THUTO 19
Go Kgothaletsa Bareetsi go Dirisa Baebele
RE ELETSA go lebisa batho botlhe kwa Lefokong la Modimo, Baebele. Buka eo e e boitshepo ke yone e tshwereng molaetsa o re o rerang, mme re batla gore batho ba lemoge gore se re se buang ga re se itshimololele, mme se tswa kwa Modimong. Batho ba tshwanetse go tlhagolela boikutlo jwa go ikanya Baebele.
Mo Bodireding Jwa Tshimo. Fa o ipaakanyetsa go ya bodireding jwa tshimo, ka metlha tlhopha temana e le nngwe kgotsa go feta tse o tla di balelang batho ba ba batlang go reetsa. Tota le fa o ikaeletse go tsamaisa dibuka tsa Baebele ka motlotlo o mokhutshwane fela, gantsi go molemo go bala temana e e tshwanelang ya Baebele. Baebele ke yone e ka kgonang go kaela batho ba sekadinku go feta le fa e le eng se rona re ka se buang. Fa go sa kgonege go bala mo Baebeleng, o ka nna wa rata go e nopola fela. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, memeno ya Dikwalo e ne e se mentsi. Le fa go ntse jalo, Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba nopola Dikwalo thata. Le rona re tshwanetse go tsaya matsapa a go tshwara ditemana ka tlhogo le go di dirisa ka tshwanelo mo bodireding jwa rona, ka dinako tse dingwe re di nopola fela.
Fa o kgona go bala mo Baebeleng, e tshware ka tsela e e tla dirang gore mong wa ntlo a kgone go bona fa o balang teng. Fa mong wa ntlo a lebile mo Baebeleng ya gagwe, a ka amogela botokanyana se a se balang.
Le fa go ntse jalo, o tshwanetse wa lemoga gore baranodi bangwe ba Baebele ba itiretse maratwaepelo ka Lefoko la Modimo. Thanolo ya bone e ka nna ya bo e sa dumalane sentlentle le se se neng se le mo dipuong tsa ntlhantlha tsa Baebele. Dithanolo dingwe tsa segompieno di tlositse leina la Modimo, tsa fitlha se puo ya ntlhantlha e se bolelang malebana le seemo sa baswi, tsa ba tsa fitlha se Baebele e se bolelang ka maikaelelo a Modimo ka lefatshe. Gore o bontshe motho se se dirilweng, o ka nna wa tlhoka go bapisa ditemana tsa botlhokwa o dirisa Dibaebele tse di farologaneng kgotsa o dirisa dithanolo tsa bogologolo tsa yone puo e o e dirisang. Mo dikgannyeng di le mmalwa, buka ya Go Fetolana ka Dikwalo e bapisa ditsela tse dithanolo tse di farologaneng di ranolang ka yone dipolelwana tsa konokono mo ditemaneng tse di dirisiwang gantsi. Motho ope fela yo o ratang boammaaruri o tla itumelela go itse dintlha tsotlhe.
Kwa Dipokanong Tsa Phuthego. Botlhe ba tshwanetse ba kgothalediwa go dirisa Dibaebele tsa bone kwa dipokanong tsa phuthego. Seno se thusa ka ditsela di le mmalwa. Go thusa bareetsi gore ba nne ba tlhomile mogopolo mo go se se tlhalosiwang. Go thusa gore bareetsi ba nne le sengwe se ba se bonang se se tsamaisanang le se ba utlwang sebui se se bua. Gape go thusa batho ba ba sa tswang go kgatlhega go bona gore tota dilo tse re di dumelang di tswa mo Baebeleng.
Selekanyo se bareetsi ba gago ba tla tsamaisanang mmogo le wena ka sone go bala ditemana mo Dibaebeleng tsa bone se tla laolwa ke gore o ba kgothatsa go le kana kang gore ba dire jalo. Nngwe ya ditsela tse di dirang sentle ke go ba kopa ka tlhamalalo.
Go tswa mo go wena, sebui, go bona gore ke ditemana dife tse o batlang go di gatelela ka go dira gore bareetsi ba di bule. Go molemo gore o bale ditemana tse di tla go thusang go gatelela dintlha tsa gago tsa konokono. Go tswa foo, fa nako e letla, oketsa ka tse dingwe di sekae tse di tshegetsang ntlha ya gago.
Gone ke boammaaruri gore go umaka temana fela kgotsa go kopa bareetsi fela gore ba bule temana e e rileng gantsi ga go a lekana. Fa o bala temana o bo o setse o ya kwa go e nngwe le pele bareetsi ba gago ba nna le nako ya go bona temana ya ntlha, ba ka tloga ba kgobega marapo ba bo ba tlogela go tsamaisana le wena fa o bala mo Baebeleng. Nna o etse maemo tlhoko. Fa bontsi bo setse bo bone temana, e bale.
Akanyetsa kwa pele. Umaka temana nako e sa le teng pele o e bala. Seno se tla fokotsa nako e o e senyang o emetse gore bareetsi ba bone temana. Le fa gone o tla fokotsa tshedimosetso ya gago fa o tshwanelwa ke go emela bareetsi gore ba bule ditemana, gone go a thusa.