Dirisa Matseno a go Buelela Setlhogo a a Nang le Matswela
1. Re ka ithuta eng mo matsenong a a farologaneng a Bakeresete ba bogologolo ba neng ba a dirisa go buelela ditlhogo?
1 Bakeresete ba bogologolo ba ne ba rerela batho ba ditso le madumedi a a farologaneng dikgang tse di molemo. (Bakol. 1:23) Le fa molaetsa wa bone o ne o tshwana—Bogosi jwa Modimo—ditsela tse ba neng ba buelela setlhogo seno ka tsone di ne di sa tshwane go ya ka bareetsi. Ka sekai, fa Petere a ne a bua le Bajuda ba ba neng ba tlotla Dikwalo thata, o ne a simolola ka go nopola moporofeti Joele. (Dit. 2:14-17) Kafa letlhakoreng le lengwe, ela tlhoko kafa Paulo a bontshanang mabaka ka teng le Bagerika jaaka go kwadilwe mo go Ditiro 17:22-31. Gompieno, batho mo dikarolong tse dingwe tsa tshimo ba tlotla Dikwalo, mme re ka dirisa Baebele ka kgololesego fa re rera ka ntlo le ntlo. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko thata fa re bua le batho ba ba sa kgatlhegeleng Baebele kgotsa bodumedi kgotsa ba tumelo e e seng ya Bokeresete.
2. Re ka dirisa jang kgatiso e e tsamaisiwang ka kgwedi go thusa batho ba ba anaanelang Baebele mmogo le ba ba sa e anaaneleng?
2 Dirisa Kgatiso e e Tsamaisiwang ka Kgwedi ka Tsela e e Nang le Matswela: Thulaganyo ya ngwaga ono wa tirelo ya dikgatiso tse di tsamaisiwang ka kgwedi, e tla fetoga dikgwedi dingwe le dingwe tse pedi mme e tla bua thata ka go tsamaisiwa ga dimakasine, dipampitshana le diboroutšhara. Tota le fa batho ba tshimo ya rona ba sa kgatlhegele Baebele, re tlile go tswelela re kgona go ba naya sengwe se se buang ka dilo tse ba di kgatlhegelang. Re ka nna ra se ka ra bala temana mo loetong lwa ntlha kgotsa ra se ka ra bala Baebele ka tlhamalalo, mme fa batho bao ba bontsha kgatlhego, re ka boela ka boikaelelo jwa go thusa mong wa ntlo go nna le tumelo mo Mmoping le mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa re rera kwa go nang le batho ba ba anaanelang Baebele teng, re ka dirisa kgatiso le tsela e e buelelang kgatiso eno sentle. Tota e bile re ka tsamaisa buka ya Baebele e Ruta Eng kgotsa boroutšhara jwa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri nako nngwe le nngwe, le fa di sa tsamaisiwe mo kgweding eo. Lebaka la konokono ke go dirisa matseno a a nang le matswela.
3. Dipelo tsa batho ba ba leng mo tshimong ya rona di tshwana le mmu ka tsela efe?
3 Baakanya Mmu: Pelo ya motho e tshwana fela le mmu. (Luke 8:15) Mefuta mengwe ya mmu e tlhoka go baakanngwa pele ga peo ya boammaaruri e nama modi le go gola. Bareri ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba jala mo mefuteng yotlhe ya mmu ka katlego mme seno se ne sa ba kgotsofatsa e bile sa dira gore ba ipele. (Dit. 13:48, 52) Re ka atlega ka tsela e e tshwanang ka go ela tlhoko matseno a re a dirisang go buelela ditlhogo tsa rona.