka mo tshimong. Phetogo eno e dirile gore go kgonege gore batho ba le bantsi ba itumelele tirelo ya bobulatsela jo bo thusang. A o kile wa leka bobulatsela? Bangwe ba itlwaeditse go tsaya bobulatsela ngwaga le ngwaga. Mo diphuthegong di le dintsi baboledi ba le bantsi ba dira tirelo eno mmogo, mme seno se dira gore e nne tiro e e itumedisang e baboledi ba ileng ba kopanela mo go yone jaaka phuthego mo ngwageng. A o ka rulaganya gore go nne le kgwedi nngwe e o e itumelelang ka gonne o tsere bobulatsela mo go yone mo pakeng eno ya Segopotso? April e ka nna kgwedi e e siameng thata mo go bangwe, e re ka e na le mafelobeke a le matlhano a a tletseng.
6. Ke dithulaganyo dife tse di kgatlhang tse di dirilweng?
6 A phuthego ya lona e tlile go etelwa ke molebedi wa potologo ka March kgotsa April? Seno e ka nna tshono e nngwe gape e o ka e bonang. Jaaka go ile ga itsisiwe mo nakong e e fetileng, mo ngwageng wa tirelo wa 2006, botlhe ba e leng babulatsela ba ba thusang ka kgwedi e molebedi wa potologo a etetseng phuthego ka yone ba lalediwa go nna gone mo karolong ya ntlha ya pokano e e tla tshwarwang le babulatsela ka beke ya loeto lwa molebedi wa potologo. Kwantle ga pelaelo tshedimosetso e e nonotshang semoyeng e go tla tlotliwang ka yone kwa pokanong eno e tla thusa babulatsela ba le bantsi ba ba thusang go dira ka natla go tshwanelegela go nna babulatsela ba ka metlha.
7, 8. (a) Ke eng se se ka re thusang go dira thulaganyo ya go tsaya bobulatsela jo bo thusang? (b) Go dirisana mmogo ga lelapa go ka thusa jang mme lelapa lotlhe le solegelwa molemo jang?
7 Fa o akanyetsa diura tse 50 tse mmulatsela yo o thusang a lebeletsweng go di fitlhelela, leka go bona gore ke thulaganyo efe e e tla dirang gore o phatsimise lesedi la boammaaruri ka diura tse di ka nnang 12 beke le beke. Tlotla le ba ba atlegileng go dira jalo, le ba bangwe. Seno se ka ba kgothatsa gore ba bereke le wena. Baboledi ba ba kolobeditsweng, ba babotlana le ba ba godileng, ba lemogile gore go ne go se boima go fitlhelela mokgele ono fa ba rulaganya dilo sentle. Rapela ka seno. Go tswa foo, fa go kgonega, dira dithulaganyo mme o itumelele bobulatsela jo bo thusang!—Mal. 3:10.
8 Malapa a le mantsi a fitlhetse gore fa lelapa lotlhe le dirisana mmogo, le ka thusa leloko le le lengwe la lelapa go tsenela bobulatsela. Lelapa lengwe le ne la dira gore maloko a le matlhano a a kolobeditsweng a lelapa a ikwadisetse bobulatsela jo bo thusang. Bana ba bangwe ba babedi ba ba neng ba ise ba kolobediwe ba ne ba oketsa tirelo ya bone. Lelapa leno le ne la solegelwa molemo jang ke go dira maiteko ano a a oketsegileng? Ba ne ba kwala jaana: “E ne e le kgwedi e e itumedisang tota mme re ne re utlwa lelapa la rona le momagana le go feta. Re leboga Jehofa ka ntlha ya masego ano a a itumedisang!”
9. Re ka phatsimisa lesedi la rona jang mo pakeng eno ya Segopotso?
9 A tiro ya rona e e kgethegileng ka March le April e tla itumedisa, e re atametsa gaufi le Rraarona yo o kwa legodimong? Seno se tla ikaega ka maiteko a re a dirang go godisa lorato lo re ratang Modimo le Morwawe ka lone le go oketsa seabe sa rona mo bodireding. E kete re ka ikemisetsa ka tsela e e tshwanang le ya mopesalema, yo o neng a opela a re: “Ke tla baka Jehofa thata ka molomo wa me, mme ke tla mmaka mo gare ga batho ba bantsi.” (Pes. 109:30) Jehofa o tla segofatsa tiro e re e dirang ka tlhagafalo mo pakeng eno ya Segopotso. Ka jalo e kete re ka letla lesedi le legolo le phatsime gore batho ba le bantsi ba tswe mo lefifing mme ‘ba rue lesedi la botshelo.’—Joh. 8:12.