Modimo
Tlhaloso: Mogodimodimo, yo leina ja gagwe je le tlhomologileng eleng Jehofa. Puo ya Sehebera e dirisa mafoko a a reng “Modimo” go kaya nonofo, gape le borena, tlotlomalo, le bogolo. Phapaanong le Modimo wa boammaaruri, go na le medimo ya maaka. Mengwe ya eno e ile ya itlhoma jaaka medimo; e mengwe e ile ya dirwa dilo tsa kobamelo ke bao ba e direlang.
A go na le mabaka a a utlwalang a go dumela mo Modimong?
Pes. 19:1: “Magodimo a bolèla kgalalèlō ea Modimo; phuthologō le eōna e shupa tihō ea diatla tsa ōna.”
Pes. 104:24: “Yehofa, ana ditihō tsa gago di methalethale yañ! u di dihile ka botlhale cotlhe hèla: lehatshe le tletse dikhumō tsa gago.”
Bar. 1:20: “Nonohō ea ōna e e sa khutleñ, le bomodimo yoa ōna, di sa le di bōnala sentlè galè mo tlholegoñ ea lehatshe, ka di lemogwa ka dilō tse di dihilweñ.”
Makasine wa New Scientist o ne wa re: “Go na le pono e e tumileng e e tsweletseng—ya gore baitseanape ba ile ba ‘latofatsa’ bodumedi. Ke pono eo gantsi e lebeletseng gore baitseanape ba ka se nne badumedi; le gore Darwin o ne a bolaela ruri bogone jwa Modimo; le gore diphitlhelelo tsa boitseanape le tsa boranyane ka go latelana ga tsone fa e sa le di ile tsa tlosetsa kgakala kgonego ya tsogo epe fela. Ke pono e tota e leng phoso gotlhelele.”—May 26, 1977, ts. 478.
Leloko la French Academy of Sciences le ne la tlhalosa ka gore: “Thulaganyo ya tlholego e ne ya se ka ya itshimololelwa ke tlhaloganyo ya motho kana ya itlhomelwa ke dinonofo dingwe tse di rileng tsa mogopolo. . . . Go nna gone ga thulaganyo go akantsha go nna gone ga morulaganyi yo o botlhale. Motlhalefi yo o ntseng jalo e ka se nne ope fela fa e se Modimo.”—Dieu Existe? Oui (Paris, 1979), Christian Chabanis, a tsopola Pierre-Paul Grassé, ts. 94.
Baitseanape ba ile ba kgetholola dikarolo tsa dikhemikhale di feta 100. Popego ya tsone ya atomo e supa kamano e e logaganeng ya dikarolo tse di nyalanang kafa dipalong. Go rulagana ga dikhemikhale ka go farologana go supela tlhamo. Tlhamo e e ntseng jalo e e gakgamatsang e ka se ka ya bo e ile ya nna tiro ya kotsi fela, ya nna gone ka tshoganyetso.
Tshwantshetso: Fa re bona khamera, radio, kana khomputara, re setse re dumela gore e ne ya dirwa ke motlhami yo o botlhale. A go tla bo go utlwala he, go bolela gore dilo tse di raraaneng fela thata thata—leitlho, tsebe, le boboko jwa motho—ga di a ka tsa nna gone ka Motlhami yo o botlhale?
Bona gape ditsebe 334-336, tlase ga setlhogo ”Popo.”
A go nna gone ga boikepo le pogo di supa gore ga go na Modimo?
Akanyetsa dikai tse: A lebaka la go bo dithipa di ile tsa dirisiwa go bolaya le supa gore ga go na modiri wa tsone? A tiriso ya difofane tsa jet go latlhela dibomo mo nakong ya ntwa ke tshupo ya gore ga di na motlhami? Kana go na le moo a ga se tiriso ya tsone e e dirang gore setho se hutsafale?
A ga go boammaaruri gore bolwetsi jo bontsi ke matswela a mekgwa ya go tshela e e sa siamang ya motho le go itshenyetsa ga gagwe tikologo le ba bangwe? A dintwa tse di lowang ke batho ga se lone lebaka le legolo la pogo ya batho? A ga go boammaaruri gape gore, e re ntswa dimilione di boga ka ntlha ya tlhaelo ya dijo, go na le dijo tse dintsi thata mo mafatsheng a mangwe, mo tota go rayang gore bongwe jwa mathata ke bogagapa jwa batho? Dilo tseno tsotlhe di neela bosupi, eseng gore ga go na Modimo, mme gore batho ka maswabi ba dirisa ka botlhaswa dinonofo tseo ba di neilweng ke Modimo le lefatshe ka bolone.
A Modimo tota o amega ka seo se re diragalelang rona batho?
Ee, eleruri! Akanyetsa bosupi jo: Bibela e re bolelela gore Modimo o ne a neela motho tshimologo e e itekanetseng. (Gen. 1:27, 31; Dute. 32:4) Lefa go ntse jalo, go tswelela pele ga motho a ipelela kamogelo ya Modimo, go ne go tla ikaega ka kutlo ya gagwe go Modiri wa gagwe. (Gen. 2:16, 17) Fa motho a ne a le kutlo, o ne a tla tswelela go ipelela botshelo jo bo itekanetseng jwa botho—go se na bolwetsi, go se na pogo, go se na loso. Mmopi o ne a tla baakanyetsa motho ka kaelo e e tlhokafalang mme o ne a tla dirisa nonofo ya Gagwe go sireletsa setho kgatlhanong le bomadimabe bope. Mme motho o ne a gana kaelo ya Modimo; a ikgethela tsela ya gagwe ya go ipusa. Mo go lekeng go dira selo seo a neng le ka motlha a sa se bopelwa o ne a itlisetsa bomadimabe ka boene. (Yer. 10:23; Mor. 8:9; Bar. 5:12) Lefa go le jalo, ka makgolo a dingwaga Modimo ka bopelotelele o ile a senka bao, ka ntlha ya go mo rata le ditsela tsa gagwe, ba iketleeleditseng go mo direla. O tlhomile pele ga bone paka ya go ipelela masego otlhe ao ba a amogilweng ke bosaitekanelang jwa motho le go sa buse ka tshwanelo. (Tshen. 21:3-5) Paakanyetso e Modimo o e dirileng ka Morwawe go golola batho mo boleong le losong ke tshupo e e gakgamatsang ya lorato lwa gagwe lo logolo go setho. (Yoh. 3:16) Modimo gape o tlhomile nako e e laotsweng eo a tla senyang bao ba senyang lefatshe le go dira gore barati ba tshiamo ba ipelele botshelo tumalanong le boikaelelo jwa Gagwe jwa kwa tshimologong.—Tshen. 11:18; Pes. 37:10, 11; bona gape ditlhogo tse dikgolo “Pogo” le “Boikepo.”
A Modimo ke motho tota?
Baheb. 9:24: “Gonne Keresete . . . o tsenye mo go ye e leñ legodimo tōta, go tla a bōnalèla rona yanoñ ha pele ga sehatlhōgō sa Modimo.”
Yoh. 4:24: “Modimo ke Mōea.”
Yoh. 7:28: “Eo o nthomileñ o amarure,” Jesu a rialo.
1 Bakor. 15:44: “E re ha go na le mmele oa tlhōlègō, oa semōea lo ōna o gōna.”
A Modimo o na le maikutlo a a tshwanang le a batho ba ba tshelang?
Yoh. 16:27: “Gonne Rara ka esi oa lo rata, ka gonne lo nthatile, lo bile lo dumetse ha ke cwa kwa go Rara.”
Isa. 63:9: “Mo dipogishoñ cotlhe tsa bōnè, le èna a bogisiwa, . . . a ba rèkolola ka loratō loa gagwè, le ka pelotlhomogi ea gagwè.”
1 Tim. 1:11, NW: Modimo o o itumetseng.”
A Modimo o nnile le tshimologo?
Pes. 90:2: “E rile pele, dithaba di e se di tsalwe, le gōna e rile u e se u bope lehatshe le lobopō, hèla go cwa kwa bosasimologeñ le go ea kwa bosakhutleñ, ua bo u nntse u le Modimo hèla.”
A seo se a utlwala? Ditlhaloganyo tsa rona ga di ka ke tsa kgona go go tlhaloganya ka botlalo. Mme leo ga se lone lebaka je le utlwalang ja go gana. Akanyetsa dikai tse: (1) Nako. Ga go ope yo o ka supang lobaka lo lo rileng jaaka lone tshimologo ya nako. Mme ebile go boammaaruri gore, lemororo matshelo a rona a khutla, nako ga e khutle. Ga re gane kgopolo ya nako ka gobo go na le dikarolo dingwe tsa yone tse re sa di tlhaloganyeng ka botlalo. Go na le moo, re laola matshelo a rona ka yone. (2) Lefaufau. Ka mo go tshwanang, baithuta-dinaledi ga ba kgone go bona tshimologo kana bokhutlo jwa lefaufau. Ka bokgakala joo ba hukutsang ka jone mo lefau-faung, go na le mo gontsi go go bona. Ga ba gane seo bosupi bo se bontshang; ba bantsi ba lebisa go loapi jaaka lo lo sa feleng. Molao-motheo o o tshwanang o a dira mo go nneng gone ga Modimo.
Dikai tse dingwe: (1) Baithuta-dinaledi ba re bolelela gore mogote wa letsatsi mo pelong ya lone ke 27 000 000 degrees Fahrenheit (15 000 000 ° C.)) A re gana kgopolo eo ka go bo re sa tlhaloganye ka botlalo mogote o o maswe maswe go le kalo? (2) Ba re bolelela gore selekanyo sa Losagaripana lwa Dinaledi (Milky Way) tsa rona se segolo fela thata mo eleng gore marang a lesedi a a tsamayang ka dimmaele tse di fetang 186 000 ka motsotswana (300 000 km/sec) a ne a tla tlhoka dingwaga tse 100 000 go le kgabaganya. A megopolo ya rona eleruri e tlhaloganya sekgala se se ntseng jalo? Lefa go le jalo re a go amogela ka go bo bosupi jwa boitseanape bo tshegetsa se.
Ke gofe mo go utlwalang thata—gore lobopo ke tiro ya Mmopi yo o tshelang, yo o botlhale? kana gore lo tshwanetse lwa bo lo itletse fela ka tshoganyetso go tswa motsweding o o sa tsheleng kwantle ga kaelo e e botlhale? Batho bangwe ba tsaya kgopolo ya gore le itletse fela ka go bo go dumela ka tsela nngwe go tla raya go dumela mo go nneng gone ga Mmopi yo dinonofo tsa gagwe ba sa di tlhaloganyeng ka botlalo. Mme go itsiwe sentle gore baitseanape ga ba tlhaloganye ka botlalo go dira ga dilaola-bong moteng ga disele tse di tshelang mme di laola kafa disele tseno di tla golang ka gone. Le fa e le gone gore ba utlwisisa ka botlalo go dira ga boboko jwa motho. Lefa go le jalo, ke mang yo o ka ganelang gore tseno ga di teng? A eleruri re tshwanetse go lebelela go utlwisisa sengwe le sengwe kaga Motho yo o bogolo jo bo kalo yo o dirileng lobopo, ka tiro ya lone e e raraaneng le ka bogolo jo bo boitshegang jaana?
A go botlhokwa go dirisa leina la Modimo?
Bar. 10:13: “Leha e le mañ eo o tla bitsañ leina ya [ga Jehofa] o tla bolokwa.”
Esek. 39:6: “Me ba tla itse ha ke le Yehofa.”
Jesu o ne a re go Rraagwe: “Me ke ba [barutwa ba gagwe ba boammaaruri] itsisitse leina ya gago, me ke tla nna ke le ba itsise.”—Yoh. 17:26.
Bona gape ditsebe 194, 195, tlase ga ga “Jehofa.”
A go botlhokwa gore re direla Modimo ofe, fa fela gone re na le bodumedi bongwe?
1 Bakor. 10:20: “Dilō tse Badichaba ba di isañ ditlhabèlō ba di isetsa badimo, e señ Modimo.”
2 Bakor. 4:4: “Mo go ba modimo oa lehatshe yeno o houhaditseñ megopolō ea ba ba sa dumeleñ, gore lesedi ya Mahoko a a Molemō a kgalalèlō ea ga Keresete eo e leñ sechwanō sa Modimo, le se ka ya ba phatsimèla.” (Fano Diabolo o lebisiwa jaaka “modimo.” Bona 1 Yohane 5:19; Tshenolō 12:9.)
Math. 7:22, 23: “E tla re mo letsatsiñ yeuō batho ba le bantsi ba tla nthaea [Jesu Keresete], ba re, Morèna, Morèna, a ga rea ka ra rèra mo ineñ ya gago, ra ba ra kgoromeletsa ntlè badimo ka leina ya gago, ra ba ra diha ditihō di le dintsi tse di nonohileñ ka leina ya gago? Me ediha gōna ke tla ba ipolèlèlañ, ke re, Ga ke e se nke ke lo itse gopè; tlogañ ha [go] nna, lona ba lo dihañ tshiamololō.” (Le eleng go ipolela go nna Mokeresete ga se tlhomamisetso ya gore re direla Modimo wa boammaaruri ka mo go amogelegang.)
Bona gape ditsebe 72, 73, tlase ga setlhogo se se reng “Bodumedi.”
Fa Jehofa e le ene fela “Modimo o o osi, o o boamarure,” Jesu ke “Modimo” wa mofuta ofe?
Jesu ka boene o ne a lebisa go Rraagwe jaaka “Modimo o o osi, o o boamarure.” (Yoh. 17:3) Jehofa ka boene o ne a re: “Kwa ntlè ga me ga go na Modimo opè.” (Isa. 44:6) Moaposetoloi Paulo o kwadile ka gore, go Bakeresete ba boammaaruri, “go Modimo o le moñwe hèla, eboñ Rara.” (1 Bakor. 8:5, 6) Ka jalo Jehofa ke ene fela; ga go na ope yo mongwe yo o tlhakanelang le ene boemo jwa gagwe. Jehofa o farologane gotlhelele le dilonyana tse di ntseng jalo tsotlhe tsa kobamelo jaaka medimo ya disetwa, batho ba ba obamelwang, le Satane. Tseno tsotlhe ke medimo ya maaka.
Jesu o buiwa mo Dikwalong jaaka “modimo mongwe,” le eleng jaaka “Modimo Mothata.” (Yoh. 1:1; NW, Isa. 9:6) Mme ga go gope koo go buiwang ka ene jaaka Mothatayotlhe, jaaka Jehofa a ntse. (Gen. 17:1) Jesu o bolelwa e le “marañ a kgalalèlō ea ōna [Modimo],” mme Rara ke Motswedi wa kgalalelo eo. (Baheb. 1:3) Ga go ka tsela epe eo ka yone Jesu a batlang boemo jwa ga Rraagwe. O ne a re: “U ōbamèlè Yehofa Modimo oa gago, me u dihèlè ōna o le osi hèla.” (Luke 4:8) O gone “mo chwanoñ ea Modimo,” mme Rara o laotse gore “mañōlè aotlhe a khubamè ka leina ya ga Yesu,” mme seno sotlhe se direlwa “kgalalecoñ ea Modimo Rara.”—Bafil. 2:5-11; bona gape ditsebe 200-204.
Fa Mongwe A Re—
‘Ga ke dumele mo Modimong’
O ka nna wa araba ka gore: ‘A o nnile wa ikutlwa ka tsela eo ka metlha? . . . Pele ga o tla mo phetsong eo, a o ile wa tlhatlhoba bosupi jo bo kokoantsweng jo o bo fitlhelang bo tlhatswa pelo?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Eno ke kgang e eleruri e nkgatlhang mme ke ile ka e akanyetsa fela thata. Dintlha dingwe tseo ke ileng ka di bona di thusa fela thata ke tseno: . . . (Mo tsebeng ya 287, bona setlhogwana “A go na le mabaka a a utlwalang a go dumela mo Modimong?” gape le ditsebe 334-336, tlase ga “Popo.”)
Kana o ka nna wa re: ‘A o raya gore ga o dumele gore go na le Mmopi, kana ke gore o ile wa bona boitimokanyo jo bontsi fela thata mo dikerekeng mo eleng gore ga o na tumelo mo go seo di se rutang?’ Fa e le gore ga a na tumelo mo go se di se rutang, gongwe o ka nna wa oketsa ka go re: ‘Go na le pharologanyo e ntsi thata magareng ga dikereke tsa La-Bodumedi le Bokeresete jwa boammaaruri. Go boammaaruri gore La-Bodumedi le ile la gatelela batho, mme Bokeresete ga bo a dira jalo. La-Bodumedi le ile la tlhabana dintwa, mme Bokeresete ga bo a dira jalo. La-Bodumedi le ile la palelwa ke go baakanyetsa ka kaelo e e siameng ya boitsholo, mme Bokeresete ga bo a palelwa. Lefoko ja Modimo, eleng Bibela, ga le rotloetse La-Bodumedi. Phapaanong le seo, le nyatsa La-Bodumedi.’
Se sengwe se se ka buiwang: ‘Ke ile ka nna le dipuisano tse di kgatlhang le ba bangwe bao ba neng ba ikutlwa jaaka wena. Bangwe ba bone ba ile ba bolela gore ba ne ba ka se ka ba nyalanya tumelo mo Modimong le pogo yotlhe le boikepo mo lefatsheng. A ke ka fa o ikutlwang ka teng? (Fa go ntse jalo, dirisa boikitsiso bongwe mo ditsebeng 288, 289, tlase ga setlhogwana “A go nna gone ga boikepo le pogo di supa gore ga go na Modimo?”)’
‘Ke dumela fela mo go seo ke se bonang, mme ga ke ise ke bone Modimo le ka motlha’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Pono eno e tumile fela thata mo malatsing ano. Mme go na le lebaka la yone. Re tshela mo mokgatlhong oo o ratang dithoto tse di bonalang thata. Mme o motho yo o ratang go tsaya dilo kafa di ntseng ka teng tota, a ga go jalo?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘A go na le dilo tse dingwe tseo re ka se keng re di bone ka matlho a rona mme re dumela gore di teng ka go bo go na le mabaka a a utlwalang a go dira jalo? Go tweng ka phefo e re e hemang? Re ka e utlwa fa go na le botsiditsana. Re kgona go itse fa e tsena mo makgwafong a rona, lemororo re sa e bone e dira jalo. Ka ntlha ya go bona matswela, go na le lebaka je le molemo ja go dumela mo go yone, a ga go jalo?’ (2) ‘Ga re ka ke ra bona maatla a kgogedi. Mme fa re latlhela sengwe fa fatshe re bona bosupi jwa gore maatla a kgogedi a a dira. Lefa e le gone go bona menkgo, mme dinko tsa rona di ka e dupa. Ga re ka ke ra bona marang a a tsamaisang modumo, mme ditsebe tsa rona di ka a utlwa. Ka jalo re dumela mo dilong tseo re ka se keng re di bone—fa fela gone go na le lebaka je le molemo ja go dira jalo, a ga go jalo?’ (3) ‘Tota, a go na le bosupi jwa gore Modimo o o sa bonaleng eleruri o gone? (Dirisa boikitsiso jo bo mo ditsebeng 287, 288, tlase ga setlhogwana se se reng “A go na le mabaka a a utlwalang a go dumela mo Modimong?”)’
‘Ke na le kgopolo ya me ka Modimo’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Ke itumelela go utlwa gore o motho yo o ileng a akanyetsa kgang eno le gore o dumela mo Modimong. Mme mma ke go botse jaana, Kgopolo ya gago ka Modimo ke efe?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Ke tlhomamisega gore o anaanela gore go botlhokwa go tlhomamisa gore seo re se dumelang se tumalanong le seo Modimo ka sebele o se buang. Mma ke abalane le wena ntlhanyana e le nngwe fela go tswa Bibeleng ka kgang eno? (Pes. 83:18)’