LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 11/07 ts. 4
  • Buka e e Tlhomologileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Buka e e Tlhomologileng
  • Tsogang!—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Gutenberg—Kafa A Humisitseng Lefatshe ka Teng!
    Tsogang!—1998
  • Buka E e Ka Tlhaloganngwang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Buka e e Tlhomologileng Le e E Falotseng
    Tsogang!—2011
  • Buka ya Batho Botlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2007
g 11/07 ts. 4

Buka e e Tlhomologileng

“Baebele ke buka e e anamisitsweng thata mo hisitoring.”—The World Book Encyclopedia.

DINGWAGA tse di fetang 550 tse di fetileng, motlhami mongwe wa Mojeremane e bong Johannes Gutenberg o ne a simolola go dirisa motšhine o o gatisang. Buka ya ntlha e kgolo e a neng a e gatisa e ne e le Baebele.a Fa e sa le ka nako eo, go ile ga gatisiwa dibilione tsa dibuka tse di buang ka sengwe le sengwe se o ka akanyang ka sone. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhomologile thata go di gaisa tsotlhe.

  • Go fopholediwa gore go gatisitswe Dibaebele tse di fetang dibilione di le 4,7 (e feletse kgotsa bontlhanngwe jwa yone). Palo eo ke selekanyo sa dikhopi tsa kgatiso e nngwe e e anamisitsweng thata mo lefatsheng ya Quotations From Chairman Mao e menagane ka makgetlho a le matlhano.

  • Bosheng jaana, mo ngwageng o le mongwe fela, go ile ga anamisiwa dikhopi tse di fetang dimilione di le 50 tsa Baebele yotlhe e feletse kgotsa bontlhanngwe jwa yone. Makasine wa The New Yorker o ne wa bega jaana: “Mo ngwageng, Baebele e nna buka e e rekwang go gaisa tse dingwe tsotlhe, seo se direga ngwaga le ngwaga.”

  • Baebele e ile ya ranolwa yotlhe kgotsa bontlhanngwe jwa yone mo dipuong tse di fetang 2 400. Bobotlana karolo e e rileng ya Baebele e teng ka dipuo tse di buiwang ke diperesente tse di fetang 90.

  • Mo e ka nnang sephatlho sa bakwadi ba Baebele ba ile ba wetsa go e kwala pele ga go tsholwa ga ga Confucius, motlhalefi mongwe yo o itsegeng thata wa Mo-China, le Siddhārtha Gautama, yo e leng mosimolodi wa bodumedi jwa Bobuda.

  • Baebele e ile ya nna le tlhotlheletso e kgolo mo ditirong tsa botswerere tse di akaretsang ditshwantsho tse di takilweng tse di tumileng mo lefatsheng, mmino le dikgatiso.

  • Baebele e ile ya nna e ntse e le teng le fa e ile ya thibelwa ke mebuso, ya fisiwa ke baganetsi ba bodumedi le go tlhaselwa ke batshwayadiphoso. Ga go na buka epe e nngwe mo hisitoring e e ileng ya ganediwa thata jaana—mme ya nna e ntse e le teng.

Dintlha tse di umakilweng fa godimo di tlhomologile tota. Gone ke boammaaruri gore ditlhaloso tse di kgatlhang le dipalopalo tseno ka botsone fela ga di supe gore Baebele e a ikanyega. Mo ditlhogong tse di latelang, re tla sekaseka mabaka a le matlhano a go bo batho ba le dimilione ba ile ba tlhatswega pelo gore tota Baebele e ka ikanngwa.

a Baebele e e gatisitsweng ke Gutenberg e ne e le thanolo ya Selatine mme e ile ya wediwa mo e ka nnang ka 1455.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela