LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • bt kgao. 11 ts. 85-92
  • ‘Ba ne Ba Itumetse e Bile ba Tladiwa ka Moya o o Boitshepo’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Ba ne Ba Itumetse e Bile ba Tladiwa ka Moya o o Boitshepo’
  • Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba ne Ba Tlhophiwa “Gore Ba ye Go Dira Tiro” (Ditiro 13:1-12)
  • ‘Lefoko le le Kgothatsang’ (Ditiro 13:13-43)
  • “Re ya Kwa Ditšhabeng Tse Dingwe” (Ditiro 13:44-52)
  • Barenabase—“Morwa Kgomotso”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Sekao Se Se Tlhotlheleditsweng sa Tiro ya Borongwa jwa Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Batho ba ga Jehofa ba Nonotshiwa mo Tumelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • “Jehofa O ne A ba Naya Maatla a Gore ba Bue ba le Pelokgale”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
bt kgao. 11 ts. 85-92

KGAOLO 11

‘Ba ne Ba Itumetse e Bile ba Tladiwa ka Moya o o Boitshepo’

Se Paulo a neng a se dira fa a kopana le batho ba ba mo ganetsang le ba ba sa amogeleng molaetsa wa gagwe

E tswa mo go Ditiro 13:1-52

1, 2. Ke eng se se tlhomologileng ka loeto lo Barenabase le Saulo ba tlogang ba lo tsaya, mme tiro ya bone e tla thusa jang go diragatsa mafoko a a mo go Ditiro 1:8?

MALOKO a phuthego ya Antioka a itumetse thata mo letsatsing leno. Mo baporofeting le mo barutising botlhe ba ba leng fano, moya o o boitshepo o tlhopha Barenabase le Saulo gore e nne bone ba isang dikgang tse di molemo kwa mafelong a a kgakalakgakala.a (Dit. 13:1, 2) Ke boammaaruri gore pele ga moo, go kile ga romelwa banna bangwe ba ba tshwanelegang go ya go rera. Le fa go ntse jalo, mo nakong e e fetileng, barongwa ba ile ba ya go rera kwa mafelong a batho ba one e neng e setse e le Bakeresete. (Dit. 8:14; 11:22) Mme mo lekgetlong leno, Barenabase le Saulo—mmogo le Johane Mareko, yo e neng e tla nna motlhokomedi—ba tla romelwa kwa dinageng tse bontsi jwa batho ba tsone ba neng ba ise ba utlwe dikgang tse di molemo.

2 Dingwaga di ka nna 14 pelenyana ga foo, Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema, mo Judea yotlhe le Samarea, le go ya kwa dikarolong tse di kwa kgakalakgakala tsa lefatshe.” (Dit. 1:8) Go tlhomiwa ga ga Barenabase le Saulo gore e nne barongwa go tla thusa gore mafoko ao a ga Jesu a boporofeti a diragadiwe!b

Ba ne Ba Tlhophiwa “Gore Ba ye Go Dira Tiro” (Ditiro 13:1-12)

3. Ke eng se se neng se dira gore go nne thata go tsaya maeto a maleele mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

3 Gompieno batho ba kgona go ya kwa mafelong a a kgakala mo ureng e le nngwe fela kgotsa di le pedi ba dirisa dikoloi le difofane. Go ne go sa nna jalo mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Mo motlheng oo, batho ba ne ba tsaya maeto ka dinao fa ba ya kwa mafelong a mangwe, mme gantsi e le mo ditseleng tse di seng mo maemong a mantle. Mosepele wa letsatsi o gongwe e neng e le dikilometara di ka nna 30, o ne o lapisa tota!c Ka jalo, le fa Barenabase le Saulo ba ne ba tlhoafaletse go simolola kabelo ya bone, ga go pelaelo gore ba ne ba lemoga gore ba tla tshwanelwa ke go bereka ka natla le go nna le moya wa go intsha setlhabelo.—Math. 16:24.

MO TSELENG

Mo metlheng ya bogologolo, go tsaya loeto ka dinao go ne go tsaya lobaka lo loleele, go lapisa thata, e bile gongwe go ja madi a le mantsi go feta go tsamaya ka sekepe. Mme gone, tsela fela ya go fitlha kwa mafelong mangwe e ne e le go tsamaya ka dinao.

Motho o ne a ka kgona go tsamaya sekgala sa dikilometara di ka nna 30 ka letsatsi. Mme o ne a se kitla a kgona go tila maemo a bosa a a sa iketlang—letsatsi, pula, mogote le serame—e bile o ne a ka nna a tlhaselwa ke dinokwane. Moaposetoloi Paulo a re o ne a ‘tsaya maeto gantsi, a lebana le dikotsi mo dinokeng le dikotsi tsa dinokwane.’—2 Bakor. 11:26.

Mmusomogolo wa Roma o ne o na le ditsela tse dintsi tse di siameng. Mo ditseleng tse dikgolo, batsamai ba ne ba tla fitlhela matlo a baeng a a neng a katogane sekgala sa mosepele wa letsatsi le le lengwe. Pele moeng a fitlha kwa ntlong e nngwe o ne a kopana le mafelo a a neng a ka kgona go reka dilwana tse a di tlhokang kwa go one. Bakwadi ba ba neng ba tshela mo motlheng oo ba re matlo ao a baeng le mafelo ao a go reka dilwana a ne a le leswe, a nna a tletse thata, a le bongola e bile a tletse matsetse. Mafelo ano a ne a tumile ka gore a tlala ka batho ba ba sa rategeng mo setšhabeng. Gantsi beng ba matlo ano ba ne ba utswetsa batsamai bano mme ba ne ba ba tlisetsa diaka.

Ga go pelaelo gore Bakeresete ba ne ba leka sotlhe se ba ka se kgonang gore ba se tsene mo mafelong a a ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, go bonala ba ne ba patelesega go tsena mo go one fa ba ya kwa dinageng tse ba se nang ba masika kgotsa ditsala kwa go tsone.

4. (a) Barenabase le Saulo ba ne ba tlhophiwa jang, mme badumedi ka bone ba ne ba itshwara jang? (b) Re ka ema nokeng jang bakaulengwe ba ba newang dikabelo tsa tirelo?

4 Mme gone, ke eng fa moya o o boitshepo o ile wa laela gore Barenabase le Saulo e nne bone ba tlhophiwang “gore ba ye go dira tiro”? (Dit. 13:2) Baebele ga e re bolelele lebaka la seo. Re a itse gore moya o o boitshepo ke one o neng wa kaela gore banna bao ba tlhophiwe. E bile ga go lebege baporofeti le barutisi ba bangwe ba kwa Antioka ba ne ba le kgatlhanong le tshwetso eo. Go na le moo, ba ne ba e ema nokeng ka botlalo. Akanya fela kafa Barenabase le Saulo ba tshwanetseng ba bo ba ile ba ikutlwa ka gone fa bakaulengwe ba bone ba semoya ba sa ba fufegele, go na le moo ba ba rapelela, ba itima dijo, ba “ba baya diatla ba bo ba ba naya tsela.” (Dit. 13:3) Le rona re tshwanetse go ema nokeng batho ba ba newang ditshiamelo tsa tirelo, go akaretsa le banna ba ba tlhomiwang go nna balebedi ba phuthego. Go na le gore re ba fufegele, re tshwanetse go ba ‘tlotla thata re bo re ba rate ka ntlha ya tiro ya bone.’—1 Bathes. 5:13.

5. Tlhalosa gore go ne go ntse jang go rera kwa setlhaketlhakeng sa Kupero.

5 Fa Barenabase le Saulo ba sena go tsamaya ka dinao go ya go fitlha kwa boemakepeng jwa Seleukia jo bo neng bo le gaufi le Antioka, ba ne ba tsamaya dikilometara di ka nna 200 ka sekepe go ya kwa setlhaketlhakeng sa Kupero.d E re ka Barenabase a ne a tsholetswe kwa Kupero, ga go pelaelo gore o ne a tlhoafaletse go bolelela batho ba motse wa gagabo dikgang tse di molemo. Fa banna bano ba goroga kwa Salamisa, motse o o mo lotshitshing lo lo kafa botlhaba jwa setlhaketlhake seo, ga ba a ka ba senya nako. Ka bonako fela, ba ne “ba itsise lefoko la Modimo mo disinagogeng tsa Bajuda.”e (Dit. 13:5) Barenabase le Saulo ba ne ba tsamaya go ralala Kupero yotlhe, mme go bonala ba ne ba naya bosupi mo metseng e megolo e ba neng ba feta fa go yone. Barongwa bano ba ka tswa ba ile ba tsamaya sekgala sa dikilometara di ka nna 160, go ikaegile ka gore ba ne ba dirisa tsela efe!

MO DISINAGOGENG TSA BAJUDA

Lefoko “sinagoge” totatota le raya “go kopanya.” Le ne le kaya kokoano kgotsa phuthego ya Bajuda, mme kgabagare le ne la kaya kago kgotsa lefelo le kokoano e neng e tshwarelwa mo go lone.

Go dumelwa fa gongwe disinagoge di ile tsa simolola go dirisiwa mo dingwageng di le 70 tse Bajuda ba neng ba ile botshwarwa kwa Babelona ka tsone kgotsa morago ga moo. Disinagoge di ne di dirisiwa e le mafelo a go ruta, a kobamelo, a go bala Dikwalo le go kgothatsa batho semoyeng. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., motse mongwe le mongwe mo Palesetina o ne o na le sinagoge ya one. Metse e megolwane e ne e na le disinagoge di le mmalwa, mme kwa Jerusalema di ne di le dintsi.

Le fa go ntse jalo, ga se Bajuda botlhe ba ba ileng ba boela kwa Palesetina fa ba sena go gololwa kwa botshwarwa kwa Babelona. Bontsi jwa bone ba ne ba ya kwa dinageng tse dingwe go ya go dira dikgwebo gone. Mo tshimologong ya lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E., go ne go na le Bajuda mo dikgaolong di le 127 tsa Mmusomogolo wa Peresia tse di laolang. (Eseth. 1:1; 3:8) Fa nako e ntse e ya, Bajuda ba ne ba anama go ralala Mediterranean. Bajuda bano ba ba phatlaletseng ba ne ba itsege e le Bafaladi, mme le bone ba ne ba tlhoma disinagoge gongwe le gongwe kwa ba neng ba aga gone.

Molao o ne o balwa le go tlhalosiwa kwa disinagogeng Sabata nngwe le nngwe. Go ne go balelwa mo seraleng se se kwa godimo, se se dikologilweng ke ditulo mo matlhakoreng a le mararo. Monna mongwe le mongwe wa Mojuda yo o ineetseng o ne a ka balela batho, a ba rerela le go ba kgothatsa.

6, 7. (a) Seregio Paulose e ne e le mang, mme ke eng fa Bara-Jesu a ne a leka go mo thibela gore a se ka a reetsa dikgang tse di molemo? (b) Saulo o ne a dira eng fa Bara-Jesu a ne a ganetsa molaetsa wa Bogosi?

6 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Kupero e ne e tletse ka kobamelo ya maaka. Seno se ne sa bonala sentle fa Barenabase le Saulo ba ne ba goroga kwa Pafosa, e e mo lotshitshing lo lo kafa bophirima jwa setlhaketlhake seo. Fa ba goroga koo, ba ne ba kopana le “Bara-Jesu, yo e neng e le moloi e bile e le moporofeti wa maaka. O ne a na le molaodi wa porofense e bong Seregio Paulose, monna yo o botlhale.”f Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, bontsi jwa Baroma ba maemo a a kwa godimo—tota le “monna yo o botlhale,” jaaka Seregio Paulose—gantsi ba ne ba ya kwa baloing kgotsa kwa balepadinaleding go ya go batla thuso fa ba dira ditshwetso tsa botlhokwa. Le fa go ntse jalo, Seregio Paulose o ne a kgatlhiwa thata ke molaetsa wa Bogosi mme ‘o ne a batla go utlwa lefoko la Modimo.’ Kgang eo ga ya ka ya tshwara Bara-Jesu sentle, yo ka ntlha ya tiro e a neng a e dira a neng a bidiwa Elimase, e leng leina le le kayang “Moloi.”—Dit. 13:6-8.

7 Bara-Jesu o ne a ganetsa molaetsa wa Bogosi. Mme tsela fela e a neng a ka sireletsa maemo a gagwe a go nna mogakolodi wa ga Seregio Paulose ka yone, e ne e le gore a ‘thibele molaodi yoo gore a se ka a dumela mo Moreneng.’ (Dit. 13:8) Mme Saulo o ne a se kitla a letla ramaselamose yono wa kwa kgotla go fetola Seregio Paulose gore a se ka a tlhola a kgatlhegela dikgang tse di molemo. Ka jalo, Saulo o ne a dira eng? Pego ya re: “Saulo, yo gape a bidiwang Paulo, o ne a tlala moya o o boitshepo, mme a mo leba [Bara-Jesu] ka kelotlhoko a bo a re: ‘Wena monna yo o tletseng boferefere le bolotsana jwa mofuta mongwe le mongwe, wena morwa Diabolo, wena mmaba wa sengwe le sengwe se se siameng, ke ka ntlha yang fa o sokamisa ditsela tse di siameng tsa ga Jehofa? Bona! Seatla sa ga Jehofa se mo go wena, mme o tla foufala, go tla feta nako o sa bone lesedi la letsatsi.’ Ka bonako fela o ne a welwa ke mouwane o o kitlaneng le lefifi, mme o ne a tsamayatsamaya a batla mongwe yo a ka mo gogang ka seatla.”g Tiragalo eno e e gakgamatsang e ne ya nna le matswela afe? “E rile molaodi wa porofense a bona se se neng se diragetse, o ne a nna modumedi, ka gonne o ne a gakgamaditswe ke thuto ya ga Jehofa.”—Dit. 13:9-12.

Mokaulengwe a tshwere Baebele a tlhalosa se a se dumelang kwa kgotlhatshekelo.

Fela jaaka Paulo, re femela boammaaruri ka bopelokgale fa re ganediwa

8. Re ka etsa jang bopelokgale jwa ga Paulo gompieno?

8 Paulo o ne a sa tshosiwe ke Bara-Jesu. Le rona ga re a tshwanela go tshoga fa baganetsi ba leka go koafatsa tumelo ya batho ba ba kgatlhegelang molaetsa wa Bogosi. Mme gone, ‘ka metlha mafoko a re a buang e nne a a itumedisang, a lokilwe ka letswai.’ (Bakol. 4:6) Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go tlogela go rerela batho ba ba kgatlhegang fela ka gonne re tshaba gore re tla nna le dikgotlhang le baganetsi. E bile ga re a tshwanela go tshaba go senola bodumedi jwa maaka, jo fela jaaka Bara-Jesu, bo ntseng bo tsweletse pele bo “sokamisa ditsela tse di siameng tsa ga Jehofa.” (Dit. 13:10) Fela jaaka Paulo, a re boleleng boammaaruri ka bopelokgale le go bua ka tsela e e tla dirang gore batho ba ba dipelo di ikanyegang ba kgatlhegele molaetsa wa rona. Tota le fa re ka tswa re sa lemoge gore Modimo o re ema nokeng, fela jaaka go ne go ntse ka Paulo, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go gogela batho ba ba tshwanelegang mo boammaaruring.—Joh. 6:44.

‘Lefoko le le Kgothatsang’ (Ditiro 13:13-43)

9. Ke jang Paulo le Barenabase ba neng ba tlhomela ba ba etelelang pele mo phuthegong gompieno sekao se se molemo?

9 Go ne ga nna le diphetogo fa banna bano ba tloga mo Pafosa mme ba tsamaya ka sekepe dikilometara di ka nna 250 go ya kwa Perega, e e mo lotshitshing lwa Asia Minor. Mo go Ditiro 13:13, setlhopha seno se bidiwa “Paulo le batho ba a neng a tsamaya le bone.” Mafoko ano a bontsha gore jaanong Paulo e ne e le ene yo o eteletseng setlhopha seno pele mo tirong ya go rera. Le fa go ntse jalo, ga go bonale Barenabase a ne a fufegela Paulo. Go na le moo, banna bano ba babedi ba ne ba tswelela ba dirisana mmogo go dira thato ya Modimo. Paulo le Barenabase ba ne ba tlhomela ba ba etelelang pele mo phuthegong gompieno sekao se se molemo. Go na le gore Bakeresete ba gaisanele maemo, ba gakologelwa mafoko ano a ga Jesu: “Lona lotlhe lo bakaulengwe.” O ne a oketsa ka go re: “Ope fela yo o ikgodisang o tla kokobediwa, mme ope fela yo o ikokobetsang o tla godisiwa.”—Math. 23:8, 12.

10. Tlhalosa loeto lwa go tswa kwa Perega go ya kwa Antioka ya kwa Pisidia.

10 Fa ba goroga kwa Perega, Johane Mareko o ne a kgaogana le Paulo le Barenabase mme a boela kwa Jerusalema. Baebele ga e tlhalose lebaka la go bo a ile a tsamaya jalo ka tshoganyetso. Mme gone, Paulo le Barenabase ba ne ba tswelela ka loeto lwa bone, ba tswa mo Perega ba ya kwa Antioka e e mo Pisidia e leng motse o o mo kgaolong ya Galatia. Loeto lono lo ne lo se motlhofo ka gonne Antioka ya kwa Pisidia e ne e ka nna dimmetara di le 1 100 kwa godimo ga boalo jwa lewatle. Ditsela tse di kotsi tsa mo dithabeng le tsone di ne di itsege ka gore di tletse dikebekwa. Mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, go ka direga gore ka nako eo Paulo o ne a na le mathata a botsogo.h

11, 12. Fa Paulo a ne a bua mo sinagogeng ya kwa Antioka ya Pisidia, o ne a dira jang gore batho ba ba neng ba mo reeditse ba kgatlhegele se a neng a tlile go se bua?

11 Fa Paulo le Barenabase ba le kwa Antioka ya kwa Pisidia, ba ne ba tsena mo sinagogeng ka Sabata. Pego ya re: “Fa go sena go balwa Molao wa ga Moshe le mekwalo ya Baporofeti phatlalatsa, badiredi ba ba okametseng sinagoge ba ne ba romela molaetsa kwa go bone ba re: ‘Banna, bakaulengwe, fa e le gore lo na le lefoko lengwe le le kgothatsang le lo ka le bolelelang batho bano, le bueng.’” (Dit. 13:15) Paulo o ne a ema ka dinao mme a bua.

12 Paulo o ne a simolola ka go bua jaana le batho ba ba neng ba mo reeditse: “Banna, Baiseraele le lona ba bangwe ba lo boifang Modimo.” (Dit. 13:16) Batho ba ba neng ba reeditse Paulo e ne e le Bajuda le basokologi. Paulo o ne a dira jang gore bareetsi bano ba ba neng ba sa itse seabe sa ga Jesu mo boikaelelong jwa Modimo, ba kgatlhegele se a tlileng go se bua? O ne a simolola ka go sobokanya hisitori ya setšhaba sa Bajuda. A tlhalosa kafa Jehofa a neng “a ba thusa fa ba ne ba nna kwa lefatsheng la Egepeto e le batswakwa,” le gore fa ba sena go gololwa, “o ne a ba itshokela kwa nageng” dingwaga di le 40. Gape o ne a ba bolelela kafa Baiseraele ba ileng ba kgona go rua Lefatshe le le Solofeditsweng ka teng le kafa Jehofa a neng a ‘abela borraabonemogolo lefatshe la bone e le boswa.’ (Dit. 13:17-19) Go akantshiwa gore Paulo a ka tswa a ne a bua ka ditemana dingwe tse di mo Dikwalong tse di neng di sa tswa go balelwa kwa godimo jaaka go ne go tle go dirwe ka letsatsi la Sabata. Fa go le jalo, seno ke sekai se sengwe gape se se bontshang gore Paulo o ne a kgona go ‘nna dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe.’—1 Bakor. 9:22.

13. Re ka dira jang gore batho ba ba re reeditseng ba kgatlhegele molaetsa wa rona?

13 Le rona re tshwanetse go leka ka natla go dira gore batho ba re ba rerelang ba kgatlhegele molaetsa wa rona. Ka sekai, fa re itse gore motho yo re buang le ene ke wa bodumedi bofe, seno se ka re thusa gore re tlhophe ditlhogo tse di tla mo kgatlhang. Gape re ka nopola ditemana dingwe tsa Baebele tse motho yono a ka tswang a di itse. Go ka nna molemo gore re kope motho yono gore a ipalele ditemana mo Baebeleng ya gagwe. Batla ditsela tse di tla dirang gore batho ba ba go reeditseng ba kgatlhegele se o buang le bone ka sone.

14. (a) Paulo o ne a simolola puo ya gagwe jang fa a ne a bua ka dikgang tse di molemo ka ga Jesu, mme o ne a tlhagisa bareetsi ba gagwe a reng? (b) Boidiidi bo ne jwa itshwara jang fa bo sena go utlwa puo ya ga Paulo?

14 Go tswa foo, Paulo o ne a bua ka tsela e losika lwa dikgosi tsa Iseraele lo neng lo gogela kwa go “mmoloki, e bong Jesu,” ka gone, yo Johane Mokolobetsi a neng a tlile pele ga gagwe. Mme morago ga moo, a tlhalosa kafa Jesu a ileng a bolawa ka gone le kafa a ileng a tsosiwa ka gone mo baswing. (Dit. 13:20-37) Paulo o ne a re: “Ke lo itsise gore Modimo o tla lo itshwarela maleo ka ntlha ya loso lwa monna yono . . . Mongwe le mongwe yo o dumelang o bolelwa e le yo o se nang molato ka ntlha ya monna yono.” Morago ga moo, moaposetoloi yono o tlhagisa bareetsi ba gagwe a re: “Elang tlhoko gore seno se se kwadilweng mo Bukeng ya Baporofeti se se ka sa lo diragalela: ‘Lona basotli, lebang lo bo lo gakgamale, mme lo nyelele, ka gonne ke dira tiro mo motlheng wa lona, tiro e lo se kitlang lo e dumela ka gope le fa mongwe a ka lo bolelela dintlha tsotlhe tsa yone.’” Tsela e batho ba ba neng ba reeditse puo ya ga Paulo ba neng ba itshwara ka yone e ne e kgatlha tota. Baebele ya re: “Batho ba ne ba ba kopa gore ba bue dikgang tseno gape ka Sabata o o latelang.” Mo godimo ga moo, fa pokano ya sinagoge e sena go phatlalala, “Bajuda ba le bantsi le basokologi ba ba neng ba obamela Modimo ba ne ba sala Paulo le Barenabase morago.”—Dit. 13:38-43.

“Re ya Kwa Ditšhabeng Tse Dingwe” (Ditiro 13:44-52)

15. Go ne ga direga eng ka Sabata fa Paulo a sena go neela puo ya gagwe?

15 Mo Sabateng o o latelang, “batho ba le bantsi mo motseng” ba ne ba phuthega go tla go reetsa Paulo. Seno se ne sa galefisa Bajuda bangwe, ba ba neng “ba simolola go ganetsa dilo tse Paulo a neng a di bua e bile ba tlhapatsa.” Paulo le Barenabase ba ne ba ba bolelela jaana ba le pelokgale: “Go ne go tlhokega gore lefoko la Modimo le bolelelwe lona pele. E re ka lo le gana e bile lo ikatlhola gore ga lo tshwanelwe ke botshelo jo bo sa khutleng, jaanong re ya kwa ditšhabeng tse dingwe. Gonne Jehofa o re laetse a re: ‘Ke go tlhomile gore o nne lesedi la ditšhaba, gore o rere ka poloko go fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe.’”—Dit. 13:44-47; Isa. 49:6.

Batho ba ba galefileng ba ntshetsa Paulo le Barenabase kwa ntle ga motse wa Antioka wa Pisidia.

‘Ba ne ba tlhotlheletsa batho gore ba tlhasele Paulo le Barenabase. Mme barutwa ba ne ba tswelela ba itumetse e bile ba tladiwa ka moya o o boitshepo.’—Ditiro 13:50-52

16. Bajuda ba ne ba itshwara jang fa ba utlwa mafoko a a bogale a barongwa, mme Paulo le Barenabase ba ne ba dira eng fa ba ne ba ganediwa?

16 Baditšhaba ba ba neng ba reeditse Paulo ba ne ba itumela, mme “botlhe ba dipelo tsa bone di neng di ba tlhotlheletsa go amogela boammaaruri jo bo nayang botshelo jo bo sa khutleng, ba ne ba nna badumedi.” (Dit. 13:48) Go ise go ye kae, lefoko la ga Jehofa le ne la anama go ralala naga yotlhe. Mme Bajuda bone ba ne ba itshwara ka tsela e e farologaneng. Tota e bile, barongwa ba ne ba ba bolelela gore le fa lefoko la Modimo le ne le builwe le bone pele, ba ne ba itlhophela go gana Mesia mme ka jalo, Modimo o ne a tlile go ba atlhola botlhoko. Bajuda ba ne ba fudua basadi ba ba tlotlegang le banna ba motse ba ba tseelwang kwa godimo, mme ba ne ‘ba tlhasela Paulo le Barenabase, ba ba bogisa ba bo ba ba leleka mo kgaolong ya bone.’ Paulo le Barenabase ba ne ba dira eng? Ba ne ‘ba tlhotlhora lorole mo dinaong tsa bone.’ A seo e ne e le bokhutlo jwa Bokeresete kwa Antioka ya kwa Pisidia? Le e seng! Barutwa ba ba neng ba setse koo ba ne “ba itumetse e bile ba tladiwa ka moya o o boitshepo.”—Dit. 13:50-52.

17-19. Ke ka ditsela dife re ka etsang sekao se se molemo se re se tlhometsweng ke Paulo le Barenabase, mme go dira jalo go tla re thusa jang gore re ipele?

17 Tsela e Bakeresete bano ba ba ikanyegang ba neng ba itshwara ka yone fa ba ganediwa e re ruta thuto nngwe ya botlhokwa. Le fa batho ba ba nang le maemo ba lefatshe leno ba leka go re thibela go bolela molaetsa wa rona, ga re tlogele go rera. Gape ela tlhoko gore fa batho ba kwa Antioka ba ne ba gana molaetsa wa bone, Paulo le Barenabase ba ne ba ‘tlhotlhora lorole lo lo mo dinaong tsa bone’—mme seo se ne se sa kaye gore ba galefile, go na le moo se ne se kaya gore Paulo le Barenabase ga ba kitla ba rwala maikarabelo a se se neng se tla diragalela batho bano. Barongwa bano ba ne ba lemoga gore ga ba ka ke ba kgona go laola tsela e batho ba bangwe ba neng ba tla itshwara ka yone. Selo se le sengwe fela se ba neng ba ka kgona go se laola e ne e le gore a ba tla tswelela ba ntse ba rera. Mme ke sone se ba neng ba se dira fa ba goroga kwa Ikonio!

18 Go tweng ka barutwa ba ba neng ba setse kwa Antioka? Ke boammaaruri gore tshimo ya bone e ne e le thata. Mme boipelo jwa bone bo ne bo sa ikaega ka gore a batho ba lefelo leo ba amogela dikgang tse di molemo. Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba utlwang lefoko la Modimo e bile ba le ikobela!” (Luke 11:28) Mme ke sone se barutwa ba kwa Antioka ya kwa Pisidia ba neng ba ikemiseditse go se dira.

19 Fela jaaka Paulo le Barenabase, e kete ka metlha re ka gakologelwa gore maikarabelo a rona ke go rera dikgang tse di molemo. Mme batho ba re ba rerelang ke bone ba tla itirelang tshwetso ya gore a ba tla amogela molaetsa wa rona kgotsa ga ba na ba o amogela. Fa go bonala e kete batho ba re ba rerelang ga ba amogele molaetsa wa rona, re ka ithuta sengwe mo go se barutwa ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba se dira. Tota le fa re ganediwa, re ka ipela fa re anaanela boammaaruri e bile re itetla go kaelwa ke moya o o boitshepo.—Bagal. 5:18, 22.

BARENABASE—“MORWA KGOMOTSO”

Phuthego ya pele ya kwa Jerusalema e ne e eteletswe pele ke mokaulengwe mongwe yo o tlotlegang e bong Josefa, yo e neng e le Molefi e bile e le moagi wa kwa Kupero. Baaposetoloi ba ne ba mo naya leina le lengwe gape le le neng le tlhalosa botho jwa gagwe—Barenabase, mo go rayang “Morwa Kgomotso.” (Dit. 4:36) Fa Barenabase a ne a lemoga gore badumedikaene ba tlhoka thuso, o ne a itlhaganelela go ba thusa.

Barenabase o ntsha moneelo ka dikgetsana tse pedi tsa madi.

Ka Pentekosete ya 33 C.E., go ne ga kolobediwa barutwa ba basha ba le 3 000. Go ka direga gore bontsi jwa bone ba ne ba tlile moletlong o o neng o tla tshwarelwa kwa Jerusalema mme ba ne ba sa ikemisetsa go nna lobaka lo loleele lo ba neng ba lo nna koo. Phuthego e ne e tlhoka dilwana tse e neng e tla tlamela batho bano ba bantsi ka tsone. Ka jalo, Barenabase o ne a rekisa sebata sa lefatshe mme ka bopelotshweu a isa madi a sone kwa baaposetoloing e le moneelo.—Dit. 4:32-37.

E re ka Barenabase e ne e le molebedi yo o godileng semoyeng wa Mokeresete, o ne a tlhoafaletse go thusa batho ba bangwe. Ke ene a neng a thusa Saulo wa Tareso yo o neng a sa tswa go sokologa fa barutwa ba bangwe botlhe ba ne ba mmoifa gonne ba itse e le mmogisi. (Dit. 9:26, 27) Fa Paulo a ne a kgalema Barenabase le Petere ka bogale malebana le kgang ya gore Bakeresete ba Bajuda le ba Baditšhaba ba tshwanetse go dirisana sentle, Barenabase o ne a amogela kgakololo eo ka boikokobetso. (Bagal. 2:9, 11-14) Dikai tseno di le mmalwa di bontsha sentle gore ruri Barenabase o ne a tshelela leina la gagwe—“Morwa Kgomotso.”

a Bona lebokose le le reng, “Barenabase—‘Morwa Kgomotso’”.

b Ka nako eno, go ne go setse go na le diphuthego kwa Antioka wa Siria—e e bokgakala jwa dikilometara di ka nna 550 kafa bokone jwa Jerusalema.

c Bona lebokose le le reng, “Mo Tseleng”.

d Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, sekepe se ne se kgona go tsamaya sekgala sa dikilometara di ka nna 150 ka letsatsi fa maemo a bosa a ne a siame. Mme fa maemo a bosa a se mantle, loeto loo lo ne lo ka tsaya lobaka lo loleele.

e Bona lebokose le le reng, “Mo Disinagogeng Tsa Bajuda”.

f Kupero e ne e laolwa ke lekgotla la Roma le le tlhomang melao. Molaodimogolo wa setlhaketlhake seo e ne e le mmusi wa lefelo leo yo o neng a direla e le molaodi wa kgaolo.

g Go simologa fano go ya pele, Saulo o bidiwa Paulo. Bangwe ba akantsha gore o ne a dirisa leina leno la Seroma ka ntlha ya go bo a ne a batla go tlotla Seregio Paulose. Le fa go ntse jalo, lebaka la go bo a ne a tswelela a dirisa leina leno, tota le fa a setse a tlogile kwa Kupero le bontsha se se farologaneng—gore Paulo, yo e neng e le “moaposetoloi yo o rometsweng mo ditšhabeng tse dingwe,” o ne a setse a sweditse go dirisa leina la gagwe la Seroma. A ka tswa a ne a dirisa leina Paulo ka gonne tsela e leina la gagwe la Sehebera e bong Saulo le bidiwang ka yone ka Segerika, e tshwana thata le tsela e lefoko lengwe la Segerika le le nang le bokao jo bo sa siamang le bidiwang ka yone.—Bar. 11:13.

h Lokwalo lo Paulo a lo kwaletseng Bagalatia o lo kwadile dingwaga di le mmalwa moragonyana. O ne a kwala jaana mo go lone: “Ke ne ka nna le tshono ya go lo bolelela dikgang tse di molemo lekgetlo la ntlha fa ke ne ke lwala.”—Bagal. 4:13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela