Go Thusa ba ba Iseng ba Siamele go Ithuta Buka ya Baebele e Ruta Eng?
1. A buka ya Baebele e Ruta Eng? e ka amogelwa ke mongwe le mongwe kwa tshimologong? Tlhalosa.
1 E le gore motho a nne moobamedi wa ga Jehofa, o tshwanetse go ithuta se Baebele e se rutang. Le fa go ntse jalo, bangwe ba mo madumeding a e seng a Bokeresete mme ga ba tseye Baebele e le Lefoko la Modimo. Ba bangwe ga ba dumele mo Modimong gotlhelele e bile ga ba tlotle Baebele. Ke dikgatiso dife tse di itshupileng di thusa batho ba kwa tshimologong ba sa batleng go amogela buka ya Baebele e Ruta Eng? Dikakantsho tse di fa tlase fano di theilwe mo dikakgelong tsa baboledi ba ba tswang kwa dinageng di le 20 tse di farologaneng.
2. Fa mongwe a re bolelela gore ga a dumele mo Modimong, ke eng se re tshwanetseng go leka go se itse mme ka ntlha yang?
2 Ba ba Sa Dumeleng mo Modimong: Fa mongwe a re ga a dumele mo Modimong, go botlhokwa go itse gore ke ka ntlha yang. A ke ka gonne o dumela thuto ya gore dilo di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe? A ga a tlhole a dumela mo Modimong ka ntlha ya tshiamololo e e mo lefatsheng kgotsa boitimokanyi jo bo mo madumeding? A o tswa kwa nageng e e thibetseng batho go dumela mo Modimong? Gongwe ga a tatalale gore Modimo ga a yo, mme ga a ise a ko a tsamaye a bone go tlhokega go dumela mo go Ene. Baboledi ba le bantsi ba fitlhetse gore fa ba botsa ba re, “A ga o bolo go nna o ntse o ikutlwa ka tsela eno?” seo se dira gore motho a itlhalose. Mo reetse mme o se ka wa mo tsena ganong. Fa re tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa motho a sa dumele mo Modimong, re tla itse gore re ka mo araba jang le gore re ka mo naya kgatiso efe.—Dia. 18:13.
3. Re ka bontsha jang gore re tlotla motho le se a se dumelang?
3 Fa o araba, nna kelotlhoko gore o se ka wa dira gore motho a ikutlwe e kete o tlhasela tsela e a lebang dilo ka yone. Kakantsho eno e tswa kwa United States: “Go botlhokwa thata go tlotla kgololesego e motho a nang le yone ya go itlhophela se a se dumelang. Go na le go batla go fenya dikganetsano, go molemo go botsa dipotso tse di dirang gore batho ba akanye le go itirela ditshwetso ka bobone.” Fa molebedi mongwe wa potologo a sena go reetsa mong wa ntlo a itlhalosa, gantsi o mmotsa jaana, “A o kile wa akanya gore seno se ka kgonega?”
4. Re ka thusa Babuda jang?
4 Batho ba le bantsi ba e leng Babuda ga ba itse sepe ka Modimo. Baboledi bangwe kwa Boritane ba rata go dirisa boroutšhara jwa Lasting Peace and Happiness—How to Find Them fa ba rerela batho ba ba ntseng jalo. Fa ba sena go tlotla ka matseno a jone, ba tlotla ka karolo e e reng, “Is There Really a Most High Creator?” go tswa foo ba bo ba tlotla ka e e reng “A Guidebook for the Blessing of All Mankind.” Morago ga moo ba ka kgona go bontsha mong wa ntlo buka ya Baebele e Ruta Eng? ba bo ba raya mong wa ntlo ba re, “Tota le fa o sa dumele mo Modimong, go ithuta Baebele go solegela molemo ka gonne e na le kaelo e ntsi e e mosola.” Mmulatsela mongwe kwa United States yo o direlang mo tshimong ya Se-China o ne a re: “Batho ba le bantsi mo tshimong ya rona ba rata go bala. Ka jalo, gantsi ka nako ya fa re boela ba a bo ba badile kgatiso yotlhe. Mme ba ka nna ba se tlhaloganye kgang ya go ithuta Baebele. Ka jalo, ke leka go ba tsamaisetsa boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo mo loetong lwa ntlha ka gonne bo kwadilwe ka tsela e e tlhotlheletsang gore go nne le motlotlo.” Molebedi wa potologo yo o direlang mo potologong ya puo ya Se-China kwa United States a re go a kgonega go buelela buka ya Baebele e Ruta Eng? mo lekgetlong la ntlha. Le fa go ntse jalo, go ka nna botoka go simolola thuto mo kgaolo 2, e e tlotlang ka Baebele, go na le go simolola mo kgaolo 1, e e tlotlang ka Modimo.
5. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go nna pelotelele?
5 Go tsaya nako gore motho a dumele mo Modimong, ka jalo go nna pelotelele go botlhokwa. Metlotlo ya rona ya ntlha e ka nna ya se ka ya tlhotlheletsa motho gore a dumele gore go na le Mmopi. Mme gongwe fa nako e ntse e tsamaya o tla amogela gore a ka tswa a le teng, kgotsa a ka nna a re o tlhaloganya gore ke eng fa motho a ka dumela gore Modimo o gone.
6. Ke ka ntlha yang fa batho bangwe ba ka se kgatlhegele Baebele?
6 Ba ba Sa Kgatlhegeleng Baebele Kgotsa Ba sa E Dumele: Le fa go ntse jalo, gantsi motho yo o dumelang gore Modimo a ka tswa a le gone ga a kgatlhegele se Baebele e se rutang ka gonne ga a dumele gore ke Lefoko la Modimo. Gongwe o nna mo nageng e e seng ya Bokeresete mme o amanya Baebele le madumedi a a ipitsang a Bokeresete. Kgotsa a ka tswa a nna mo nageng e go tweng ke ya Bokeresete mme e se na tlhotlheletso epe ya bodumedi e bile a ka tswa a sa akanye gore Baebele e ka mo solegela molemo. Re ka thusa jang batho ba ba ntseng jalo gore ba kgatlhegele Baebele mme kgabagare ba dumele go ithuta buka ya Baebele e Ruta Eng?
7. Gantsi tsela e e molemo ya go dira gore motho a kgatlhegele Baebele ke efe?
7 Ofisi ya lekala ya kwa Gerika e ne ya kwala jaana: “Tsela e e molemolemo ya go thusa batho ba ba sa kgatlhegeleng Baebele ke go ba bulela yone fela le go ba bontsha gore e re tsholetse eng. Baboledi ba le bantsi ba lemogile gore tsela e molaetsa wa Baebele o amang pelo ya motho ka yone e maatla go feta sepe fela se bone ba ka se buang. (Baheb. 4:12) Go bona leina la Modimo mo Baebeleng go thusitse batho ba le bantsi gore ba kgatlhegele go itse se se mo Baebeleng.” Ofisi ya lekala ya kwa India e ne ya kwala jaana: “Bahindu ba le bantsi ba ngokiwa ke go batla go itse boammaaruri ka botshelo le loso mmogo le tsholofetso ya Baebele ya gore go tla nna le lefatshe le mo go lone batho ba tla bong ba sa tlhaolwe ka maemo.” Gantsi fa baboledi ba umaka mathata a a tshwenyang batho ba lefelo la bone seo se dira gore ba kgone go ba bontsha gore Baebele ya re Bogosi jwa Modimo bo tla dirang go baakanya dilo.
8. Re ka reng mo bathong ba ba sa kgatlhegeleng Baebele ka ntlha ya madumedi a a ipitsang a Bokeresete?
8 Fa motho a sa amogele Baebele ka ntlha ya madumedi a a ipitsang a Bokeresete, mmontshe gore madumedi ano ga a tlhalose Baebele le dithuto tsa yone sentle. Ofisi ya lekala ya kwa India e ne ya kwala jaana: “Ka dinako tse dingwe re tlhoka go thusa batho go lemoga gore dikereke ga se tsone di laolang Baebele.” E bega gore gantsi Bahindu ba kgatlhiwa ke karolo 4 ya boroutšhara jwa What Is the Purpose of Life? How Can You Find It?, jo bo tlhalosang ka fa dikereke di lekileng ka teng go tswapola Lefoko la Modimo le go le senya. Mmulatsela mongwe kwa Brazil o bolelela batho jaana: “Ke eng fa o sa batle kitso e e oketsegileng ka se se mo Baebeleng? Batho ba le bantsi ba dira jalo ba batla go utlwa dilo tse disha mme ba se mo bodumeding bope. O ka nna wa gakgamadiwa ke se o tla se ithutang.”
9. Ke eng fa re sa tshwanela go itlhoboga fa kwa tshimologong motho a sa kgatlhegele se Baebele e se rutang?
9 Jehofa o leba pelo ya mongwe le mongwe. (1 Sam. 16:7; Dia. 21:2) O gogela batho ba ba dipelo di siameng mo kobamelong ya boammaaruri. (Joh. 6:44) Bontsi jwa batho ba ba ntseng jalo ga ba ise ba ke ba rutiwe ka Modimo kgotsa ga ba itse go le kalo ka Baebele. Bodiredi jwa rona bo ba naya tshono ya gore “ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:4) Ka jalo, fa kwa tshimologong bangwe ba sa kgatlhegele se Baebele e se rutang, o se ka wa itlhoboga! Dirisa sengwe sa didirisiwa tse di leng teng go tsosa kgatlhego ya bone. Kgabagare, o ka nna wa kgona go tsweledisa motlotlo ka sedirisiwa sa rona sa konokono sa go tshwara dithuto tsa Baebele, buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 4]
Fa mong wa ntlo a re ga a dumele mo Modimong, leka seno:
• Gore o itse gore ke ka ntlha yang, mmotse jaana: “A ga o bolo go nna o ikutlwa ka tsela eno?”
• Fa e le Mobuda, dirisa boroutšhara jwa Lasting Peace and Happiness—How to Find Them, tsebe 9-12.
• Fa a dumela gore dilo di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe, ditshupiso tseno di ka thusa:
Motseletsele o o mo makasineng wa Tsogang! wa “A e Tlhamilwe?”
Bidio ya The Wonders of Creation Reveal God’s Glory
Diboroutšhara tsa A Satisfying Life—How to Attain It, karolo 4; Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi?; le The Origin of Life—Five Questions Worth Asking
• Fa e le gore ga a tlhole a dumela mo Modimong ka ntlha ya tshiamololo le pogo, ditshupiso tseno di ka thusa:
Buka ya Is There a Creator Who Cares About You?, kgaolo 10
Diboroutšhara tsa A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?, karolo 6 le Lebaka La go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?, karolo 6
• Ka bonako fela fa mong wa ntlo a sena go amogela gore Modimo o gone, yang kwa bukeng ya Baebele e Ruta Eng? Go ka nna molemo go simolola ka kgaolo 2 kgotsa setlhogo sepe fela se se mo tshwanelang.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 5]
Leka seno fa e le gore mong wa ntlo ga a dumele mo Baebeleng:
• Sekasekang kgaolo 17 le 18 ya buka ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation?
• Fa o tlotla le Bahindu, dirisa boroutšhara jwa Why Should We Worship God in Love and Truth?
• Fa o tlotla le Bajuda, dirisa boroutšhara jwa Will There Ever Be a World Without War?, tsebe 3-11.
• Tlotla ka melemo ya go tshela ka melaometheo ya Baebele. Dikgatiso tse o ka di dirisang go bontsha motho mosola wa Baebele ke tseno:
Motseletsele wa ditlhogo tsa Tsogang! tsa “Go Thusa Lelapa”
Bidio ya The Bible—Its Power in Your Life
Diboroutšhara tsa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!, thuto 9 le 11; Buka ya Batho Botlhe, tsebe 22-26; le A Satisfying Life—How to Attain It, karolo 2
Fa o tlotla le Babuda, dirisa boroutšhara jwa The Pathway to Peace and Happiness, tsebe 3-7.
Fa o tlotla le Bamoseleme, dirisa boroutšhara jwa Real Faith—Your Key to a Happy Life, karolo 3.
Fa o rera mo lefelong le mo go lone batho ba tlhoileng Baebele, go ka nna molemo gore o se ka wa tlhalosa gore mafoko a a botlhale a o a buang a tswa kae, go fitlha o setse o dirile maeto a go boela a le mmalwa.
• Tlhalosa kafa dipolelelopele tsa Baebele di diragetseng ka gone. Dikgatiso tse o ka di dirisang ke tseno:
Bidio ya The Bible—Accurate History, Reliable Prophecy
Boroutšhara jwa Buka ya Batho Botlhe, tsebe 27-29
• Fela fa motho a botsa gore Baebele ya reng ka dikgang tse di farologaneng, mo ise kwa bukeng ya Baebele e Ruta Eng?
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 6]
Fa mong wa ntlo a re: “Ga ke dumele mo Modimong,” o ka nna wa re:
• “A nka go tlhalosetsa ka bokhutshwane gore ke eng se se ntlhatswitseng pelo gore ke dumele mo Mmoping?” Go tswa foo tlotla le ene ka dintlha tse di mo bukeng ya Go Fetolana, tsebe 334-336, kgotsa o rulaganye go mo tlisetsa kgatiso e o ileng wa itumelela go e bala.
• “Mme fa Modimo a ne a le teng, o ne o ka rata gore e nne motho yo o ntseng jang?” Beng ba matlo ba le bantsi ba re ba ne ba ka rata Modimo yo o lorato, yo o tshiamiso, yo o kutlwelobotlhoko le yo o sa tlhaoleng batho. Mmontshe mo Baebeleng gore Modimo o na le dinonofo tse di ntseng jalo. (Go ka nna ga ba ga kgonega gore o dirise kgaolo 1 ya Baebele e Ruta Eng?, go simolola ka serapa 6.)
Fa mong wa ntlo a re: “Ga ke dumele mo Baebeleng,” o ka nna wa re:
• “Go na le batho ba le bantsi ba ba ikutlwang ka tsela eo. Bangwe ba akanya gore Baebele ga e dumalane le saense le gore go thata go tshela ka melao ya yone. Mpolelele, a o kile wa bala Baebele? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo mmontshe matseno a a mo tsebe 3 a boroutšhara jwa Buka ya Batho Botlhe, o bo o bo mo tsamaisetsa fa e le gore bo gone mo setokong sa phuthego kgotsa o bo printe go tswa mo Watchtower Library.] Batho ba le bantsi ba tlhobogile Baebele ka gonne bodumedi bo sokamisitse dithuto tsa yone. Mo nakong e e tlang, nka rata go tlotla ka sekai se se mo tsebe 4 le 5.”
• “Batho ba le bantsi ba ikutlwa fela jaaka wena. A nka go bontsha sengwe se se nkgatlhang ka Baebele? [Bala Jobe 26:7 kgotsa Isaia 40:22, tse di bontshang gore Baebele e nepile mo dilong tsa saense.] Gape Baebele e na le mafoko a a botlhale a a ka thusang malapa. Mo nakong e e tlang, nka rata go go naya sekai.”
• “Ke leboga go bo o mpoleletse. Fa Modimo a ne a ka kwalela batho buka, o akanya gore e ne e tla bua ka eng?” Go tswa foo mmontshe sengwe mo Baebeleng se se dumalanang le se a se buileng.