Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Thaya Motheo wa Loeto Lwa go Boela
Lebaka La go Bo go Le Botlhokwa: Fa re kopana le motho yo o kgatlhegang, re batla go boela kwa go ene ka nako e a leng gone mo lapeng gore re nosetse peo ya boammaaruri e re e jetseng. (1 Bakor. 3:6) Gantsi seno se tlhoka gore pele re tsamaya, re theye motheo wa loeto lwa go boela ka go botsa gore re ka boa leng. Mo godimo ga moo, go molemo gore pele re tsamaya re botse potso e re tla tlotlang ka yone mo loetong lo lo latelang. Seno se tla dira gore mong wa ntlo a kgatlhegele gore re boe, e bile fa potso e re e botsang e arabiwa ke kgatiso e re mo tlogeletseng yone a ka nna a e bala. Gape go thaya motheo wa loeto lwa go boela go dira gore go nne motlhofo go boela kwa bathong ka gonne re itse se re tla tlotlang ka sone, mong wa ntlo le ene a itse gore re tla tlotla ka eng. Fa re kopana le ene gape re ka mo tlhalosetsa gore re tlile go araba potso e re e boditseng mo nakong e e fetileng, re bo re tswelela ka motlotlo.
Leka Seno mo Kgweding Eno:
Fa o baakanyetsa puisano ya ntlo le ntlo, baakanyetsa le potso e o ka e botsang e o tla e arabang mo loetong lo lo latelang. Tlotla ka yone le baboledi ba o tsamayang le bone.